Hoshee 13 - BAEBELE e e Boitshepo1 E rile Eferaime a bua, ga bo go le thoromo, a ikgodisa mo Iseraele; mme ya re a leofa ka Baale, a swa. 2 Jaana ba leofa bogolo bogolo, ba bile ba itiretse ditshwantsho tse di tshetsweng ka selefera sa bone, e bong ditshwantsho tsa medimo ka fa tlhaloganyong ya bone, tsotlhe fela e le tiro ya banna ba ba ditswerere. Ba bua ka ga tsone ba re: A batho ba ba isang ditlhabelo ba atle dinamane. 3 Ke gone ba tlaa nnang jaaka leru la ka moso, le jaaka monyo o o tlogang go sa le ka moso, jaaka mmoko o o kgopholwang ke setsuatsue mo seboping, le jaaka mosi o tswa ka letshoba la one. 4 “Le fa go ntse jalo ke ntse ke le Modimo wa gago o sa le o tswa lefatsheng la Egepeto; ga o ketla o itse modimo ope fa e se nna, kwa ntle ga me ga go na mmoloki ope. 5 Ke ne ke go itse o le mo nageng, mo lefatsheng la lokgere lo logolo. 6 Ba ne ba kgora ka fa bofulong jwa bone; ba kgora, dipelo tsa bone tsa goletsega; ke gone ka moo ba ntebetseng. Katlholo ya bofelo ya ga Iseraele 7 “Ke gone ke ntseng mo go bone jaaka tau, jaaka nkwe ke tlaa lalela fa tseleng. 8 Ke tlaa ba kgatlhantsha jaaka bera e e thukhuthilweng bana, ke tlaa gagola lotswalo lwa pelo tsa bone; ke tlaa ba suputsa gone jaaka tau; sebatana se tlaa ba gagola. 9 “Ke tshenyego ya gago Iseraele, fa e bo ne ne o tlhabana le nna jaana, o tlhabana le mothusi wa gago. 10 Kgosi ya gago e kae jaana, gore e tle e go boloke mo metseng yotlhe ya gago; le baatlhodi ba gago, ba o buileng ka ga bone, wa re: ‘Nnayang kgosi le dikgosana’? 11 Ka go naya kgosi mo bogaleng jwa me, mme ke e tlositse mo kgakalong ya me. 12 “Boikepo jwa ga Eferaime bo bofeletswe; boleo jwa gagwe bo beilwe mo polokelong. 13 Mahutsana a mosadi yo o belegang a tlaa tla mo go ene; ke ngwana wa mosimane yo o seng botlhale; gonne ke lobaka lwa gore, ga a tshwanela go tlhola a diegile mo felong ga go kukunya ga bana. 14 Ke tlaa ba golola mo thateng ya phupu; ke tlaa ba rekolola mo losong. Loso, dipetso tsa gago di kae? Phupu, tshenyo ya gago e kae? Boikwatlhao bo tlaa subegela matlho a me. 15 Le fa a ka nna yo o ungwang bogolo mo baneng ba ga rraagwe, go tlaa tla phefo ya botlhabatsatsi, e bong mowa wa go hema ga Jehofa o o tlhatlogang kwa nageng, mme motswedi wa gagwe o tlaa tšha, sediba sa gagwe se tlaa kgala; o tlaa thopa dikhumo tsa dijana tsotlhe tse di kgatlhang. 16 Samaria o tlaa belega molato wa gagwe; gonne o tsuololetse Modimo wa gagwe; ba tlaa wa ka tšhaka, banyana ba bone ba tlaa phatlakanngwa, le basadi ba bone ba baimana ba tlaa roposiwa.” |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa