Genese 2 - BAEBELE e e Boitshepo1 Legodimo le lefatshe tsa wediwa, le dilo tsotlhe tse di mo go tsone. 2 E rile ka letsatsi la bosupa, Modimo wa wetsa tiro ya one e o e dirileng; wa ikhutsa ka letsatsi la bosupa mo tirong yotlhe ya one e o e dirileng. 3 Modimo wa segofatsa letsatsi la bosupa, wa le itshepisa, gonne mo go lone o ne wa ikhutsa mo tirong yotlhe ya one, e Modimo o e tlhodileng wa e dira. 4 Tse, ke tsone ditshimologo tsa legodimo le tsa lefatshe, jale ka di tlholwa, ka motlha o Jehofa Modimo o dirileng lefatshe le legodimo ka one. Tshimo ya Etene 5 Go ne go ise go nne le setlhatshana sepe sa naga mo lefatsheng, le gone go ne go ise go tlhoge morogo ope wa naga, gonne Jehofa Modimo o ne a ise a nese pula mo lefatsheng, e bile go ne go se na motho ope yo o ka lemang lefatshe. 6 Ga tlhatloga mouwane mo lefatsheng wa nosa mmu otlhe. 7 Jehofa Modimo a bopa motho ka lorole lwa mmu, a budulela mowa wa botshelo mo dinkong tsa gagwe; motho a direga mowa o o tshedileng. 8 Jehofa Modimo a baya tshimo ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi, mo Etene, a baya gone motho yo o mmopileng. 9 Jehofa Modimo a medisa mo mmung setlhare sengwe le sengwe se se kgatlhang mo matlhong, le se se molemo go jewa; setlhare sa botshelo le sone fa gare ga tshimo, le setlhare sa kitso ya molemo le bosula. 10 Noka ya tswa mo Etene e ya go nosa tshimo; ya re e tswa gone ya kgaogana, ya nna maphata a le mane. 11 Leina la ya ntlha ke Pišone: Ke yone e e potologang lefatshe lotlhe la Hafila, kwa gouta e gone. 12 Gouta ya lefatshe leo e molemo; go bile go na le beteleuma, le majana a berule. 13 Leina la noka ya bobedi ke Gihone; ke yone e potologang lefatshe lotlhe la Kuše. 14 Leina la noka ya boraro ke Hitekele: eo ke yone e e potang lefatshe la Asiria ka fa botlhabatsatsi, noka ya bone ke Euferatese. 15 Jehofa Modimo a tsaya monna, a mmaya mo tshimong ya Etene, go e baakanya le go e lebelela. 16 Jehofa Modimo a laola monna a re: “O ka ja fela setlhare sengwe le sengwe sa tshimo ka go rata; 17 mme setlhare sa kitso ya molemo le bosula, sone o se ka wa se ja gonne ka tsatsi le o jang ga sone ruri o tlaa swa.” 18 Jehofa Modimo a re: “Ga go molemo fa monna a ka nna a le esi; ke tlaa mo direla thuso e e mo lebanyeng.” 19 Ke gone ka moo phologolo nngwe le nngwe ya naga le nonyane nngwe le nngwe ya loapi Jehofa Modimo a di bopa ka mmu, a di isa kwa monneng, go bona ka fa o tlaa di rayang maina ka gone. Leina le monna o le reileng sebopiwa sengwe le sengwe se se tshedileng, ya nna lone leina la sone. 20 Monna a raya dikgomo tsotlhe maina, le dinonyane tsa loapi, le phologolo nngwe le nngwe ya naga; mme Atame ene ga se ka ga bonwa thuso e e mo lebanyeng. 21 Jehofa Modimo a thulametsa monna ka boroko jo bogolo, mme a thulamela. Mme a ntsha logopo longwe lwa gagwe, a kopanya nama mo boemong jwa lone. 22 Logopo lo Jehofa Modimo o lo ntshitseng mo monneng, a lo dira mosadi, mme a mo isa kwa monneng. 23 Monna a re: “Jaana yo, ke lesapo la marapo a me, le nama ya nama ya me; o tlaa bidiwa Mosadi, ka a ntshitswe mo Monneng.” 24 Ke gone ka moo monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, o tlaa ngaparela mosadi wa gagwe; mme ba tlaa nna nama e le nngwe fela. 25 Monna le mosadi wa gagwe ba bo ba sa ikatega, ka bobedi jwa bone; ba bo ba se na ditlhong. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa