Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Hoshee 3 - BAEBELE e e Boitshepo


Hosea le mosadi wa seaka

1 Jehofa a nthaya, a re: “Ba o ye gape, o rate mosadi yo o ratwang ke mogatse, le yo o leng seaka, fela jaaka Jehofa a rata bana ba Iseraele, le fa ba menogela kwa medimong e sele, mme ba rata dinkgwenyana tsa ditshwabi tsa mafine.”

2 Jalo ka mo ithekela ka dipapetlana tsa selefera di le 15, le kgetse ya barele, le bontlhanngwe jwa kgetse ya barele.

3 Mme ka mo raya ka re: “O tlaa nnela ka malatsi a le mantsi; o se ka wa dira jaaka seaka, o bo o se ka wa nna mosadi wa monna ope, le nna ke tlaa nna jalo ntlheng ya gago.”

4 Gonne bana ba Iseraele ba tlaa nna malatsi a le mantsi ba se na kgosi, ba se na kgosana, ba se na setlhabelo, ba se na setshwantsho se se setilweng se eme motloutlo, ba se na sekhutlana le fa e le mereo!

5 Morago ga moo bana ba Iseraele ba tlaa boa, ba batla Jehofa Modimo wa bone, le Dafite kgosi ya bone; ba tlaa tla ka poifo mo go Jehofa le mo molemong wa gagwe mo metlheng ya morago.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan