Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Jakobe 4 - BAEBELE e e Boitshepo


Botsalano le lefatshe

1 Ana dintwa di tswa kae, le ditlhabano di tswa kae mo go lona? A ga di tswe mo, e bong mo dikgatlhegong tse di lwang mo ditokololong tsa lona?

2 Lo tle lo eletse, mme ga lo bone sepe; lo bolaye, lo nne lefufa, lo retelelwe ke go bona sepe; lo tlhabane, lo lwe, mme ga lo bone sepe ka gobo lo sa lope.

3 Lo a lopa, mme ga lo amogele, ka gobo lo lopa ka go fosa, gore lo tle lo itirele ka gone mo dikgatlhegong tsa lona.

4 Baakafadi ke lona, a ga lo itse fa botsalano jwa lefatshe e le bobaba mo Modimong? Ke gone, yo o ratang go nna tsala ya lefatshe, o itira mmaba wa Modimo.

5 Kgotsa a lo gopola gore lokwalo lo lo buela lefela, fa lo re: Mowa o o o agisitseng mo go rona, o tlhologelelwa go ka re isa bopelotshetlheng.

6 Mme o tle o okeletse batho tshegofatso. Ke gone lokwalo lo buang lo re: “Modimo o tlhabana le baikgogomosi, mme ba ba ikokobetsang o ba neye tshegofatso.”

7 Ke gone ka re, lo ineeleng mo Modimong; tlhabanang le diabolo, mme o tlaa lo tshaba.

8 Atamelang Modimong, mme o tlaa lo atamela. Itloseng leswe mo diatleng, baleofi ke lona; lo intlafatse dipelo, lona ba lo maikutlo mabedi.

9 Ipatikeng, lo hutsafale, lo lele; a go tshega ga lona go fetoge khutsafalo, le boitumelo jwa lona bo fetoge pelo e botlhoko.

10 Ingotlafatseng fa pele ga Morena, mme o tlaa lo goletsa.


Tlhagiso ka go atlhola Mokeresete ka wena

11 Lo se ka lwa sebana, bagaetsho. Yo o sebang mokaulengwe kgotsa a sekisa mokaulengwe wa gagwe, o seba molao, o sekisa molao; mme fa o nyatsa molao, ga o modiri wa molao, o mosekisi wa one.

12 Motlhomi wa molao o mongwe fela, le moatlhodi, e bong ene yo o nonofileng go boloka le go senya; wena o bo o le mang yo o sekisang wa gaeno?


Tlhagiso ka ga maikgantsho

13 Helang tlheng, lona ba lo tleng lo bue lo re: “Gompieno, kgotsa ka moso, re tlaa ya kwa motseng o molebe, re tlaa ya kwa motseng o molebe, re tlaa dika ngwaga teng, re reka, re ipapalela.”

14 Le mororo lo sa itse se se tlaa dirafalang ka moso. Ana botshelo jwa lona e be e le eng? Gonne lo mouwane fela, o o tleng o bonale ka lobakanyana, mme o tloge o kaologele koo.

15 Etswa lo tshwanetse go bua lo re: “Fa Morena a rata re tlaa tshela, re ba re dira se kgotsa sele.”

16 Gompieno lo ipelafatsa ka maikgantsho a lona; go ipelafatsa go mo, ke bosula gotlhe fela.

17 Ke gone, yo o itseng go dira molemo, mme a sa o dire, ke boleo mo go ene.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan