Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Genese 4 - BAEBELE e e Boitshepo


Kaine le Abele

1 Monna a itse Efa mosadi wa gagwe; a nna moimana a bona Kaine, a re: “Ke bonye monna ka thuso ya ga Jehofa.”

2 Gape a bona Abele, monnawe. Abele e ne e le modisa wa dinku, Kaine e le molemi.

3 E rile motlha mongwe Kaine a tlisa ga loungo lwa mmu, a direla Jehofa tshupelo.

4 Abele, le ene a tlisa ga maitibolo a letsomane la gagwe, a na le mahura a lone. Mme Jehofa a itumelela Abele le tshupelo ya gagwe;

5 a se ka a itumelela Kaine le tshupelo ya gagwe. Jalo Kaine a nna bogale thata, le sefatlhogo sa gagwe sa befa.

6 Jehofa a raya Kaine a re: “Ana o galefetseng? Le sefatlhogo sa gago se befetseng?

7 A ga ke re fa o dira sentle o tlaa amogelesega? Mme fa o sa dire sentle, boleo bo ipobile fa mojakong; mme keletso ya jone e tlaa nna mo go wena, mme wena o bo laole.”

8 Kaine a bua le Abele, monnawe. Mme ga dirala ya re ba le kwa nageng, Kaine a kgomogela Abele monnawe, a mmolaya.

9 Jehofa a raya Kaine a re: “Abele monnao, o kae?” A araba a re: “Ga ke itse. A ke modisa wa ga nnake?”

10 Jehofa a re: “Ana o dirile eng? Lentswe la madi a ga monnao le mpitsa le tswa mo mmung.

11 Jaanong o hutsitswe ke mmu, o o atlhamolotseng molomo wa one, go tsenya madi a ga monnao, a tswa seatleng sa gago.

12 E tlaa re o lema mmu, ga o ketla o tlhola o go ntshetsa thata ya one; o tlaa nna mofaladi le mokgarakgatshegi mo lefatsheng.”

13 Kaine a raya Jehofa a re: “Petso ya me e feta mo nka go itshokelang.

14 Bona, gompieno o ntelekile mo lefatsheng, le sefatlhogo sa gago ke tlaa bo ke se fitlhegetse. Ke tlaa nna mofaladi le mokgarakgatshegi mo lefatsheng, mme go tlaa dirala gore mongwe fela yo o mponang a mpolaye.”

15 Jehofa a mo raya a re: “Ke gone le fa e le mongwe fela yo o tlaa bolayang Kaine, o tlaa busolosiwa gasupa.” Mme Jehofa a tlhomela Kaine sekao, e se re gongwe mongwe a mmona a mmolaya.

16 Kaine a tswa fa pele ga Jehofa, a aga mo lefatsheng la Note, go pota Etene ka fa botlhabatsatsi.


Losika lwa ga Kaine

17 Kaine a itse mosadi wa gagwe, a nna moimana, a bona Enoke. A aga motse, a reelela motse leina la ga morwawe, a re ga Enoke.

18 Enoke a tshola Irate; Irate a tshola Mehujaele; Mehujaele a tsala Methušaele; Methušaele a tsala Lameke.

19 Lameke a tsaya basadi ba le babedi: leina la mongwe go twe, Ata, le leina la yo mongwe go twe, Sila.

20 Ata a bona Jabale; ene e ne e le rraabone ba ba nnang mo ditenteng, ba na le dikgomo.

21 Leina la ga monnawe go ne go twe Jubale, ene e ne e le rra botlhe ba ba letsang harepe le lotlhaka.

22 Sila, le ene a bona Tubalekaine, e le mothudi wa ditshipi tse di segang, tsa kgotlho le tsa tshipi. Kgaitsadia Tubalekaine e ne e le Naama.

23 Lameke a raya basadi ba gagwe a re: “Ata le Sila, utlwang lentswe la me: Lona basadi ba ga Lameke, lo reetse puo ya me, gonne ke bolaile monna ka a ne a ntlhabile, le lekau ka le ne le nkgolafaditse.

24 E ka re fa Kaine a tlaa busolosediwa gasupa, ruri Lameke ene o tlaa busolosediwa gamasome a supa le metso e supa.”


Losika lwa ga Sethe le Enoše

25 Atame a itse mosadi wa gagwe gape; mme a bona ngwana wa mosimane, a mo naya leina a re, Sethe. Mosadi a bua a re: “Modimo o ntaoletse losika lo longwe mo boemong jwa ga Abele; gonne Kaine o ne a mmolaile.”

26 Sethe le ene a bona ngwana wa mosimane; a mo raya leina, a re, Enoše. Mo lobakeng loo batho ba simolola go bitsa leina la ga Jehofa.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan