Jakobe 2 - BAEBELE e e BoitshepoTlhagiso kgatlhanong le go tlhaola batho 1 Bagaetsho, lo se ka lwa pataganya go dumela ga lona mo go Morena wa rona Jesu Keresete, Morena wa kgalalelo, le go tlhaola batho. 2 Gonne e re fa go tsena mo ntlong ya lona ya thuto, monna mongwe a rwele lenyena la gouta, a le diaparo dintle; go ba go tsena mohumanegi yo o diaparo di maswe; 3 fa lo tlhokomela yo o apereng diaparo tse dintle, lo mo raya lo re: “Wena, a ke o dule fano bonnong jo bontle,” mme lo reye motho wa mohumanegi lo re: “Wena o eme foo, kgotsa o dule fa tlase ga sebeo sa me sa dinao,” 4 a megopolo ya lona ga e a kgaogana, a ga lo a tswa baatlhodi ba ba megopolo e e bosula? 5 Reetsang, bagaetsho ba ba rategang: A Modimo a ga o a itlhaolela ba e leng bahumanegi ka ga lefatshe leno, gore ba nne bahumi mo tumelong, le barui ba bogosi jo o bo solofeditseng ba ba o ratang? 6 Mme lona lo tlotlolotse motho wa mohumanegi. A bahumi a ga ba lo patike, ba lo gogela ka bosi kwa dinnong tsa tshekelo? 7 A ga ba tlhapatse leina le le tlotlegang le lo bidiwang ka lone? 8 Le fa go ntse jalo, fa lo dirafatsa molao o e leng wa segosi, ka fa lokwalong, go re: “O rate mongwe ka wena jaaka o ithata,” lo tlaa bo lo dira sentle. 9 Mme fa lo tlhaola batho, lo a leofa, lo bile lo tshwerwe ke molao jaaka batlodi. 10 Gonne le fa e le mang yo o bolokang molao otlhe, mme a kgotswa mo go o mongwe fela, o itirile molato mo go one otlhe fela. 11 Gonne ene yo o rileng: “O se ka wa dira boaka,” o bile a re: “O se ka wa bolaya.” Jaana le fa o sa dire boaka, mme fa o bolaya, o bo o ntse o le motlodi wa molao fela. 12 Lo bue lo bo lo dire, jaaka batho ba ba tlaa atlholwang ka molao wa kgololego. 13 Gonne katlholo ga e na kutlwelobotlhoko mo go ene yo o se kang a itshupa kutlwelobotlhoko; kutlwelobotlhoko e belafalela katlholo. Tumelo le go dira 14 Go thusang, bagaetsho, fa motho a re o na le tumelo, mme a se na ditiro? A tumelo eo e ka mmoloka? 15 Fa oo rra motho, kgotsa kgaitsadia motho a sa apara, a ba a tlhoka tse e leng dijo tsa letsatsi, 16 mme mongwe wa lona a ba raya a re: “Tsamayang sentle, lo thuthafale, lo kgore,” le fa go ntse jalo lo sa ba neye dilo tse di tlhokwang ke mmele, ana go a bo go thusang? 17 Go ntse fela jalo tumelo, fa e se na ditiro e be e sule ka e yosi. 18 Ee, motho mongwe o a ba a tlaa re: “Wena o na le tumelo, nna ke na le ditiro.” Mpontsha tumelo ya gago kwa ntle ga ditiro tsa gago, mme nna ke tlaa go bontsha tumelo ya me ka ditiro tsa me. 19 O a dumela fa Modimo o le mongwe fela; o dira sentle; mewa e e maswe le yone e a dumela, mme e tsitsibane fela e rorome. 20 Motho ke wena wa boithamako, a o a itse fa tumelo e se na ditiro e a bo e se na loungo? 21 Ana Aberahame rraetsho, a ga a a siamisiwa ka ditiro ka a isitse Isake morwawe tshupelo mo sebesong? 22 O a bona fa tumelo e pataganye le ditiro tsa gagwe, mme tumelo ya dirwa boitekanelo ka ditiro. 23 Mme lokwalo lwa dirafala lo lo reng: “Aberahame a dumela Modimo, a go balelwa e le tshiamo,” a bidiwa tsala ya Modimo. 24 Lo a bona fa motho a siamisiwa ka ditiro, e seng ka tumelo e le yosi. 25 Go ntse fela jalo le ene Rahabe wa seaka, a ga a a siamisiwa ka ditiro, ka a tshola barongwa, mme a ba ngwegisa ka tsela e sele? 26 Gonne jaaka mmele fa o se na mowa, o sule; go ntse fela jalo, tumelo fa e tlhalanye le ditiro e sule. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa