Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Genese 8 - BAEBELE e e Boitshepo


Bokhutlo jwa morwalela

1 Modimo wa gopola Noa le sengwe le sengwe se se tshedileng, le diruiwa tsotlhe tse o nang natso mo ntlong e e kokobalang; Modimo wa fokisa phefo mo lefatsheng, metsi a kokobela.

2 Metswedi ya boteng le yone ya thibala le dithoba tsa legodimo, le pula e e tswang legodimong ya kgaodiwa.

3 Metsi a nna a boa a fokotsega mo lefatsheng ka metlha yotlhe; morago, malatsi a a 150 a sena go feta, metsi a ngotlafala.

4 Ya re ka kgwedi ya bosupa, ka letsatsi la lesome le bosupa la kgwedi, ntlo e e kokobalang ya ema mo dithabeng tsa Ararate.

5 Metsi a nna a ngotlafala ka metlha yotlhe go ya go fitlha mo kgweding ya lesome; ka kgwedi ya lesome, le ka letsatsi la ntlha la kgwedi, ditlhora tsa dithaba tsa bonala.

6 Ga dirala ya re malatsi a le 40 a sena go feta, Noa a bula fensetere ya ntlo e e kokobalang e o neng a e dirile.

7 A ntsha mohukubu, mme wa tswa wa dikologa dikologa, ga tsamaya metsi a kgala mo lefatsheng.

8 A ba a ntsha lephoi, go bona gore a metsi a setse a ngotlegile mo lefatsheng.

9 Mme lephoi la se ka la fitlhela gope fa le ka bayang monoto wa lone gone, la boela kwa go ene kwa ntlong, gonne metsi a ne a sa ntse a bipile lefatshe lotlhe fela; a ntsha seatla sa gagwe, a le tsaya, a le busetsa mo go ene, mo ntlong.

10 A nama a sa tlhotse malatsi a mangwe a supa, a ntsha lephoi mo ntlong gape.

11 Lephoi la boela kwa go ene maitseboa mme la bo le hupile mo molomong wa lone letlhare la motlhware. Jalo Noa a itse fa metsi a setse a ngotlegile mo lefatsheng.

12 A fela a tlhotse malatsi a supa gape, a ba a ntsha lephoi gape mme la se ka la tlhola le boela kwa go ene.

13 Ga dirala, ya re ka ngwaga wa 601, ka kgwedi ya ntlha, le ka letsatsi la ntlha la kgwedi, metsi a bo a kgadile mo lefatsheng. Noa a tlosa sekhurumelo sa ntlo, a okomela, mmu wa bo o omile.

14 E rile ka kgwedi ya bobedi ka letsatsi la 27, lefatshe la bo le omeletse.

15 Modimo wa raya Noa, wa re:

16 “Tswa mo ntlong e e kokobalang, wena, le mosadi wa gago, le bomorwao, le basadi ba bomorwao.

17 O bo o tswe le sengwe le sengwe sa tse di tshedileng tse o nang natso, sa ditshedi tsotlhe; dinonyane, le diruiwa, le sengwe le sengwe se se gagabang mo lefatsheng, gore di tle di tsale thata, di ate, di ntsifale mo lefatsheng.”

18 Noa a tswa, le bomorwawe, le mosadi wa gagwe, le basadi ba bomorwawe.

19 Phologolo nngwe le nngwe le sebatana, se se gagabang sengwe le sengwe, le nonyane nngwe le nngwe, sengwe le sengwe se se tsamayang mo lefatsheng ka fa ditshikeng tsa tsone, tsa tswa mo ntlong e e kokobalang.


Noa o ntsha setlhabelo

20 Noa a agela Jehofa sebeso: a tsaya ga ditshedi le phologolo nngwe le nngwe e e itshekileng, le ga nonyane nngwe le nngwe e e itshekileng, a isa ditshupelo tsa phiso mo sebesong.

21 Jehofa a dupa monko o o monate, Jehofa a ithaya a re: “Ga nketla ke tlhola ke hutsa mmu gape ka ntlha ya motho, ka gobo go akanya ga pelo ya motho go le bosula go tswa bokaung jwa gagwe; le gone ga nketla ke tlhola ke laila dilo tsotlhe tse di tshelang jaaka ke dirile.

22 E tlaa re ka metlha yotlhe lefatshe le sa ntse le leyo, ga go ketla go khutla letsema le thobo, serame le mogote, lotlhabula le mariga, motshegare le bosigo.”

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan