Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Hoshee 11 - BAEBELE e e Boitshepo


Lorato lwa Morena mo go ba ba tsuololang

1 “E rile Iseraele a sa le ngwanyana ka bo ke mo rata, mme ka bitsa morwaake a tswe kwa Egepeto.

2 Fela jaaka ba ne ba ba bitsa, ba bo ba tloga ba tswa mo go bone jalo; ba ya ba isetsa Bobaale ditlhabelo, ba fisetsa ditshwantsho tse di setilweng maswalo.

3 Le fa go ntse jalo ka lekisa Eferaime go tsamaya ka dinao; ka ba tshola mo mabogong a me; mme ba bo ba sa itse fa ke ba fodisa.

4 Ka ba goga ka megala ya motho, ka dikgole tsa lorato; ka ba ka nna mo go bone ke ntse jaaka ba ba tlosang jokwe mo ditlhaeng tsa bone, mme ka baya dijo fa pele ga bone.

5 “Ga a ketla a boela kwa lefatsheng la Egepeto; mme Moasiria o tlaa nna kgosi ya gagwe, ka ba ganne go bowa.

6 Tšhaka e tlaa wela metse ya gagwe, e tlaa nyeletsa mephakalego ya gagwe, mme e tlaa e suputsa, ka ntlha ya dikgakololo tse e leng tsa bone.

7 Batho ba me ba lemaletse kwa go ntenegeleng; le fa ba biletsa kwa go se se kwa godimo, ga go na ope yo o tlaa mo tsholetsang ka gope.

8 Ana ke tlaa go tlhoboga jang, Eferaime? “Ke tlaa go neela batho jang Iseraele? ke tlaa go dira jang wa nna jaaka Atema? Ke tlaa go baya jang jaaka Seboime? Pelo ya me e a gana mo teng ga me, mapelotlhomogi a me a tuka mmogo.

9 Ga nketla ke dirafatsa tšhakgalo ya bogale jwa me, ga nketla ke boa ke ya go senya Eferaime; gonne ke Modimo e seng motho; ke Moitshepi mo gare ga gago; mme ga nketla ke tsena ka bogale.

10 “Ba tlaa sala Jehofa morago, yo o tlaa dumang jaaka tau; gonne o tlaa duma, mme bana ba tlaa tswa bophirimatsatsi ba roroma.

11 Ba tlaa tswa kwa Egepeto ba roroma jaaka nonyane, le jaaka lephoi kwa lefatsheng la Asiria; mme ke tlaa ba agisa mo matlong a bone, go bua Jehofa.


Iseraele le Juta ba a kgalwa

12 “Eferaime o ntsentse gare ka maaka, le ba ntlo ya Juta ka tsietso; mme Juta o sa ntse a busa le Modimo, le Moitshepi yo o leng boikanngo.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan