Genese 9 - BAEBELE e e BoitshepoKgolagano ya Modimo le Noa 1 Modimo wa segofatsa Noa le bomorwawe, wa ba raya, wa re: “Atang lo ntsifale, lo tlale ka lefatshe. 2 Lo tlaa boifiwa, lo tlaa tshajwa ke phologolo nngwe le nngwe le sebatana sa lefatshe, le nonyane nngwe le nngwe ya loapi; gotlhe mo go nyeulang ka bontsi mo lefatsheng, le ditlhapi tsotlhe tsa lewatle, go tsentswe mo atleng sa lona. 3 Dilo tsotlhe tse di tsamayang tse di tshelang, di tlaa nna dijo tsa lona; jaaka merogo e metala, ke di lo neile tsotlhe fela. 4 Nama e e tlhakanyeng le botshelo jwa yone, jo e leng madi a yone, lo se ka lwa e ja. 5 Ruri madi a lona, madi a matshelo a lona, ke tlaa a lopa; ke tlaa a lopa mo phologolong nngwe le nngwe, le mo sebataneng; le mo seatleng sa motho e bong seatla sa morwa rramotho, ke tlaa lopa botshelo jwa motho. 6 “Le fa e le mang yo o tshololang madi a motho, le ene madi a gagwe a tlaa tshololwa ke motho; gonne Modimo o dirile motho mo setshwanong sa one. 7 “Lona, atang, lo ntsifale; lo tshole bana ba le bantsi mo lefatsheng, lo ntsifale mo go lone.” 8 Modimo wa bua le Noa, le bomorwawe ba na nae wa re: 9 “Bonang, ke tlhomamisa kgolagano ya me le lona, le losika lwa lona morago ga lona. 10 Ke e tlhomamisa le ditshedi tsotlhe tse lo nang natso, dinonyane, le dikgomo, phologolo nngwe le nngwe le dibatana tsa lefatshe tse lo nang natso; tsotlhe tse di tswang mo ntlong e e kokobalang, e bong diphologolo le dibatana tsotlhe tsa lefatshe. 11 Ke tlaa tlhomamisa kgolagano ya me le lona; le gone nama yotlhe ga e ketla e tlhola e kgaolwa ka metsi a morwalela; le gone ga go ketla go tlhola go tla morwalela go senya lefatshe.” 12 Modimo wa re: “Se, ke sone sesupo sa kgolagano e ke e dirang gare ga me le lona, le dilo tsotlhe tse di tshedileng, tse lo nang natso, go ya ditshikeng tse di se nang bokhutlo: 13 Ke tlhoma motshe wa me, ke le Modimo, mo lerung; o tlaa nna sesupo sa kgolagano gare ga me le lefatshe. 14 Go tlaa dirala gore, fa ke lere leru le okama lefatshe, go tlaa bonala motshe wa godimo mo lerung. 15 Ke tlaa gakologelwa kgolagano ya me, e e emeng fa gare ga me le lona, le dibopiwa tsotlhe tse di tshedileng tsa nama tsotlhe, mme metsi ga a ketla a tlhola a tswa morwalela go senya ditshedi tsotlhe. 16 Motshe wa godimo o tlaa nna mo lerung; mme ke tlaa o leba, gore ke tle ke gakologelwe kgolagano e e sa khutleng fa gare ga Modimo le dibopiwa tsotlhe tse di mo lefatsheng.” 17 Modimo wa raya Noa, wa re: “Se, ke sone sesupo sa kgolagano e ke e tlhomamisitseng fa gare ga me le ditshedi tsotlhe tse di mo lefatsheng.” Noa le bomorwawe 18 Bomorwa Noa ba ba duleng mo ntlong e e kokobalang e ne e le Sheme, le Hame le Jafethe. Hame ke rra Kanana. 19 Ba bararo bao e ne e le bomorwa Noa, jalo ga tswa mo go bone ba ba farafereng lefatshe lotlhe. 20 Noa a simolola go nna molemi wa mbu, mme a tlhoma tshimo ya mofine. 21 A nwa bojalwa jwa mofine, a tagwa, a bo a sa ikatega a le mo mogopeng wa gagwe. 22 Hame, rra Kanana, a bona bosaikategang jwa ga rraagwe, a bolelela bomorwa rraagwe ba babedi kwa ntle. 23 Sheme le Jafethe ba tsaya seaparo, ba se baya mo maruding a bone boo babedi, ba kata ka samorago, ba bipa bosaikategang jwa ga rraabo; difatlhogo tsa bone tsa bo di mo fularetse, ba se ka ba bona bosaikategang jwa ga rraabo. 24 A thanya mo bojalweng jwa gagwe jwa mofine, a itse se morwawe yo mmotlana o se mo diretseng. 25 A re: “A go hutsege Kanana. O tlaa nna motlhanka wa batlhanka mo go bomorwa rraagwe.” 26 A ba a re: “A go bakwe Jehofa Modimo wa ga Sheme: A Kanana a nne motlhanka wa gagwe. 27 A Modimo o godise Jafethe; o tlaa aga mo megopeng ya ga Sheme, mme a Kanana a nne motlhanka wa gagwe.” 28 E rile morwalela o sena go feta, Noa a tshela dinyaga di le 350. 29 Malatsi otlhe a ga Noa e ne e le dinyaga tse di 950, ke fa a swa. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa