Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ekesodo 6 - BAEBELE e e Boitshepo

1 Mme Jehofa a raya Moše a re: “Jaanong o tlaa bona se ke tlaa se direlang Faro; gonne o tlaa ba lesa ka letsogo le le thata ba tsamaya, o tlaa ba leleka mo lefatsheng la gagwe ka letsogo le le thata.”


Jehofa o bitsa Moše

2 Modimo wa bua le Moše wa mo raya wa re: “Ke nna JEHOFA.

3 Ke kile ka bonalela Aberahame, le Isake, le Jakobe, ke le Modimo Mothatayotlhe, mme ka leina la me la JEHOFA ka bo ke sa itsiwe mo go bone.

4 Ke bile ka tlhomamisa kgolagano ya me nabo go ba naya lefatshe la Kanana, lefatshe la majako a bone le ba ne ba jaka mo go lone.

5 Le gone gape ke utlwile go duma ga bana ba Iseraele, ba Baegepeto ba ba dirisang mo kgolegong; mme ke gakologetswe kgolagano ya me.

6 Ke gone, bua le bana ba Iseraele, o re: ‘Ke nna Jehofa, ke tlaa lo ntsha tlase ga merwalo ya Baegepeto, ke tlaa lo tlogedisa kgolego ya bone, ke tlaa lo rekolola ka letsogo le le otlologileng le ka ditshekiso tse dikgolo.

7 Ke tlaa lo itseela go nna batho ba me, ke tlaa nna Modimo wa lona; mme lo tlaa itse fa ke le Jehofa, Modimo wa lona, yo ke lo ntshang tlase ga merwalo ya Baegepeto.

8 Ke tlaa lo isa ke lo tsenya mo lefatsheng le ke tsholeditseng seatla sa me ka ga lone ka re, ke tlaa le naya Aberahame, le Isake, le Jakobe, ke tlaa le lo naya go nna boswa; ke nna Jehofa.’ ”

9 Moše a bua le bana ba Iseraele jalo; mme ba se ka ba reetsa Moše ka ntlha ya tlalelo e e manongonongo ya mowa, le ka ntlha ya kgolego e e bolalome.

10 Jehofa a bua le Moše a re:

11 “Ya go tsena o bue le Faro kgosi ya Egepeto gore a lese bana ba Iseraele ba tswe mo lefatsheng la gagwe.”

12 Moše a bua fa pele ga Jehofa, a re: “Bona, bana ba Iseraele ga ba a ntheetsa; ana Faro ene o tlaa nkutlwa jang, nna yo ke leng dipounama di sa rupang?”

13 Jehofa a bua le Moše le Arone, a ba laetsa kwa baneng ba Iseraele, kwa go Faro kgosi ya Egepeto, go ntsha bana ba Iseraele mo lefatsheng la Egepeto.


Losika lwa ga Moše le Arone

14 Ba, ke ditlhogo tsa makgotla a borraabo; bomorwa Rubene ngwana wa ntlha wa ga Iseraele, ke Hanoke, le Palu, Heserone le Karemi; bao ke ditso tsa ga Rubene.

15 Bomorwa Simeone; ke Jemuele, le Jamine, le Ohate le Jakine, le Sohare, le Shaule ngwana wa mosadi wa Kanana; bao ke ditso tsa ga Simeone.

16 A, ke maina a bomorwa Lefi, ka fa ditshikeng tsa bone; e bong Gerešone, le Kohathe, le Merari; dinyaga tsa botshelo jwa ga Lefi e ne e le dinyaga di le 137.

17 Bomorwa Gerešone; ke Libini le Shimei, ka fa ditsong tsa bone.

18 Bomorwa Kohathe: ke Amerame le Isehare, le Heberone le Usiele; mme dinyaga tsa botshelo jwa ga Kohathe e ne e le dinyaga di le 133.

19 Bomorwa Merari: ke Maheli le Muši. Tse ke ditso tsa ga Lefi ka fa ditshikeng tsa bone.

20 Amerame a tsaya Jokebete kgaitsadia rraagwe go nna mosadi wa gagwe; ene a bona nae bana, e bong Arone le Moše: dinyaga tsa botshelo jwa ga Amerame e ne e le dinyaga di le 137.

21 Bomorwa Isehare: ke Kora le Nefege, le Sikeri.

22 Bomorwa Usiele: ke Mišaele, le Elisafane, le Setheri.

23 Arone a tsaya Elišeba morwadia Aminatabe, kgaitsadia Našone, go nna mosadi wa gagwe; mme ene a bona nae bana, e bong, Natabe, le Abihu, le Eleasare, le Ithamare.

24 Bomorwa Kora: ke Asire, le Elekana, le Abiasafe; tse ke ditso tsa Bakora.

25 Eleasare morwa Arone a tsaya mongwe wa bomorwadia Putiele go nna mosadi wa gagwe; ene a bona nae Finease. Tse ke ditlhogo tsa makgotla a boora Lefi ka fa ditsong tsa bone.

26 Ba ke boArone le Moše bao ba Jehofa o ba reileng a re: “Ntshang bana ba Iseraele mo lefatsheng la Egepeto ka fa masomosomong a bone.”

27 Ba ke bone ba ba neng ba bua le Faro kgosi ya Egepeto gore ba ntshe bana ba Iseraele mo Egepeto, bao ke bone boMoše le Arone.


Jehofa o laela Moše le Arone

28 Ga diragala ya re ka letsatsi le Jehofa o ne a bua le Moše mo lefatsheng la Egepeto ka lone,

29 Jehofa a bua le Moše a re: “Ke nna Jehofa; o bolelele Faro kgosi ya Egepeto dilo tsotlhe tse ke di buang nao.”

30 Mme Moše a bua fa pele ga Jehofa a re: “Bona, nna ke dipounama tse di sa rupang, Faro o tlaa ntheetsa jang?”

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan