Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Hoshee 12 - BAEBELE e e Boitshepo

1 “Eferaime o ja phefo, o latela phefo ya botlhabatsatsi; o tlhola a ntsifatsa maaka le tshwafalo; mme ba dira kgolagano le Asiria, le gone lookwane lo isiwa kwa Egepeto.”

2 Jehofa o bile a na le kgang le Juta, o tlaa kgopholola Jakobe ka fa mekgweng ya gagwe; o tlaa mo duela ka fa ditirong tsa gagwe.

3 E rile a sa le mo mpeng a tshwara mogolowe ka serethe; le gone mo bonneng jwa gagwe o ne a na le thata le Modimo.

4 Ee, o ne a na le thata mo moengeleng, mme a fenya, a lela, a mo kokotlela. A mo fitlhela kwa Bethele, mme a bua le rona gone.

5 E bong Jehofa, Modimo wa masomosomo, Jehofa ke segopodiso sa gagwe.

6 Ke gone boela Modimong wa gago, tshegetsa boutlwelobotlhoko le katlholo, mme o lebelele Modimo wa gago ka metlha yotlhe.


Morena o tswelela ka go bolela katlholo ya ga Iseraele

7 “Ke ene Mokanana, dilekanyo tsa tsietso di mo seatleng sa gagwe, o rata go patika.

8 Eferaime a re: ‘Ke a bo ke humile, ke iponetse khumo; mo ditirong tsotlhe tsa me ga ba ketla ba fitlhela boikepo bope jo bo ka nnang boleo.’

9 Ke ntse ke le Jehofa Modimo wa gago o sa le o tswa kwa Egepeto; ke tlaa nama ke ba ke go agisa mo megopeng, jaaka jale mo metlheng ya modiro o o masisi.

10 Ke bile ke buile le baperofeti, ke ntsifaditse diponatshegelo; ke buile ka ditshwantsho ka tirelo ya baperofeti.

11 A Gileate ke boikepo? Botlhe ke boithamako fela. Mo Gilegale ba isa dikgomo ditlhabelo. Ee dibeso tsa bone di ntse jaaka mekoa mo ditemaneng tsa leota.”

12 Jakobe o kile a tshabela kwa nageng ya Arame, Iseraele a direlela mosadi, a disa dinku gore a tle a bone mosadi.

13 Jehofa a ntsha Iseraele kwa Egepeto ka moperofeti, a ba a bolokwa ke moperofeti.

14 Eferaime o tlhotlheleditse bogaleng fela mo go botlhoko; ke gone ka moo madi a gagwe a tlaa tlogelwang mo go ene, kgobo ya gagwe Morena o tlaa e busetsa mo go ene.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan