Ekesodo 17 - BAEBELE e e BoitshepoMetsi a a tswang mo lefikeng ( Dipalo 20:1-13 ) 1 Phuthego yotlhe ya bana ba Iseraele ya tloga ya tswa mo nageng ya Sine, ka go tshetsa, ka fa taolong ya ga Jehofa, ba thibelela mo Refidime; mme ga bo go se na metsi a batho ba ka a nwang. 2 Batho ba ganela le Moše ka ntlha ya gone moo, ba re: “Re neye metsi gore re nwe.” Moše a ba raya a re: “Lo ganelelang le nna? Lo leka Jehofa ka ntlha yang?” 3 Batho ba nyorelwa metsi go nwa; batho ba ngongoregela Moše ba re: “O ne o re ntshetsang kwa Egepeto o tla go re bolaya le bana ba rona, le dikgomo tsa rona, ka lenyora?” 4 Moše a tlhaeletsa kwa go Jehofa, a re: “Batho ba ke tlaa ba dirang? Ekete ba iketleeditse go nkgobotletsa ka maje.” 5 Jehofa a raya Moše a re: “Fetela kwa pele ga batho, o itseele bagolwane bangwe ba Iseraele; o bo o tseye le thobane ya gago, e o ne wa itaya noka ka yone, o e tshole ka seatla, o tsamaye. 6 Ke tlaa ema fa pele ga gago gone mo lefikeng mo Horebe; o tlaa itaya lefika mme metsi a tlaa tswa mo go lone gore batho ba nwe.” Moše a dira jalo mo ponong ya bagolwane ba Iseraele. 7 Golo foo a go raya leina a re: Masa le Meriba, ka ntlha ya kganelo ya bana ba Iseraele, le ka gonne ba ne ba leka Jehofa ba re: “A Jehofa o mo gare ga rona kgotsa nnyaa?” Ntwa le ba Amaleke 8 Foo ga tla Amaleke, a tlhabana le Iseraele mo Refidime. 9 Moše a raya Jošua a re: “Re tlhaolele banna, o bolole o ye go tlhabana le Amaleke; ka moso ke tlaa tsoga ke ema kwa tlhoreng ya thaba ke tshotse thobane ya Modimo mo seatleng sa me.” 10 Jalo Jošua a dira jaaka Moše a mo reile, a tlhabana le Amaleke. Moše, le Arone, le Hure, ba tlhatlogela kwa tlhoreng ya thaba. 11 Ga diragala, e ne e re fa Moše a tsholeditse letsogo, Iseraele a ba thatafalele; e re fa a digile letsogo, Amaleke a ba thatafalele. 12 Mabogo a ga Moše a bo a le bokete; mme ba tsaya lentswe, ba le baya tlase ga gagwe, a dula mo go lone. Arone le Hure ba tshegetsa mabogo a gagwe, mongwe a le ka fa ntlheng nngwe, yo mongwe a le ka fa ntlheng e nngwe; mme mabogo a gagwe a sisibala ga tsamaya letsatsi la phirima. 13 Mme Jošua a koafatsa Amaleke le batho ba gagwe ka bogale jwa tšhaka. 14 Jehofa a raya Moše a re: “Kwala se mo lokwalong gore e nne segopodiso, o se tsenye Jošua ka ditsebe o re: Ke tlaa phimolela ruri kgakologelo ya ga Amaleke, e tloga fa tlase ga legodimo.” 15 Moše a aga sebeso, a se raya leina a re, Jehofa-nisi; 16 a re: “Jehofa o ikanne; Jehofa o tlaa nna ntwa le Amaleke go tswa mo losikeng longwe go ya mo losikeng lo longwe.” |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa