Genese 3 - BAEBELE e e BoitshepoMotho o tlola ditaolo tsa Modimo 1 Jaana noga ya bo e le boferefere bogolo go ditshedi tsotlhe tsa naga tse Jehofa Modimo o di dirileng. Ya raya mosadi ya re: “Kana, a ruri Modimo o rile: ‘Lo se ka lwaa ja ditlhare tsa tshimo’?” 2 Mosadi a raya noga a re: “Re ka ja loungo lwa ditlhare tsa tshimo; 3 mme loungo lwa setlhare se se fa gare ga tshimo, Modimo o rile: ‘Lo se ka lwa lo ja, le gone lo se ka lwa lo ama, lo ka tla lwaa swa.’ ” 4 Noga ya raya mosadi ya re: “Ruri ga lo ketla loo swa; 5 gonne Modimo o a itse gore, e tlaa re mo letsatsing le lo lo jang, foo matlho a lona a tlaa buduloga, mme lo tlaa nna jaaka Modimo, lo itse molemo le bosula.” 6 Mosadi a re a bona fa setlhare se le molemo go jewa, se bile se kgatlha mo matlhong, le gone fa setlhare se eletsega go tlhalefisa motho, a tsaya loungo lwa sone, a ja. A ba a lo naya monna wa gagwe a na nae, le ene a ja. 7 Ka tshoganetso matlho a bone boo babedi a buduloga, ba itemoga fa ba sa ikatega; mme ba rokaganya matlhare a mofeige, ba itirela diaparo. 8 Kgantele ba utlwa mokgwasa wa Jehofa Modimo a tsamaya mo tshimong, fa letsatsi le fefa, mme monna le mosadi wa gagwe ba iphitlha mo ditlhareng tsa tshimo, ba iphitlhela go bonala ga Jehofa Modimo. 9 Jehofa Modimo a bitsa monna, a mo raya a re: “O fa kae?” 10 Monna a re: “Ke utlwile mokgwasa wa gago mo tshimong, mme ka boifa, ka gobo ke ne ke sa ikatega, mme ka iphitlha.” 11 Mme a re: “O boleletswe e mang fa o sa ikatega? A o jele setlhare se ke se go laetseng, ka re, o se ka wa se ja?” 12 Monna a re: “Mosadi yo o mo nneileng gore ke nne nae, ke ene yo o nneileng ga setlhare, mme ka ja.” 13 Jehofa Modimo a raya mosadi a re: “Ke eng se o se dirileng?” Mosadi a re: “Noga e ntsieditse, mme ka ja.” Modimo o atlhola motho 14 Jehofa Modimo a raya noga a re: “E re ka o dirile seo se, o hutsegile bogolo go dikgomo tsotlhe le diphologolo le dibatana tsa naga. O tlaa gopa ka mpa, o tlaa ja lorole ka malatsi otlhe a botshelo jwa gago. 15 Ke tlaa tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi, le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. Lone lo tlaa tapeta tlhogo ya gago, mme wena o tlaa loma serethe sa gagwe.” 16 A raya mosadi a re: “Ke tlaa go ntsifaletsa matshwenyego a go ima ga gago. O tlaa belega bana ka bohutsana; keletso ya gago e tlaa nna kwa monneng wa gago, mme o tlaa go laola.” 17 A raya Atame a re: “E re ka o reeditse lentswe la mosadi wa gago, o jele ga setlhare se ke se go laetseng ka re: ‘O se ka wa se ja,’ mmu o hutsegile ka ntlha ya gago. O tlaa ja ga one ka letsapa, malatsi otlhe a botshelo jwa gago. 18 O tlaa go tswela mitlwa le mofero. O tlaa ja merogo ya naga. 19 O tlaa ja dijo ka mofufutso wa sefatlhogo sa gago go fitlhelela o boele mo mmung, gonne o ntshitswe mo go one. Gonne o lorole, mme o tlaa boela mo loroleng.” 20 Monna a raya mosadi wa gagwe leina a re Efa, ka gobo e le mmabatshedi botlhe. 21 Jehofa Modimo a direla Atame le mosadi wa gagwe diaparo tsa matlalo, a ba apesa. Atame le Efa ba kobiwa mo Tshimong 22 Jehofa Modimo a re: “Bonang, motho o diregile jaaka mongwe wa rona, o itse molemo le bosula; jaanong e ka tla ya re gongwe a ntsha seatla sa gagwe a tsaya le ga sone setlhare sa botshelo, a ja, a tshela ka bosenabokhutlo.” 23 Ke gone ka moo Jehofa Modimo a mo ntsha mo tshimong ya Etene, a ya go lema mmu o a ntshitsweng mo go one. 24 Jalo a lelekela motho kwa ntle; kwa ntlheng ya botlhabatsatsi ga tshimo ya Etene a baya ditšheruba, le kgabo ya tšhaka e e tukang, e kgadikanela ntlheng tsotlhe, go thiba tsela e e yang setlhareng sa botshelo. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa