Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ekesodo 2 - BAEBELE e e Boitshepo


Botsalo jwa ga Moše

1 Ga tloga monna mongwe wa kgotla ya ga Lefi, a ya a tsaya mosadi mo go bomorwadia Lefi.

2 Mosadi a nna moimana, a bona ngwana wa mosimane; o rile a mmona fa e le ngwana yo montle a mo suba ka dikgwedi di le tharo.

3 E rile a palelwa ke go tlhola a mo subile, a mo tseela seroto sa koma, a se dila ka bitumena le ka boka; a tsenya ngwana mo go sone, a se baya mo motsitleng fa lotshitshing lwa noka.

4 Kgaitsadie a emela kgakala gore a tle a itse se o tlaa se dirwang.

5 Morwadia Faro a fologela kwa nokeng a ya go tlhapa; malata a gagwe a nna a tsamaya le lotshitshi lwa noka; mme ene a bona seroto mo motsitleng, a roma lelata la gagwe la ya go se tsaya.

6 A se khurumolola mme a bona ngwanyana; mme bonang, losea lwa lela. Mme a lo tlhomogela pelo, a re: “Yo ke ngwana mongwe wa Bahebere.”

7 Foo kgaitsadie a raya morwadia Faro a re: “A ke ke ye go go biletsa moamusi wa basadi ba Bahebere gore a go amusetse ngwana yo?”

8 Morwadia Faro a mo raya a re: “Ya go mmitsa.” Morweetsana a ya a bitsa mma ngwanyana.

9 Morwadia Faro a mo raya a re: “Tsaya ngwana yo o ye nae o mo nkamusetse; ke tlaa go naya tuelo ya gago.” Mosadi a tsaya ngwana, a mo amusa.

10 Ngwanyana a gola, mmaagwe a mo isa kwa go morwadia Faro, a nna morwawe. A mo raya leina a re Moše; a re: “Ka gobo ke mo ntshitse mo metsing.”


Moše o tshabela kwa Midiane

11 Ga diragala ya re mo metlheng eo, Moše a sena go gola, a tswela kwa go ba ga gabo, a leba merwalo ya bone; a bona Moegepeto a itaya Mohebere mongwe wa ba ga gabo.

12 A gadima kwa le kwa, ya re a bona fa go se na motho ope, a bolaya Moegepeto, a mo fitlha mo mošaweng.

13 A tswa ka letsatsi la bobedi, mme bonang, banna ba le babedi ba Behebere ba lwa; a raya yo o rumolanyeng a re: “O iteelang mogaeno?”

14 A re: “E mang yo o go tlhomileng go nna kgosana le moatlhodi mo go rona? A o gopola go mpolaya jaaka o bolaile Moegepeto?” Moše a boifa; a re: “E ntse jaana selo se se itsegile.”

15 Mme jaana e rile Faro a utlwa selo seo a senka go bolaya Moše. Moše a tshaba sefatlhogo sa ga Faro, a aga mo lefatsheng la Midiane, a dula fa sedibeng.

16 Moperesiti wa Midiane o ne a na le bana ba basetsana ba supa: ba tla go ga, ba gelelela letsomane la ga rraabo, ba le nosetsa mo mekorong.

17 Ga tla badisa, ba ba leleka. Moše a nanoga, a ba thusa, a nosa letsomane la bone.

18 E rile ba fitlha kwa go Reuele, rraabo a re: “Ana go ntse jang ka lo akofile gompieno?”

19 Ba re: “Moegepeto mongwe o re golotse mo seatleng sa badisa a ba a re gelelela, a nosa letsomane.”

20 A raya bomorwadie a re: “Mme o fa kae? Ana lo mo tlogeletseng monna yoo? Mmitseng gore a tle go ja.”

21 Moše a aga le monna yo a thethebetse pelo; mme a tseisa Moše Sipora, morwadie.

22 A bona ngwana wa mosimane nae, a mo raya leina a re, Gerešome, gonne a re: “Ke ntse ke le mojaki mo lefatsheng la boeng.”

23 Ga diragala ya re mo go feteng ga malatsi ao a mantsi, kgosi ya Egepeto ya a swa. Bana ba Iseraele ba fegelwa ka ntlha ya kgolego, mme ba lela; go lela ga bone ga tlhatlogela kwa Modimong ka ntlha ya kgolego.

24 Modimo wa utlwa go lela ga bone mme wa gakologelwa kgolagano ya one le Aberahame le Isake le Jakobe.

25 Modimo wa leba bana ba Iseraele, wa ba ngoka.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan