Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Johane 1 - BAEBELE e e Boitshepo


Lefoko la nna nama

1 E rile mo tshimologong Lefoko a bo a ntse a le yo, mme Lefoko a bo a ntse a na le Modimo, mme Lefoko ya bo e le ene Modimo.

2 Ene yoo o ne a le yo mo tshimologong a ntse le Modimo.

3 Dilo tsotlhe di dirilwe ke ene; mme kwa ntle ga gagwe ga se ka ga dirwa sepe sa tse di dirilweng.

4 Mo go ene go ne go le botshelo; mme botshelo jo, e ne e le jone lesedi la batho.

5 Lesedi le phatsima mo lefifing; mme lefifi le se ka la amogalana nalo.

6 Ga tla monna a romilwe ke Modimo, leina la gagwe go twe, Johane.

7 Ene yoo, a tla go supa, gore a supe ka ga lesedi, gore botlhe ba dumele ka ene.

8 E ne e se ene lesedi, mme a tla go supa ka ga lesedi.

9 Ga bo go le lesedi la ammaaruri, e bong lesedi le le bonesang motho mongwe le mongwe, mme la bo le tla mo lefatsheng.

10 O ne a le mo lefatsheng, lefatshe le ne le dirilwe ke ene, mme lefatshe la se ka la mo itse.

11 O ne a tla mo ga gabo, mme ba e neng e le ba ga gabo ba se ka ba mo tshola.

12 Mme botlhe ba ba mo tshotseng, a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo, e bong bone ba ba dumetseng mo ineng la gagwe,

13 e le ba ba se kang ba tsalwa ke madi, le fa e le ke go rata ga nama, le fa e le ke go rata ga motho, fa e se ke Modimo.

14 Mme Lefoko a tla a nna nama, mme a aga mo go rona, mme ra bona kgalalelo ya gagwe, e kete kgalalelo ya yo o tsetsweng a le esi a tswa kwa go Rara, a tletse tshegofatso le boammaaruri.

15 Johane o supa ka ga gagwe, o kua a re: “Ke ene yo ke buileng ka ga gagwe ka re: ‘Yo o tlang morago ga me, o bile o ntse pele ga me; gonne o ne a leyo pele ga me.’ ”

16 Gonne rotlhe re amogetse se se tswang botlalong jwa gagwe, le tshegofatso mo godimo ga tshegofatso.

17 Gonne molao o beilwe ka Moše; mme tshegofatso le boammaaruri di tsile ka Jesu Keresete.

18 Ga go motho ope yo o kileng a bona Modimo ka motlha ope; Morwa wa one yo o tsetsweng a le esi, yo o mo sehubeng sa ga Rara, ke ene yo o o boletseng.


Tshupo ya ga Johane Mokolobetsi
( Math 3:1-12 ; Mar 1:7-8 ; Luke 3:1-18 )

19 E ke yone tshupo ya ga Johane jale ka Bajuta ba roma baperesiti le Balefi kwa go ene, ba tswa Jerusalema, ba ya go mmotsa go re: “O mang?”

20 Mme a ipolela, mme a se ka a itoba; a ipolela fela a re: “Ga ke Keresete.”

21 Ba mmotsa ba re: “Mme o eng ne? A o Elija?” A re: “Nnyaa.” “A o ene moperofeti yo?” A fetola a re: “Nnyaa.”

22 Ke gone ba mo raya ba re: “O mang? Gore re tle re fetole ba ba re romileng. O a reng ka ga gago?”

23 A re: “Nna ke lentswe la mongwe yo o kuang mo nageng a re: ‘Siamisang tsela ya Morena,’ jaaka moperofeti Isaia a kile a bua.”

24 Ba ba romilweng ba bo ba tswa mo Bafarisaing.

25 Ba mmotsa, ba mo raya ba re: “Mme o kolobeletsang, fa o se Keresete, le fa e le Elija, le fa e le ene moperofeti?”

26 Johane a ba fetola a re: “Ke kolobetsa ka metsi, mme mo gare ga lona go eme mongwe yo lo sa mo itseng.

27 E bong ene yo o tlang morago ga me, yo kgole ya setlhako sa gagwe ke sa tshwanelang go e hunolola.”

28 Dilo tse di dirilwe kwa Bethania o o kwa moseja ga Joretane, kwa Johane o neng a kolobetsa teng.


Jesu Kwana ya Modimo

29 Ya re ka moso a bona Jesu a tla kwa go ene, mme a re: “Bonang, Kwana wa Modimo, yo o tlosang boleo jwa lefatshe!

30 Ke ene yo ke buileng ka ga gagwe ka re: ‘Morago ga me go tla monna yo o bileng a ntse pele ga me; gonne o ne a le yo pele ga me.’

31 Mme ka bo ke sa mo itse; ke tsile ke kolobetsa ka metsi gore a tle a senolelwe Iseraele.”

32 Johane a supa a re: “Ke bonye Mowa o fologa jaaka lephoi, o tswa legodimong; wa nna mo go ene.

33 Mme ka bo ke sa mo itse; ke ene yo o nthomileng gore ke tle go kolobetsa ka metsi, ke ene yo o ntheileng a re: ‘Yo o bonang Mowa o fologela mo go ene, o nna go ene, ke ene yo o kolobetsang ka Mowa o o Boitshepo.’

34 Ke bonye, ka ba ka supa fa yo e le Morwa Modimo.”


Barutwa ba ntlha ba ga Jesu

35 Gape ya re ka moso o mongwe, Johane a bo a eme a na le barutwa ba gagwe ba le babedi;

36 mme a leba Jesu jaaka a tsamaya, mme a re: “Bonang, Kwana wa Modimo!”

37 Barutwa ba babedi ba mo utlwa a bua, mme ba sala Jesu morago;

38 Jesu a retologa, a ba bona ba mo setse morago, a ba raya a re: “Lo batlang?” Ba mo raya ba re: “Rabi,” – ke go re, Moruti, fa go phuthololwa, “o nna kae?”

39 A ba raya a re: “A re tsamayeng, mme lo tlaa bona.” Ba ya ba bona kwa o nnang teng; mme ba tlholatlhola nae ka tsatsi leo; ya bo e le nako ya lesome.

40 Mongwe wa ba babedi ba ba utlwileng Johane a bua, mme a sala Jesu morago, e ne e le Anterea mogoloa Simone Petere.

41 Ya re pele a ya a bona Simone monnawe, a mo raya a re: “Re bonye Mesia,” – ke go re Keresete, fa go phuthololwa.

42 A mo isa kwa go Jesu. Jesu a mo leba a re: “O Simone morwa Jona, o tlaa bidiwa Kefase,” – ke go re, Petere, (le fa e le Lefika), fa go phuthololwa.


Jesu o bitsa Filipo le Nathanaele

43 Ya re ka moso a gopola go tswela kwa Galilea, mme a ya a bona Filipo; mme Jesu a mo raya a re: “Ntshala morago.”

44 Jaana Filipo ya bo e le motho wa Bethesaita, motse wa ga gabo Anterea le Petere.

45 Filipo a ya a bona Nathanaele, a mo raya a re: “Re bonye ene yo Moše o kwadileng ka ga gagwe mo molaong, le bone baperofeti, e bong Jesu wa Nasaretha, morwa Josefe.”

46 Nathanaele a mo raya a re: “A sengwe se se molemo se ka tswa Nasaretha?” Filipo a mo raya a re: “A re tsamaye, o ye go bona.”

47 Jesu a bona Nathanaele a tla kwa go ene, mme a bua ka ga gagwe a re: “Bonang Moiseraele wa ammarruri, yo go se nang boferefere bope mo go ene!”

48 Nathanaele a mo raya a re: “O nkitsile jang?” Jesu a mo fetola a re: “E rile o le fa tlase ga mofeige, Filipo a ise a go bitse, nna ka go bona.”

49 Nathanaele a mo fetola, a re: “Rabi, o Morwa Modimo; o kgosi ya Iseraele.”

50 Jesu a mo fetola a re: “A o dumela ka gobo ke go reile ka re: ‘Ke go bonye o le fa tlase ga mofeige’? O tlaa bona dilo tse dikgolo bogolo go tse.”

51 A mo raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke a lo raya, lo tlaa bona legodimo le atlhamologile, le baengele ba Modimo ba tlhatloga, ba ba ba fologela mo go Morwa Motho.”

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan