Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ekesodo 4 - BAEBELE e e Boitshepo


Moše o fiwa thata ya go dira dikgakgamatso

1 Moše a fetola a re: “Bona, ga ba ketla ba ntumela le fa e le go reetsa lentswe la me; gonne ba tlaa re: ‘Jehofa ga a a go bonalela.’ ”

2 Jehofa a mo raya a re: “Ke eng se se mo seatleng sa gago?” A re: “Ke thobane.”

3 Mme a re: “E latlhele fa fatshe.” A e latlhela fa fatshe, ya fetoga noga; Moše a e tshaba.

4 Jehofa a raya Moše a re: “Ntsha letsogo la gago o e tshware ka mogatla.” A ntsha letsogo a e tshwara, mme ya fetoga thobane mo seatleng sa gagwe.

5 “Gore ba dumele fa Jehofa, Modimo wa borraabo, Modimo wa ga Aberahame, Modimo wa ga Isake, le Modimo wa ga Jakobe, o go bonaletse.”

6 Gape Jehofa a fela a mo raya a re: “Tsenya seatla sa gago mo sehubeng sa gago.” A tsenya seatla sa gagwe mo sehubeng sa gagwe; a re a se ntsha, bonang seatla sa gagwe sa bo se le lepero, se le sesweu jaaka kapoko.

7 A re: “Tsenya seatla sa gago gape mo sehubeng sa gago.” Mme a tsenya seatla sa gagwe mo sehubeng sa gagwe gape; a re a se ntsha sa bo se fetogile gape, se ntse jaaka nama ya gagwe e nngwe.

8 “E tlaa re fa ba sa go dumele le fa e le go reetsa lentswe la sesupo sa ntlha, ba tlaa dumela lentswe la sesupo sa morago.

9 Fa ba sa dumele le fa e le ditshupo tse pedi, le fa e le go reetsa lentswe la gago, o tlaa tsaya metsi a noka, o a thele mo mmung o o omeletseng; metsi a o a tsayang mo nokeng a tlaa fetoga madi mo mmung o o omeletseng.”

10 Moše a raya Jehofa a re: “Ao, Morena, ga ke motho yo o itseng go bua sentle, le fa e le gale, le fa e le o sena go bua le motlhanka wa gago, gonne ke bonya mo puong, ke bile ke loleme lo bonya.”

11 Jehofa a mo raya a re: “E mang yo o dirileng molomo wa motho? Kgotsa e mang yo o dirang motho gore a nne semumu, gongwe a nne susu, gongwe a nne yo o bonang, kgotsa a nne sefofu? A ga se nna Jehofa?

12 Jaanong ka re tsamaya, ke tlaa nna le molomo wa gago ke go ruta se o tlaa se buang.”

13 Mme a re: “Ao, Jehofa, a ko o rome ka yo o ka mo romang.”

14 Bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Moše, foo a re: “A mogoloo Arone, Molefi, a ga a gone? Ke a itse fa ene a ka bua sentle. Le gone, bona, o e tla, o tla go go kgatlhantsha, o tlaa re a go bona a itumele mo pelong ya gagwe.

15 O tlaa bua nae, o tsenya one mafoko mo molomong wa gagwe; ke tlaa nna le molomo wa gago le molomo wa gagwe, ke lo ruta se lo tlaa se dirang.

16 Ene o tlaa nna mmueledi wa gago mo bathong: go tlaa diragala gore ene a nne molomo wa gago, wena o nne jaaka Modimo mo go ene.

17 Thobane e, e o tlaa dirang ditshupo ka yone, o e tshole ka seatla sa gago.”


Moše o boela kwa Egepeto

18 Moše a tsamaya a boela kwa go Jethero mogwagadie, a mo raya a re: “A ko o mme ke tsamaye ke boele kwa go bagaetsho ba ba kwa Egepeto, ke ye go bona gore a ba sa ntse ba tshedile.” Jethero a raya Moše a re: “Tsamaya ka kagiso.”

19 Moše a re a le mo Midiane Modimo wa mo raya wa re: “Tsamaya o boele kwa Egepeto; gonne banna botlhe ba ba neng ba ba batla go go bolaya ba sule.”

20 Moše a tsaya mosadi wa gagwe le bomorwawe, a ba palamisa mo eseleng, a boela kwa lefatsheng la Egepeto; Moše a tshola thobane ya Modimo mo seatleng sa gagwe.

21 Jehofa a raya Moše a re: “E tlaa re o boela kwa Egepeto, o bone gore o dire fa pele ga Faro dikgakgamatso tse ke di go tsentseng mo seatleng; ke tlaa thatafatsa pelo ya gagwe, ga a ketla a leseletsa batho ba tsamaya.

22 Mme o reye Faro o re: Jehofa o bua jaana a re: ‘Iseraele ke morwaake, ngwana wa ntlha wa me.

23 Ke go reile ka re: Mma morwaake a tsamaye, gore a ye go ntirela; mme o ganne go mo lesa: bona, ke tlaa bolaya morwao, ngwana wa ntlha wa gago.’ ”

24 Ga diragala ya re mo tseleng kwa go lalwang gone, Jehofa a mo kgatlhantsha, mme a batla go mmolaya.

25 Foo Sipora a tsaya lekgethu, a rupisa morwawe, a go latlhela fa dinaong tsa gagwe; a re: “Ruri o monna wa madi mo go nna.”

26 Jalo Jehofa a mo lesa. Foo mosadi a re: “O monna wa madi,” ka thupiso.

27 Jehofa a raya Arone a re: “Ya kwa nageng, o ye go kgatlhantsha Moše.” Jalo a ya a kopanela nae mo thabeng ya Modimo, mme a mo atla.

28 Moše a bolelela Arone mafoko otlhe a Jehofa o a mo romileng, le ditshupo tsotlhe tse o di mo laoletseng.

29 Moše le Arone ba ya ba phutha bagolwane botlhe ba bana ba Iseraele.

30 Mme Arone a bua mafoko otlhe a Jehofa o a buileng le Moše, a ba a dira ditshupo mo ponong ya batho.

31 Batho ba dumela; e rile ba utlwa fa Jehofa a lekotse bana ba Iseraele, a bile a bonye patikego ya bone, foo ba ikoba ditlhogo, ba obama.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan