Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Johane 12 - BAEBELE e e Boitshepo


Jesu o tlodiwa kwa Bethania
( Math 26:6-13 ; Mar 14:3-9 )

1 Ke gone e rileng malatsi a le marataro pele ga Tlolaganyo, Jesu a tla mo Bethania, kwa Lasaro o leng teng, yo Jesu o mo tsositseng mo baswing.

2 Jalo ba mo direla modiro wa maitseboa teng; Maretha a bo a emetse go ba tsholela dijo; Lasaro e le mongwe wa ba ba dutseng ba ja nae.

3 Foo Maria a tsaya setlolo sa nareto, e le se se tlhokegang thata, se le selekanyo sa bogare jwa litara, a tlotsa dinao tsa ga Jesu ka sone, a ba a mo phimola dinao ka moriri wa gagwe; mme ntlo ya tlala monko wa setlolo.

4 Jutase Isekariota mongwe wa barutwa ba gagwe, yo e leng ene yo o tlaa mo okang, a re:

5 “Ana setlolo se se ne se sa rekisediweng sa bona diponto di le 30, mme ga abelwa bahumanegi?”

6 Mo o go buile e seng ka gobo a gopotse bahumanegi; mme e re ka gobo a le legodu; mme e re ka a tshotse kgetsana ya madi, a itseele mo go tsenngwang mo go yone.

7 Foo Jesu a re: “Lo mme a se bolokele letsatsi la phitlho ya me.

8 Gonne bahumanegi lo na nabo ka metlha yotlhe, mme nna ga ke nne le lona ka metlha yotlhe.”


Ba rera go bolaya Jesu

9 Foo ba e leng batho fela ba Bajuta ba tlhaloganya fa a le teng; mme ba tla e seng ka ntlha ya ga Jesu a le esi, mme e le gore ba bone le ene Lasaro, yo o mo tsositseng mo baswing.

10 Ba e leng ditlhogo tsa baperesiti ba gakololana gore ba bolaye le ene Lasaro;

11 ka gobo e le ka ntlha ya gagwe fa Bajuta ba le bantsi ba tsamaile, mme ba dumela mo go Jesu.


Jesu o tsena mo Jerusalema a palame esela
( Math 21:1-11 ; Mar 11:1-11 ; Luke 19:28-40 )

12 Ya re ka moso bontsi jo bogolo jwa batho ba ba tsileng mo modirong, ka ba utlwa fa Jesu a tla Jerusalema,

13 ba tsaya dikala tsa makolane, ba tswa ba ya go mo kgatlhantsha, mme ba thela lošalaba ba re: “Hosana, go bakwe yo o tlang mo ineng la Morena, e bong Kgosi ya Iseraele.”

14 Jesu e rile a bonye eselana, a e pagama, jaaka go kwadilwe ga twe:

15 “O se ka wa boifa, wena morwadia Sione; bona, Kgosi ya gago e etla, e pagame eselana ya esele.”

16 E rile pele barutwa ba gagwe ba se ka ba tlhaloganya dilo tse; mme ya re Jesu a sena go galalediwa, ba gakologelwa fa dilo tse di ne di kwadilwe ka ga gagwe, le gone fa ba kile ba mo direla dilo tse.

17 Batho ba bantsi ba e rileng a bitsa Lasaro go tswa mo phupung, a mo tsosa mo losong ba bo ba le teng, mme ba go supa.

18 Le bontsi jo bo ileng go mo kgatlhantsha, ba ya ka ntlha ya gone mo, ka ba utlwile fa a dirile sesupo se.

19 Foo Bafarisai ba raana ba re: “Bonang, jaaka lo sa fenye gope; aitsane lefatshe le ile go mo sala morago.”


Bagerika bangwe ba senka Jesu

20 Jaana ga bo go le Bagerika bangwe mo go bone ba ba ileng go obama mo modirong;

21 bao ba ya kwa go Filipo, yo o leng wa Bethesaita wa Galilea, ba mo lopa ba re: “Morena, re rata ra bona Jesu.”

22 Filipo a ya a bolelela Anterea, mme Anterea a tla a nna le Filipo, mme ba bolelela Jesu.

23 Jesu a ba fetola a re: “Lobaka lo tsile, lo Morwa Motho o tlaa galalediwang ka lone.

24 Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, fa tlhaka ya mabele e sa wele mo mmung, ya swa, e tle e nne yosi fela; mme fa e swa, e ungwe loungo lo logolo.

25 Yo o ratang botshelo jwa gagwe, bo a mo latlhegela; mme yo o ilang botshelo jwa gagwe mo lefatsheng leno, o tlaa bo bolokela botshelong jo bo sa khutleng.

26 Fa motho le fa e le mang a ntirela, a a ntshale morago; mme kwa ke teng motlhanka wa me le ene o tlaa nna teng; fa mongwe le fa e le mang a ntirela, Rara o tlaa mo tlotla.


Jesu o bolela ka ga loso lwa gagwe

27 “Jaanong mowa wa me o huduegile; mme ke tlaa reng? A ke tlaa re: ‘Rara, nkgolola mo lobakeng lo’? Mme ke tsile go fitlha mo lobakeng lo ka ntlha ya gone mo.

28 ‘Rara, galaletsa leina la gago.’ ” Mme ga tla lentswe le tswa legodimong la re: “Ke le galaleditse, mme ke tlaa ba ke le galaletsa gape.”

29 Foo batho ba bantsi ba ba emeng teng, ba le utlwa, mme ba re: “Go ne go duma maru.” Ba bangwe ba re: “Moengele o buile nae.”

30 Jesu a ba fetola a re: “Lentswe le ga le a tla ka ntlha ya me, mme ke ka ntlha ya lona.

31 Jaanong go tshekiso ya lefatshe leno; jaanong kgosana ya lefatshe leno e tlaa kgoromelediwa kwa ntle.

32 Mme nna, fa ke tlhatlosiwa mo lefatsheng, ke tlaa gogela batho botlhe kwa go nna.”

33 Mo a go bua go kaya mokgwa wa loso lo o tlaa lo swang.

34 Foo batho ba bantsi ba mo fetola ba re: “Re utlwile mo molaong fa Keresete a nnela ruri ka bosakhutleng; o bua jang, wa re, Morwa Motho o na le go tlhatlosiwa? Morwa Motho yo ke mang?”

35 Jesu a ba raya a re: “Lesedi le sa ntse le le mo go lona ka lobakanyana. Sepelang lo sa ntse lo na le lesedi, gore lefifi le se lo tshware; e bile yo o sepelang mo lefifing ga a itse kwa o yang teng.

36 E re lo sa ntse lo na le lesedi, dumelang mo leseding, gore lo tle lo nne bana ba lesedi.” Dilo tse Jesu a di bua, mme a tsamaya, a ba iphitlhela.


Go sa dumeleng ga Bajuta

37 Mme le fa a ne a dirile ditshupo tse dintsi tse fa pele ga bone, ga ba a ka ba dumela mo go ene;

38 gore lefoko la ga Isaia moperofeti le dirale, le o le buileng a re: “Morena, mang yo o dumetseng polelo ya rona? Le letsogo la Morena le senoletswe mang?”

39 Ba ne ba retelelwa ke go dumela ka ntlha ya gone mo, gonne Isaia o bile a re:

40 “O ba foufaditse matlho, a thatafatsa pelo tsa bone; e se re kgotsa ba bona ka matlho, ba lemoga ka pelo, ba boa, mme ka ba fodisa.”

41 Isaia a bua dilo tse, ka gobo a bona kgalalelo ya gagwe, mme a bua ka ga gagwe.

42 Le fa go ntse jalo, le mo balaoding, ba le bantsi ba dumela mo go ene; mme ba se ka ba mo ipolela ka ntlha ya Bafarisai, e se re kgotsa ba kgaolwa mo ntlong ya thuto.

43 Gonne ba ne ba rata kgalaletso ya batho bogolo go kgalaletso ya Modimo.


Katlholo ka mafoko a ga Jesu

44 Jesu a buela godimo a re: “Yo o dumelang mo go nna, ga a dumele mo go nna, fa e se mo go yo o nthomileng.

45 Mme yo o mponang, o bona yo o nthomileng.

46 Ke tsile mo lefatsheng ke le lesedi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go nna a se ka a nna mo lefifing.

47 Fa mongwe le fa e le mang a utlwa mafoko a me, mme a sa a tshegetse, ga ke mo sekise, gonne ga ke a tla go sekisa lefatshe, fa e se go boloka lefatshe.

48 Yo o nkganang, mme a sa amogele mafoko a me, o na le mongwe yo o mo sekisang; lefoko le ke le buileng, ke lone le le tlaa mo sekisang mo letsatsing la bofelo.

49 Gonne ga ke a ipuisa fela; mme Rara yo o nthomileng ke ene yo o nneileng taolo ya se ke tlaa se bolelang, le ya se ke tlaa se buang.

50 Ke a itse fa taolo ya gagwe e le botshelo jo bo sa khutleng; ke gone dilo tse ke di buang, ke di bua fela jaaka Rara a di mpoleletse.”

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan