Hoshee 7 - BAEBELE e e Boitshepo1 “E rile ke rata ke ka bo ke fodisa Iseraele, foo boikepo jwa Eferaime jwa senolwa, le bosula jwa Samaria; gonne ba dira maaka; le legodu le tsene mo teng, ditlhopha tsa dinokwane di be di gape kwa ntle. 2 Ga ba gopole mo dipelong tsa bone fa ke gakologetswe bosula jotlhe jwa bone; jaana ditiro tsa bone di ba dikile; di fa pele ga sefatlhogo sa me. Boikepo le tsuololo mo bonnong jwa kgosi 3 “Ba itumedisa kgosi ka bosula jwa bone, le dikgosana ka maaka a bone. 4 Ke bagokafadi botlhe, ba ntse jaaka pesetso e e goteditsweng ke mmesi wa senkgwe; o khutlela molelo go o kgotletsa, go tswa mo go dubeng boupe bo bo bo tsamaye bo bele. 5 E rile ka letsatsi la kgosi ya rona, dikgosana tsa itsenya botlhoko ka mogote wa bojalwa jwa mofine, ya otlolola seatla sa yone le basotli. 6 Gonne ya re ba laletse batho ba ipaakanye dipelo jaaka pesetso, mmeseletsi wa bone a lale a robetse bosigo jotlhe, mme mo mosong go bo go tuke jaaka molelo o o tutumang. 7 “Ba gotetse botlhe jaaka pesetso, mme ba suputsa baatlhodi ba bone, dikgosi tsa bone di ole tsotlhe; ga go na ope mo go bone yo o mpitsang. Iseraele le ditšhaba tse dingwe 8 “Eferaime ene o itlhakanya le ditšhaba; Eferaime ke senkgwe se se papetla se se sa pitikololwang. 9 Baeng ba supuditse thata ya gagwe, mme ga a go itse; ee, meriri e mebududu e wela mo go ene, mme ga a go itse. 10 Boikgodiso jwa ga Iseraele bo supa mo sefatlhogong sa gagwe; le fa dilo tse tsotlhe di ntse jalo, ga ba a boela mo go Jehofa Modimo wa bone, le fa e le go mmatla. 11 Eferaime o ntse jaaka lephoi le le boeleele, ga a na tlhaloganyo; ba itse Egepeto, ba ye kwa Asiria. 12 Mogang ba tsamayang ke tlaa ba tsharololela lotloa lwa me; ke tlaa ba folosa jaaka dinonyane tsa loapi, ke tlaa ba otlhaya jaaka phuthego ya bone e utlwile. 13 “A bo ba latlhega! Gonne ba ntimeletse; a bo ba senyega! Gonne ba ntloletse; le fa ke ne ke rata ke ka bo ke ba rekolola, ba buile maaka ka ga me fela. 14 Le gone ga ba a ntelela ka pelo tsa bone, mme ba gogotlega mo malaong a bone; ba phuthegela mabele le bojalwa jwa mofine ba a ntsuololela. 15 Le fa ke ba rutile ka ba ka thatafatsa mabogo a bone, le fa go ntse jalo ba ntlhatlhanyetsa bosula fela. 16 Ba a boa, mme ga ba boele go ene yo o kwa godimong; ba ntse jaaka bora jo bo laologileng; dikgosana tsa bone di tlaa wa ka tšhaka ka ntlha ya tšararego ya loleme lwa bone; se e tlaa nna tshotlo ya bone mo lefatsheng la Egepeto. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa