Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Jakobe 3 - BAEBELE e e Boitshepo


Loleme

1 Bagaetsho, lo se ka lwa nna baruti lo le bantsi, ka lo itse fa rona baruti re tlaa bona tshekiso e e bokete bogolo.

2 Gonne re tle re kgopise rotlhe mo dilong di le dintsi. Fa mongwe a sa kgopise mo puong, yoo e be e le motho yo o itekanetseng, yo o nonofileng go kganela le one mmele otlhe.

3 Jaana fa re tsenya dipitse mogala mo ganong, gore di re utlwe; re bo re sokolola le mmele otlhe wa tsone.

4 Lebang le tsone dikepe, le fa di le dikgolo jalo, mme di kgweediwa ke diphefo tse di thata, le fa go ntse jalo di tle di sokololwe ka lomatsanyana, di isiwe kwa molaodi o ratang tsa ya teng.

5 Jalo loleme le lone ke tokololo e potlana, lo bolela dilo tse dikgolo ka go ipelafatsa. Bonang, sekgwa se segolo jang se se tshujwang ka molelo o le monnyennye!

6 Loleme ke molelo; lobopo lwa tshiamololo mo dinameng tsa rona ke loleme, lo e leng lone lo leswefatsang mmele otlhe, lo tshube tikologo yotlhe ya tlholego ya rona, mme lona lo bo lo tshubilwe ka molelo wa molete.

7 Gonne ditshedi tsa methale yotlhe ya diphologolo le dinonyane, le ya dilo tse di gagabang, le dilo tse di mo teng ga lewatle, di tle di tantshiwe gape, di kile tsa nna tsa tantshiwa ke batho.

8 Mme loleme lone, ga go na motho ope yo o ka lo tantshang; ke bosula jo bo tlhabatlhabang, lo tletse more o o bolayang.

9 Re baka Morena le Rara ka lone, re be re hutse ka lone batho, ba ba bopilweng mo tshwanong ya Modimo.

10 Go baka le go hutsaka go tle go tswe mo molomong o le mongwe fela. Bagaetsho, dilo tse ga di a tshwanela go nna jalo.

11 A motswedi o tle o tswele metsi a a monate le a a botlhoko mo leitlhong le le lengwe fela?

12 Bagaetsho, a mofeige o ka ungwa ditlhware, kgotsa mofine difeige? Le gone metsi a a letswai ga a ka ke a tswa a a monate fela.


Botlhale jo bo tswang kwa godimo

13 Ke mang yo o botlhale, yo o nang le tlhaloganyo mo go lona? A a ke a supe ditiro tsa gagwe ka bonolo jwa botlhale, ka go tshela ga gagwe mo go molemo.

14 Mme fa lo na le lefufa le le galakang, le kgang mo pelong tsa lona, lo se ka lwa ipelafatsa, lo se ka lwa aketsa boammaaruri.

15 Botlhale jo, ga se jo bo fologang kwa godimo, ke jwa selefatshe, jwa senama, jwa mewa e e maswe.

16 Gonne kwa go leng lefufa le kgang, go bile go na le tobekano, le tiro nngwe le nngwe e e maswe teng.

17 Mme botlhale jo bo tswang kwa godimo bo simologa bo le boitsheko, foo bo nne kagiso, bo bonolo, bo rapelesege ka bofefo, bo tletse boutlwelobotlhoko le maungo a a molemo, bo se na kakabalo, bo se na boitimokanyo.

18 Loungo lwa tshiamo lo jalwa mo kagisong, lo jalelwa ba ba ratang kagiso.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan