Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ekesodo 26 - BAEBELE e e Boitshepo


Motlaagana wa ga Jehofa
( Ekes 36:8-38 )

1 “Gape o dire motlaagana ka matsela a le some a a lepeletseng; o a dire ka letsela la leloba le le boleta, le le otlhilweng bosesane, le ka bobududu, le bohibidu jo bo mokgona, le bohibidu jo bo letlhololo, o bo o a loge ditshwano tsa ditšheruba, e le mo go ka tsetsenwang ke setswerere.

2 A boleele jwa matsela a a lepeletseng bo nne selekanyo sa dimetara di le 12, lengwe le lengwe, boatlhamo jwa letsela lengwe le lengwe bo nne selekanyo sa dimetara di le pedi; matsela ao otlhe a nne selekanyo se le sengwe fela.

3 Matsela a a lepeletseng a le matlhano a tshwaraganngwe; le matsela a mangwe a matlhano a tshwaraganngwe.

4 O dire digwe tsa bobududu mo losing lwa letsela le lengwe, e bong mo losing lwa fa le tshwaraganngwang gone; mme o dire jalo mo letseleng le lengwe, mo losing lo lo kwa ntle, fa tshwaraganong ya bobedi.

5 O dire digwe di le 50 mo letseleng le lengwe; o bo o dire digwe di le 50 mo losing lwa letsela mo tshwaraganong ya bobedi, a digwe di lebagane.

6 O dire dikgoge di le 50 ka gouta, o kgogetse matsela ka dikgoge, mme motlaagana o tlaa bo o le mmogo.

7 “O dire matsela a maodi a dipodi go nna mogope o o emang motlaagana godimo; o dire matsela a le 11.

8 Boleele jwa letsela lengwe le lengwe a bo nne dimetara di le 13, le boatlhamo jwa letsela lengwe le lengwe a bo nne dimetara di le pedi; matsela a a 11 ao a nne selekanyo se le sengwe fela.

9 O tlaa tshwaraganya matsela a le matlhano ka osi, le matsela a le marataro ka osi, letsela la borataro o tlaa le tshekaganyetsa fa pele ga mogope.

10 O dire digwe di le 50 mo losing lwa letsela le lengwe le le ka fa ntle ga tshwaragano, le digwe di le 50 mo losing lwa letsela le le ka fa ntle ga tshwaragano ya bobedi.

11 “O dire dikgoge di le 50 ka kgotlho, o tsenye dikgoge mo digweng, o itse go gokaganya mogope gore o nne mmogo fela.

12 Phatsa e e setseng e okame fela ya matsela a mogope, e bong mofama wa letsela le le setseng, e tshologele ka fa morago ga motlaagana.

13 Phatsa e e ka fa ntlheng e nngwe, le phatsa e e ka fa ntlheng e nngwe, tsa mo go duleng ga boleele jwa matsela a mogope, a go tshologele ka fa ditlhakoreng tsa motlaagana, ke gore, ka fa lotlhakoreng lo longwe le lo longwe, go o khurumetsa.

14 “O direle mogope sekhurumetso sa matlalo a diphelefu a a hubiditsweng, le sekhurumetso sa matlalo a manyebi godimo.

15 “O direle motlaagana dimati tsa mokala, tse di tlaa emang di thokgame.

16 Boleele jwa phatsa a bo nne dimetara di le nne, le boatlhamo bo nne disentimetara di le 66, phatsa nngwe le nngwe jalo.

17 Phatsa nngwe le nngwe a e dire le malomelo a le mabedi, go lomelwe nngwe mo go e nngwe; o dire jalo mo dimating tsotlhe tsa motlaagana.

18 O direle motlaagana dimati, e bong dimati di le 20 ka fa ntlheng ya borwa.

19 O direle dimati tse di 20 ditlhako di le 40 tsa selefera; ditlhako di le pedi di direlwe malomelo a mabedi a lomati, le ditlhako di le pedi di direlwe malomelo a mabedi a lomati lo longwe;

20 ntlha ya bobedi ya motlaagana, e bong ntlha ya botsheka, o e direle dimati di le 20,

21 le ditlhako tsa tsone tsa selefera di nne 40; ditlhako di le pedi fa tlase ga lomati longwe, le ditlhako di le pedi fa tlase ga lomati lo longwe.

22 Ka fa morago ga motlaagana, ntlheng ya bophirimatsatsi, o go direle dimati di le thataro.

23 Kwa dikgonong tsa motlaagana ka kwa morago ga one o di direle dimati di le pedi.

24 Kwa tlase a di patagane sebedi, mme di ye di le mmogo kwa godimo kwa molepong wa ntlha; a go nne jalo mo go tsone tsoo pedi; di nnele jalo kwa dikgonong tsoo pedi.

25 A go nne dimati di fera mebedi le ditlhako tsa tsone tsa selefera, ditlhako di le 16; ditlhako di le pedi tlase ga lomati longwe, le ditlhako di le pedi tlase ga lomati lo longwe.

26 “O dire merapalego ka mokala; e le metlhano e nne ya dimati tsa lotlhakore longwe lwa motlaagana.

27 Merapalego e le metlhano e direlwe dimati tsa lotlhakore lo longwe lwa motlaagana, le merapalego e le metlhano e direlwe dimati tsa ka fa ntlheng ya motlaagana ya ka kwa morago, ntlheng ya bophirimatsatsi.

28 Morapalego wa gare, o o fa gare ga dimati, a o rapalale fela, o tswe ntlheng nngwe o ya go fitlha ntlheng e nngwe.

29 O manege dimati gouta, o bo o dire melepo ya tsone ka gouta, e nne masomelo a merapalego; mme o manege merapalego ka gouta.

30 O tlhome motlaagana ka fa sekaelong sa one se o se kaetsweng mo thabeng.

31 “Mme o dire sesiro sa bobududu, le bohibidu jo bo mokgona, le bohibidu jo bo letlhololo, le ka leloba le le boleta, le le otlhilweng bosesane; o se loge ditshwano tsa ditšheruba, e le mo go ka tsetsenwang ke setswerere.

32 O se pege mo maotwaneng a le mane a mokala a a manegilweng gouta, dikgoge tsa tsone e le tsa gouta, mme a tlhomilwe mo ditlhakong di le nne tsa selefera.

33 O pege sesiro mo dikgogeng tsa gouta, o ise letlole la tshupo gone ka fa teng ga sesiro; sesiro seo se lo kgaoganyetse felo ga boitshepo le felo ga boitshepo jwa maitshepo.

34 O beye senno sa boutlwelo botlhoko mo godimo ga letlole la tshupo, mo felong ga boitshepo jwa maitshepo.

35 Lomati lwa bojelo o lo beye ka fa ntle ga sesiro, le setlhomo sa dipone, bolebana le lomati lwa bojelo, ka fa ntlheng ya borwa mo motlaaganeng, mme lomati lwa bojelo o lo beye ka fa ntlheng ya botsheka.

36 “O direle mojako wa mogope sebipo ka bobududu, le bohibidu jo bo mokgona, le bohibidu jo bo letlhololo, le leloba le le boleta le le otlhilweng bosesane, e le tiro ya motsantsabetsi.

37 O direle sebipo maotwana a le matlhano a mokala, o di manege gouta; dikgoge tsa one e nne tsa gouta; o bo o a direle ditlhako di le tlhano tsa kgotlho.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan