Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Levitiko 1 - BAEBELE e e Boitshepo


Ditshupelo tse di fisiwang

1 Jehofa a bitsa Moše, a bua nae a le mo mogopeng wa bophuthegelo, a re:

2 “Bua le bana ba Iseraele, o ba reye o re: Motlhang mongwe wa lona o isetsang Jehofa seromololo, lo ise seromololo sa lona e le sa dikgomo, e bong sa matlhape le sa matsomane.

3 “E re fa seremololo sa gagwe e le tshupelo e e fisiwang ya matlhape, a a ise e tona e e se nang bogole; a e ise fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo gore a amogelwe fa pele ga Jehofa.

4 A a beye letsogo la gagwe mo tlhogong ya tshupelo e e fisiwang, mme e tlaa amogelwa mo boemong jwa gagwe go tla e mo direla tetlanyo.

5 A a tlhabe kgomo fa pele ga Jehofa; bomorwa Arone, e bong baperesiti, ba ise madi, ba kgatshe madi mo tikologong ya sebeso se se fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo.

6 Tshupelo e e fisiwang, a a e bue letlalo, a e kgaoganye dirwe.

7 Bomorwa Arone moperesiti a ba gotse molelo mo sebesong, ba rulaganye dikgong mo molelong.

8 Bomorwa Arone, e bong baperesiti, a ba rulaganye dirwe, le tlhogo, le mahura, mo dikgonnyeng tse di mo molelong o o mo sebesong.

9 Diteng tsa yone le memo ya yone a di tlhatswiwe ka metsi, mme a moperesiti a fisetse gotlhe mo sebesong, e le tshupelo e e fisiwang, tshupelo e e dirwang ka molelo, e le monko o o monate mo go Jehofa.

10 “Fa seromololo sa gagwe e le sa letsomane, sa dinku, kgotsa sa dipodi, e le tshupelo e e fisiwang; a a ise e tonanyana e e se nang bogole.

11 A e tlhabele ka fa lotlhakoreng lwa sebeso, ntlheng ya botsheka fa pele ga Jehofa, mme bomorwa Arone, e bong baperesiti, a ba kgatshe madi a yone mo sebesong mo tikologong ya sone.

12 A a kgaoganye dirwe tsa yone di na le tlhogo ya yone, le mahura a yone, mme moperesiti a di rulaganye mo dikgonyeng tse di mo molelong o o mo sebesong.

13 Diteng le memo a a di tlhatswe ka metsi, mme moperesiti a a ise gotlhe a go fisetse mo sebesong; ke tshupelo e e fisiwang, tshupelo e e dirwang ka molelo, e e monko o monate mo go Jehofa.

14 “Fa seromololo sa gagwe se o se isetsang Jehofa e le tshupelo e e fisiwang ya dinonyane, foo a a ise tshupelo ya gagwe e le maphoi kgotsa maebana.

15 Moperesiti a e ise kwa sebesong, a e soke tlhogo e kgaoge, a e fisetse mo sebesong; madi a yone a a gamogele ka fa lotlhakoreng lwa sebeso.

16 A a tlose ntshu ya yone le diphafa tsa yone a di latlhele ka fa sebesong ntlheng ya botlhabatsatsi, fa felong ga molora;

17 a e phanye ka diphuka, mme a se ka a e fatola; moperesiti a e fisetse mo sebesong, mo dikgonnyeng tse di mo molelong; ke tshupelo e e fisiwang, tshupelo e e dirwang ka molelo, e e monko o o monate mo go Jehofa.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan