Ekesodo 7 - BAEBELE e e Boitshepo1 Jehofa a raya Moše a re: “Bona, ke go dirile go nna modimo mo go Faro; mme Arone mogoloo, o tlaa nna mmueledi wa gago. 2 O bue tsotlhe tse ke di go laolelang; Arone mogoloo, o tlaa bua le Faro gore a lese bana ba Iseraele ba tswe mo lefatsheng la gagwe, 3 mme ke tlaa thatafatsa pelo ya ga Faro, ke ntsifatsa ditshupo tsa me le dikgakgamatso tsa me mo lefatsheng la Egepeto. 4 Faro ga a ketla a lo reetsa, mme ke tlaa baya seatla sa me mo Egepeto, ke ntsha masomosomo a me, tšhaba ya me, e bong bana ba Iseraele, mo lefatsheng la Egepeto, ka ditshekiso tse dikgolo. 5 Baegepeto ba tlaa itse fa ke le Jehofa, motlhang ke otlololelang Egepeto letsogo la me, ke ntsha bana ba Iseraele mo gare ga bone.” 6 Moše le Arone ba dira jaaka Jehofa a ba laotse, ba dira fela jalo. 7 E rile ba bua le Faro, Moše a bo a le dinyaga di le 80, mme Arone a bo a le dinyaga di le 83. Thobane ya ga Arone 8 Jehofa a bua le Moše le Arone a re: 9 “E re fa Faro a bua le lona a re lo itshupe ka kgakgamatso; foo o reye Arone o re: ‘Tsaya thobane ya gago, o e latlhele fa pele ga Faro, gore e fetoge noga.’ ” 10 Moše le Arone ba tsena kwa go Faro ba dira jaaka Jehofa a ne a laotse; Arone a latlhela thobane ya gagwe fa pele ga Faro le fa pele ga batlhanka ba gagwe, mme ya fetoga noga. 11 Foo Faro le ene a bitsa matlhale le baloi; le bone ba dira fela jalo ka mereo ya bone, e le bone dingaka tsa Egepeto. 12 Ka gobo monna mongwe le mongwe a latlhela thobane ya gagwe, mme tsa fetoga dinoga; mme thobane ya ga Arone ya kometsa dithobane tsa bone. 13 Pelo ya ga Faro ya thatafala, a se ka a ba reetsa; fela jaaka Jehofa a buile. Petso ya metsi a fetoga madi 14 Jehofa a raya Moše a re: “Pelo ya ga Faro e logwadi fela, o gana go lesa batho ba tsamaya. 15 Ya kwa go Faro ka moso; bona, ene o tlaa tswa a ya kwa metsing; wena o eme fa lotshitshing lwa noka go mo kgatlhantsha gone; thobane e e neng e fetolwa noga, o e tshole mo seatleng sa gago. 16 O mo reye o re: ‘Jehofa, Modimo wa Bahebere o nthomile kwa go wena a re: Lesa batho ba me ba tsamaye, ba ye go ntirela kwa nageng; mme bona, aitse o a bo o ntse o sa reetsa le jaana. 17 Jehofa o bua jaana a re: O tlaa itse fa ke le Jehofa ka se: Bona, ke tlaa itaya metsi a a mo nokeng ka thobane e e mo seatleng sa me, mme a tlaa fetoga madi. 18 Ditlhapi tse di mo nokeng di tlaa swa, le noka e tlaa nkga sebodu; Baegepeto ba tlaa sulafalelwa ke go nwa metsi a noka.’ ” 19 Jehofa a raya Moše a re: “Raya Arone o re: ‘Tsaya thobane ya gago o otlolole letsogo la gago godimo ga metsi a Egepeto, godimo ga dinoka tsa bone, godimo ga dinokana tsa bone, le godimo ga makgelebe a bone, le godimo ga madutela a bone, gore a tle a fetoge madi; mme go tlaa nna madi mo lefatsheng lotlhe la Egepeto, mo dilwaneng tsa dikgong, le mo dilwaneng tsa maje.’ ” 20 Moše le Arone ba dira jalo, jaaka Jehofa a laotse; a tsholetsa thobane, a itaya metsi a a mo nokeng mo ponong ya ga Faro, le mo ponong ya batlhanka ba gagwe; mme metsi otlhe fela a a mo nokeng a fetoga madi. 21 Ditlhapi tse di mo nokeng tsa a swa; noka ya nkga sebodu, Baegepeto ba retelelwa ke go nwa metsi a noka; madi a nna fela mo lefatsheng lotlhe la Egepeto. 22 Dingaka tsa Egepeto tsa dira fela jalo ka mereo ya tsone; pelo ya ga Faro ya thatafala, a se ka a ba reetsa; fela jaaka Jehofa a buile. 23 Faro a menoga a ya a tsena mo ntlong ya gagwe, le gone golo mo a se ka a go baya mo pelong ya gagwe. 24 Baegepeto botlhe ba nna ba epa fa thoko ga noka ba batla metsi a a ka nowang; gonne ba ne ba palelwa ke go nwa metsi a noka. 25 Ga feta malatsi a supa Jehofa a sena go itaya noka. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa