Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ekesodo 5 - BAEBELE e e Boitshepo


Moše le Arone ba tla fa pele ga kgosi Faro

1 Morago ga mo Moše le Arone ba tla ba raya Faro ba re: “Jehofa, Modimo wa Iseraele o bua jaana wa re: ‘Lesa batho ba me ba tsamaye ba ye go ntirela modiro kwa nageng.’ ”

2 Faro a re: “Jehofa e be e le mang, fa ke ka reetsa lentswe la gagwe ka lesa Baiseraele ba tsamaya? Ga ke itse Jehofa, gape ga nketla ke lesa Baiseraele ba tsamaya.”

3 Ba re: “Modimo wa Bahebere o kopanye le rona; re a go rapela, a ko o mme re ye loeto lwa malatsi a le mararo kwa nageng, re ye go isetsa Jehofa Modimo wa rona tlhabelo, e se re gongwe a re wela ka kgogodi le fa e le ka tšhaka.”

4 Kgosi ya Egepeto ya ba raya ya re: “Ana lona Moše le Arone lo repisetsang batho mo ditirong tsa bone? Tlogang lo ye kwa merwalong ya lona.”

5 Faro a re: “Bonang, jaanong batho ba lefatshe ba bantsi, mme lona lo ba diela merwalo ya bone.”

6 Faro a laola bagobagobetsi ba batho ka tsatsi leo, le maotlana a bone a re:

7 “Lo se ka lwa tlhola lo naya batho lotlhaka jaaka gale go dira setene; a ba ye go ipatlela lotlhaka.

8 Palo ya setene e ba ntseng ba e dira gale lo tlaa nna lo e lopa mo go bone fela; lo se ka lwa e ngotla gope; gonne ba bodufetse; ke gone ba goang ba re: ‘Re lese re ye go isetsa Modimo wa rona tlhabelo.’

9 A tiro e ketefalediwe banna bao gore ba dire mo go yone, mme ba se tlhokomele mafoko a maaka.”

10 Bagobagobetsi ba batho ba tswa le maotlana a bone, mme ba bua le batho ba re: “Faro o bua jaana a re: ‘Ga nketla ke lo naya lotlhaka.

11 A go tsamayeng lona lo ye go tsaya lotlhaka kwa lo ka lo bonang gone; fela tiro ya lona ga e ketla e fokodiwa gope.’ ”

12 Jalo batho ba phatlalala le lefatshe lotlhe la Egepeto ba kokoanya dirite mo boemong jwa lotlhaka.

13 Bagobagobetsi ba bo ba ba potlakisa ba re: “Dirang ditiro tsa lona tse di tletseng, e bong tsa selekanyo sa letsatsi le letsatsi jaaka gale lotlhaka lo sa ntse lo le gone.”

14 Maotlana a bana ba Iseraele a bagobagobetsi ba ga Faro ba a tlhomileng mo go bone a bediwa, a rewa ga twe: “Ana go ntse jang ka lo sa dira tiro e e tletseng maabane le gompieno, ka go dira setene jaaka gale?”

15 Foo maotlana a bana ba Iseraele a tla ka selelo kwa go Faro a re: “O direlelang batlhanka ba gago jalo?

16 Ga go na lotlhaka lo lo newang batlhanka ba gago, mme ba re raya ba re: ‘Dirang setene;’ mme batlhanka ba gago re a bediwa le fa ntswa molato one o le mo bathong ba gago.”

17 Mme ene a re: “Lo bobodu, lo bobodu! Ke gone ka mo lo reng: ‘Re lese re ye go isetsa Jehofa tlhabelo.’

18 Ke gone yang, lo dire jaanong jaana; gonne ga lo ketla lo newa lotlhaka lope, le fa go ntse jalo, palo ya setene lo tlaa e ntsha fela.”

19 Maotlana a bana ba Iseraele a ne a bona fa go le bosula mo go bone, ka go tulwe: “Lo se ka lwa fokotsa sepe mo seteneng mo tirong ya letsatsi le letsatsi.”

20 A kopana le Moše le Arone ba eme fa tseleng, a tswa kwa go Faro:

21 A ba raya a re: “A Jehofa a lo lebe, a atlhole, ka gobo lo dirile gore lonko lwa rona lo nkge sebodu mo matlhong a ga Faro le mo matlhong a batlhanka ba gagwe, go tla lo ba tsenya tšhaka mo seatleng go re bolaya.”


Moše o tlisa dingongorego fa pele ga Jehofa

22 Moše a boela kwa go Jehofa a re: “Morena, o direletseng batho ba bosula? O no o nthomelang?

23 Gonne e sa le jaaka ke tla mo go Faro go bua ka leina la gago, o ntse a direla batho ba bosula fela; le gone ga o a golola batho ba gago gope.”

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan