Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ekesodo 18 - BAEBELE e e Boitshepo


Jethero o etela Moše

1 Jaana Jethero moperesiti wa Midiane, mogwagadia Moše, a utlwela dilo tsotlhe tse Modimo o di diretseng Moše, le Iseraele batho ba one, jaaka Jehofa a ntshitse Iseraele mo Egepeto.

2 Jethero, mogwagadia Moše, a tsaya Sipora, mosadi wa ga Moše, ka a ne a mmuseditse kwa ga gabo,

3 le bomorwawe ba babedi: leina la mongwe e ne e le Gerešome, gonne a re: “Ke ntse ke le mojaki mo lefatsheng la boeng.”

4 Leina la yo mongwe e le Eliesere, gonne a re: “Modimo wa ga rre e ne e le thuso ya me, wa nkgolola mo tšhakeng ya ga Faro.”

5 Jethero mogwagadia Moše, a tla kwa go Moše a na le bomorwawe le mosadi wa gagwe; a tla mo nageng kwa o thibeletseng gone, fa thabeng ya Modimo.

6 Mme a raya Moše a re: “Nna Jethero, mogwagadio, ke tsile kwano go wena, ke na le mosadi wa gago le bomorwao boo babedi nae.”

7 Moše a tswa a ya go kgatlhantsha mogwagadie, mme a ikoba, a mo atla; ba botsanya ka fa ba tshedileng ka gone, mme ba tsena mo mogopeng.

8 Moše a bolelela mogwagadie tsotlhe tse Jehofa o di diretseng Faro le Baegepeto ka ntlha ya Iseraele, le pitlagano yotlhe e e ba wetseng mo tseleng, le jaaka Jehofa a ba golotse.

9 Jethero a itumelela molemo o Jehofa o o diretseng Iseraele, ka a ba golotse mo seatleng sa Baegepeto.

10 Jethero a re: “A go bakwe Jehofa, yo o lo golotseng mo seatleng sa Baegepeto, le mo seatleng sa ga Faro; yo o golotseng tšhaba e kwa tlase ga seatla sa Baegepeto.

11 Jaanong ke a itse fa Jehofa a le mogolo bogolo go medimo yotlhe; ee, le mo go se ba ne ba ba direla ka bopelompe ka sone.”

12 Jethero, mogwagadia Moše, a isetsa Modimo tshupelo e e fisiwang, le ditlhabelo; mme Arone a tla le bagolwane botlhe ba Iseraele, ba tla go ja dijo le mogwagadia Moše fa pele ga Modimo.


Tlhomo ya baatlhodi
( Duter 1:9-18 )

13 Ya re ka moso, Moše a dulela go atlhola batho; batho ba ema ba dikanyeditse Moše go simolola go le ka moso go ya maitseboeng.

14 E rile mogwagadia Moše a bona gotlhe mo o go direlang batho a re: “Ana ke eng mo o go direlang batho? O dulelang o le wesi, mme batho botlhe ba tlhola ba eme ba go dikanyeditse, go simolola go le ka moso go ya maitseboaneng?”

15 Moše a raya mogwagadie a re: “Ke ka gonne batho ba tla mo go nna ba tla go botsa Modimo;

16 ya re fa ba na le mafoko mangwe ba tle mo go nna; mme ke atlhole gare ga motho le wa ga gabo, ke be ke ba itsise ditao tsa Modimo, le melao ya one.”

17 Mogwagadia Moše a mo raya a re: “Mo o go dirang ga go molemo.

18 Ruri o tlaa tlhorega fela, wena, le batho ba o nang nabo; gonne mo o go dirang go bokete bobe mo go wena; ga o a lekana go go dira o le wesi.

19 A ko o utlwe lentswe la me, ke tlaa go naya kgakololo, mme Modimo o nne nao; ka re, wena o emele batho ntlheng ya Modimo, o ise mafoko a bone kwa Modimong,

20 o ba rute ditao le melao, o ba kaele tsela e ba tshwanetseng go tsamaya mo go yone, le tiro e ba tshwanetseng go e dira.

21 Gape, mo bontsing jwa batho o lebalebe banna ba ba nonofileng, ba ba boifang Modimo, banna ba boammaaruri, ba ba ilang papadi e e sa siamang; mme o tlhome ba ba ntseng jalo mo go bone, gore e nne balaodi ba dikete, le balaodi ba makgolo, le balaodi ba masome a matlhano, le baloadi ba masome;

22 ba atlhole batho ka metlha yotlhe; mme mafoko otlhe a matona ba a lere mo go wena, mme mafoko otlhe a mabotlana ba a atlhole ka bosi; jalo go nne bofefo mo go wena, ba rwale morwalo nao.

23 Fa o ka dira selo se, fa Modimo o go laola jalo, foo o ka bona go itshoka, le tšhaba yotlhe e, le yone e tlaa ya felong ga yone ka kagiso.”

24 Moše a reetsa lentswe la ga mogwagadie, a dira gotlhe mo o go buileng.

25 Moše a tlhaola banna ba ba nonofileng mo go Baiseraele botlhe, a ba dira ditlhogo mo bathong, balaodi ba dikete, le balaodi ba makgolo, le balaodi ba masome a matlhano, le balaodi ba masome.

26 Ba atlhola batho ka metlha yotlhe; mafoko a a thata ba a ise kwa go Moše, mme mafoko a mabotlana ba a atlhole ka bosi.

27 Moše a lesa mogwagadie a tsamaya; a ikela kwa lefatsheng la ga gabo.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan