Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ekesodo 32 - BAEBELE e e Boitshepo


Namane ya gouta
( Duter 9:6-29 )

1 E rile batho ba bona fa Moše a diegile go fologa mo thabeng, ba iphuthela kwa go Arone, ba mo raya ba re: “Nanoga o re direle medimo e e tlaa re etelelang pele; gonne ka ga motho yo Moše, motho yo o re ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, ga re itse kwa o ileng gone.”

2 Arone a ba raya a re: “Rolang manyena a gouta a a mo ditsebeng tsa basadi ba lona, le tsa bomorwaa lona, le tsa bomorwadia lona, lo a lere kwano go nna.”

3 Batho botlhe ba rola manyena a gouta a a mo ditsebeng tsa bone, ba a lere mo go Arone.

4 A a amogela mo go bone, a seta ka seseta, a a dira namane e e thetsweng; mme ba re: “E ke yone medimo ya gago wena Iseraele, e e go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.”

5 E rile Arone a bona jalo, a aga sebeso fa pele ga yone; a dira kitsiso, a re: “E tlaa re ka moso go nne modiro wa ga Jehofa.”

6 Ya re ka moso ba phakela ba isa ditshupelo tse di fisiwang, ba lere ditshupelo tsa kagiso; mme batho ba dulela go ja le go nwa, ba itse go nanoga ba tshameka.

7 Jehofa a bua le Moše a re: “Tsamaya o fologe; gonne batho ba gago ba o ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto ba ipodisitse.

8 Ba akofile ba fapoga tsela e ke e ba laoletseng; ba itiretse namane e e thetsweng, ba e obametse, ba e iseditse tshupelo, ba re: ‘E ke yone medimo ya gago wena Iseraele, e e go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.’ ”

9 Jehofa a raya Moše a re: “Ke e bonye tšhaba e, gore ke tšhaba e e thamo e thata;

10 jaana ka re ntesa, o mme bogale jwa me bo ba tukele, gore ke tle ke ba nyeletse; mme wena ke tlaa go dira morafe o mogolo.”

11 Moše a rapela Jehofa, Modimo wa gagwe, a re: “Jehofa, bogale jwa gago bo tukelelang batho ba gago ba o ba ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto ka thata e kgolo, le ka letsogo le le nonofileng?

12 Ana Baegepeto ba tlaa bo ba buelang, ba re: ‘O ba ntshitse go tla a ba bona bosula, le go ba bolaela mo dithabeng, le go ba nyeletsa ba tloga mo lefatsheng’? Fapoga bogale jwa gago jo bo tukang, mme o ikwatlhaele bosula jo o bo laoletseng batho ba gago.

13 A ko o gakologelwe Aberahame, le Isake, le Iseraele, batlhanka ba gago, ba o ba ikanetseng ka wena ka wesi, wa ba raya wa re: ‘Ke tlaa ntsifatsa peo ya lona e nne jaaka dinaledi tsa legodimo, mme lefatshe lotlhe le ke buileng ka ga lone ke tlaa le naya peo ya lone, mme ba tlaa le rua ka bosakhutleng.’ ”

14 Jehofa a busa pelo mo bosuleng jo o rileng o tlaa bo direla batho ba gagwe.

15 Moše a boa, a fologa mo thabeng, a tshotse matlapa a mabedi a tshupo; e le matlapa a a kwadilweng ka fa ntlheng tsoo pedi; a kwadilwe ka fa ntlheng nngwe le ka fa ntlheng e nngwe.

16 Matlapa e ne e le tiro ya Modimo, le go kwala e le go kwala ga Modimo, go gabilwe mo matlapeng.

17 E rile Jošua a utlwa modumo ka ba duduetsa, a raya Moše a re: “Go na le modumo wa ntwa mo botlhaolelong.”

18 Ene a re: “Ga se modumo wa ba ba dudueletsang phenyo, le gone ga se kuruetso ya ba ba lelang ka go fenngwa; nna ke utlwa modumo wa ba ba opelang fela.”

19 Ya re a atamela kwa botlhaolelong, a bona namane le dipino; mme bogale jwa ga Moše jwa tuka, a piriganya matlapa, a a rabanyetsa fa tlase ga thaba.

20 A tsaya namane e ba e dirileng, a e fisa ka molelo, a e sila boleta, a e kubuela mo metsing, a ba a e nosa bana ba Iseraele ka thata.

21 Moše a raya Arone a re: “Tšhaba e e go rileng fa e bo ne ne o lerile boleo jo bogolo mo go bone jaana?”

22 Arone a re: “A bogale jwa morena wa me bo se tuke; o a e itse tšhaba e fa e tlhomile pelo mo bosuleng fela;

23 gonne ba ntheile ba re: ‘Re direle medimo e e tlaa re etelelang pele; gonne ka ga motho yo Moše, yo o re ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, ga re itse kwa o ileng gone.’

24 Ka ba raya ka re: ‘Le fa e le mang yo o nang le gouta, a a e role;’ mme ba e nnaya; ka e latlhela mo molelong, mme ga tswa namane e.”

25 E rile Moše a bona fa batho ba ngalogile; gonne Arone a ba leseleditse fela, e le gore ba tle ba sotlege mo babeng ba bone,

26 foo Moše a ema mo kgorong ya botlhaolelo a re: “Le fa e le mang yo o ntlheng ya ga Jehofa a a tle kwano go nna.” Mme bomorwa Lefi botlhe ba itlhophela kwa go ene.

27 A ba raya a re: “Jehofa o bua jaana, Modimo wa Iseraele, a re: ‘A mongwe le mongwe wa lona a ikgatlhele tšhaka ya gagwe mo lothekeng, mme lo ralale bothibelelo jotlhe go tswa kgorong nngwe le go ya kwa kgorong e nngwe, mme mongwe le mongwe a bolaye morwa rraagwe, le monkana wa gagwe, le wa ga gabo.’ ”

28 Bomorwa Lefi ba dira jaaka lefoko la ga Moše; mme ga wa ka letsatsi leo batho e ka ne e le ba 3 000.

29 Moše a re: “Itshwaeleng Jehofa gompieno, ee, e bong motho mongwe le mongwe a tlhabane le morwawe le morwa rraagwe, gore a tle a lo neye tshegofatso gompieno.”

30 Ka moso Moše a raya batho a re: “Lo leofile boleo jo bogolo; jaana ke tlaa tlhatlogela kwa go Jehofa; e tlaa re gongwe ke direle boleo jwa lona tetlanyo.”

31 Moše a ba a boela kwa go Jehofa a re: “Ijo! batho ba ba leofile boleo jo bogolo, ba itiretse medimo ya gouta.

32 Le fa go ntse jalo, fa jaana o ka ba itshwarela boleo; mme fa go sa nna jalo, a ko o mphimole mo lokwalong lwa gago lo o lo kwadileng.”

33 Jehofa a raya Moše a re: “Le fa e le mang yo o nteofetseng, ke ene ke tlaa mo phimolang mo lokwalong lwa me.

34 Jaanong tsamaya, o gogele batho ba me kwa ke buileng nao ka ga gone; bona, moengele wa me o tlaa go etelela pele; e tlaa re mo tsatsing le ke lekolang ka lone, ke tlaa ba betsa ka boleo jwa bone.”

35 Jehofa a itaya batho ba, ka ba dirile namane e Arone o e dirileng.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan