Ekesodo 24 - BAEBELE e e BoitshepoKgolagano e tlhomamisitswe 1 Jehofa a raya Moše a re: “Tlhatlogela kwa go Jehofa, wena, le Arone, le Natabe, le Abihu, le bagolwane ba Iseraele ba le 70; mme lo obame lo le kgakala. 2 Moše a le esi ke ene yo o tlaa atamelang kwa go Jehofa; mme bone ba se atamele; le gone batho ba se tlhatloge nae.” 3 Moše a fitlha a bolelela batho mafoko otlhe a ga Jehofa, le dikatlholo tsotlhe; mme batho botlhe ba fetola ka lentswe le le lengwe fela ba re: “Mafoko otlhe a Jehofa o a buileng re tlaa a dira.” 4 Moše a kwala mafoko otlhe a ga Jehofa, mme a phakela a aga sebeso fa tlase ga thaba, le difikantswe tse di motloutlo di le 12, jaaka ditso di le 12 tsa Iseraele. 5 A roma makau a bana ba Iseraele, ba isa ditshupelo tse di fisiwang, ba isetsa Jehofa ditlhabelo tsa dikgomo, e le ditshupelo tsa kagiso. 6 Moše a tsaya madi bontlhanngwe, a a tsenya mo dijaneng, mme bontlha e nngwe jwa madi a a kgatsha mo sebesong. 7 A tsaya lokwalo lwa kgolagano, a lo bala mo kutlong ya batho. Ba re: “Gotlhe mo Jehofa o go buileng re tlaa go dira, re go utlwa.” 8 Moše a tsaya madi, a kgatsha batho ka one, a re: “Bonang madi a kgolagano e Jehofa o e dirileng le lona ka ga mafoko otlhe a.” 9 Foo ga tlhatloga Moše le Arone, le Natabe le Abihu, le bagolwane ba Iseraele ba le masome a supa. 10 Ba bona Modimo wa Iseraele: Ka fa tlase ga dinao tsa one ga bo go ntse jaaka ekete sephara sa lentswe la safira, go galalela jaaka legodimo. 11 Mme mo dikgosaneng tsa bana ba Iseraele ga a ka a di isetsa seatla; ba bona Modimo, mme ba a ja ba a nwa fela. Moše kwa thabeng ya Sinai 12 Jehofa a raya Moše a re: “Tlhatlogela kwano go nna mo thabeng, mme o nne gone; ke tlaa go naya matlapa, le molao o ke o kwadileng le ditaolo, gore o di rute batho.” 13 Moše a nanoga le Jošua modiredi wa gagwe; Moše a tlhatlogela mo thabeng ya Modimo. 14 A raya bagolwane a re: “Lona lo re nnele fano re tsamaye re tle kwano go lona gape; lo na le Arone le Hure; mongwe le mongwe yo o nang le mafoko a a atamele bone.” 15 Moše a tlhatlogela mo thabeng, mme leru la khurumetsa thaba. 16 Kgalalelo ya ga Jehofa ya nna mo thabeng ya Sinai, le leru la e khurumetsa ka malatsi a le marataro; e rile ka letsatsi la bosupa a tlhaeletsa Moše a le mo gare ga leru. 17 Go bonala ga kgalalelo ya ga Jehofa ga bo go ntse jaaka molelo o o lailang mo godimo ga thaba, mo matlhong a bana ba Iseraele. 18 Moše a tsena mo teng ga leru, a tlhatlogela mo thabeng; Moše a nna mo thabeng ka malatsi a le 40 le masigo a le 40. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa