Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Habakuke 1 - BAEBELE e e Boitshepo


Habakuke o ngongoregela molao wa patiko

1 Molaetso o Habakuke moperofeti o ne a o bona.

2 Jehofa, ke tlaa goa ka lobaka lo lo kae mme o ntse o gana go utlwa? Ke goele koo go wena ka ga bothubako, mme o gana go boloka.

3 Ana o ntshupetsa boikepo ka ntlha yang, mme o lebelang logwadi? Gonne thopo le thubako di fa pele ga me; e bile go kgang, komano le yone e a tsoga.

4 Ke gone ka moo molao o repisitsweng, le katlholo ga e tlhole e tswelela gope; gonne baikepi ba dikanyeditse basiami; ke gone ka fa katlholo e tswelelang pele e sokamisitswe ka gone.


Phetolo ya ga Jehofa

5 “Lebang mo gare ga merafe, mme lo tlhokomele lo bo lo gakgamale segolo; gonne ke dira tiro mo metlheng ya lona, e lo se ketlang lo e dumela le fa lo e boleletswe.

6 Gonne bonang, ke tsosa Bakalatea, morafe oo o o bogalaka, o o phomelang; ba ba tsamaelang gongwe ba ralala boatlhamo jwa lefatshe, ba ya go rua manno a e seng a bone.

7 Ba a boitshega, ba theregiso; go itshekatshekela ga bone le tlotlomalo ya bone di tswa mo go bone ka bosi.

8 “Le dipitse tsa bone di lobelo bogolo go bonkwe, ba bogale bogolo go matlonkana a lotlatlana; bapalama dipitse ba bone ba a iphalatsa; ee, bapalama dipitse ba bone ba tswa kgakala; ba fofa jaaka lenong le le akofelang go ja.

9 “Botlhe fela ba tlela go thubaka; difatlhogo tsa bone di gagametse, di gaketse jaaka phefo ya botlhabatsatsi; ba phutha ditshwarwa jaaka mošawa.

10 Ee, o sotla ka dikgosi, le dikgosana, ke setshego mo go ene; a tshege dikago tsotlhe tse di thata tsa phemelo; gonne o koela lorole kwa go tsone, mme a di gape.

11 Foo o tlaa heheutla a feta jaaka phefo, a kgabaganya, mme a nne molato; e bong ene yo thata ya gagwe e leng modimo wa gagwe.”


Habakuke o ngongoregela Jehofa gape

12 A ga o sale o nna ka bosenang tshimologo, Jehofa Modimo wa me, Moitshepi wa me? Ga re ketla re e swa. Jehofa, o mo laoletse tshekiso; mme wena Lefika, o mo tlhomamiseditse kwatlhao.

13 Wena yo o leng matlho a a itshekileng, a a sa kakeng a leba bosula, le a a sa kakeng a leba logwadi, ana o lebelang fela bone ba ba bonongwana? O didimalelang mogang moikepi o kometsang motho yo o siameng bogolo go ene,

14 a ba a kae batho jaaka ditlhapi tsa lewatle, jaaka dilo tse di gagabang, tse di se nang yo o di laolang.

15 O ba tshwara botlhe ka kobe, a ba tshware ka lotloa lwa gagwe, a ba phuthele mo lotloeng lwa gagwe lo lo gogwang; ke gone ka moo o itumelang a ipela.

16 Ke gone ka moo o isetsang lotloa lwa gagwe tlhabelo, le lotloa lwa gagwe lo lo gogwang a lo fisetsa maswalo; gonne kabelo ya gagwe e mafura ka ntlha ya tsone ditloa, le dijo tsa gagwe di letlotlo.

17 Ke gone a o tlaa ololola lotloa lwa gagwe, a se ke a rekegela go bolaya merafe ka metlha yotlhe?

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan