Jakobe 1 - BAEBELE e e BoitshepoTumediso 1 Ke nna Jakobe motlhanka wa Modimo le wa Morena Jesu Keresete; ke kwalela ditšhaba tse di 12, tse e leng tsa Phaladi, ka re: Dumelang. Tumelo le botlhale 2 Bagaetsho, lo kaye fa e lo boitumelo fela, mogang lo welang mo ditekong di le dintsi; 3 lo ntse lo itse fa go lekwa ga tumelo ya lona go tle go tsose bopelotelele. 4 Lo mme bopelotelele bo dire tiro ya jone e e tletseng, gore lo tle lo nne botlalo le boitekanelo, lo sa tlhaele mo go sepe. 5 Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a lope Modimo o o nayang botlhe ka bogolo, mme o sa kgobe; mme o tlaa bo newa. 6 A a lope ka tumelo, a sa belaele sepe; gonne yo o belaelang o tshwana le makhubu a lewatle a a kgweediwang, a phailakwa ke phefo. 7 Ka gobo motho yoo a a se gopole gore o tlaa amogela sengwe mo Moreneng; 8 e le motho yo o maikutlo mabedi, yo o akgaakgegang mo mekgweng yotlhe ya gagwe. Mohumi le mohumanegi 9 A mokaulengwe yo o leng mothonyana fela a itumele mo go godisiweng ga gagwe; 10 le mohumi a itumele mo go ngotlweng ga gagwe; gonne o tlaa feta fela jaaka sethunya sa bojang. 11 Gonne letsatsi le tle le tlhatloge le na le phefo e e fisang, mme le swabise bojang; sethunya sa jone se we, le bontle jwa popego ya jone bo nyelele; mohumi le ene o tlaa nyelela fela jalo mo ditsamaong tsa gagwe. Diteko le dithaelo 12 Go sego motho yo o itshokelang diteko; gonne o tlaa re a sena go lekwa a lebogwe, a bone serwalo sa botshelo, se Morena o se solofeditseng ba ba mo ratang. 13 Motho ope a se ka a re a raelwa a re: “Ke raelwa ke Modimo,” gonne Modimo ga o ka ke wa raelwa wa dira bosula, le one ka osi ga o raele motho ope. 14 Motho mongwe le mongwe o a raelwa fa a faposiwa ke e e leng thato ya gagwe, mme a fepisiwa. 15 Foo thato, e re e sena go emera, e tsale boleo; mme boleo jo, bo re bo sena go gola, bo tsale loso. 16 Lo se ka lwa tsietsega, bagaetsho ba ba rategang. 17 Neo nngwe le nngwe e e molemo, le se se molemo sengwe le sengwe se se tletseng, se tswa kwa godimo, se fologa kwa go Rra masedi, yo go sa ka keng ga nna phetogo mo go ene, le fa e le moriti o o bewang ke go menoga. 18 O re tsetse ka fa go rateng ga gagwe ka lefoko la boammaaruri, gore re nne e kete re mabutswapele a dibopiwa tsa gagwe. Go utlwa le go dira 19 Mo, lo a go itse, bagaetsho ba ba rategang. A motho mongwe le mongwe a nne bonako go utlwa, le bonya go bua, le bonya go tlala bogale; 20 gonne bogale jwa motho ga bo dire tshiamo ya Modimo. 21 Ke gone ka re, latlhang bomaswe jotlhe, le go penologa ga boikepo, mme lo amogele ka bonolo lefoko le le tlhomilweng, le le nonofileng go boloka mewa ya lona. 22 Lo nne badiri ba lefoko, e seng bautlwi fela, lo iphora fela. 23 Gonne fa motho mongwe a le moutlwi wa lefoko, mme a se modiri wa lone, o tshwana le motho yo o iponang sefatlhogo sa gagwe sa tlholego mo seiponing; 24 gonne o a ipona, a tsamaye, a tloge a lebale ka bonako popego ya gagwe ka fa e ne e ntse ka gone. 25 Mme motho yo o lebang mo molaong o o itekanetseng, e bong molao wa kgololego, fa a tswelela jalo, motho yoo o tlaa segofala mo go direng ga gagwe, ka e se moutlwi yo o lebalang, mme e le modiri yo o dirang. 26 Fa motho mongwe a ithaya a re ke modumedi, mme a sa kganele loleme lwa gagwe, a itsietsa pelo, tumelo ya motho yo ke lefela. 27 Tumelo e e itshekileng, e e sa leswefalang fa pele ga Modimo le Rraetsho, ke e, go lekola masiela le basadi ba batlholagadi mo pitlaganong ya bone, le motho go ikilela gore a se mathwe gope ke lefatshe. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa