Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ekesodo 15 - BAEBELE e e Boitshepo


Sefela sa ga Moše

1 Foo Moše le bana ba Iseraele ba opelela Jehofa sefela se, ba re: “Ke tlaa opelela Jehofa gonne o fentse ka mo go gakgamatsang. O latlhetse pitse le mopagami wa yone mo lewatleng.

2 Jehofa ke thata ya me le sefela, o bile o diregile poloka ya me; one ke Modimo wa me, ke tlaa o baka; Modimo wa ga rre, ke tlaa o godisa.

3 Jehofa ke monna wa ntwa; Jehofa ke leina la gagwe.

4 O thabueditse dikara tsa ga Faro mo lewatleng le ntwa ya gagwe; beng ba mephato ba gagwe ba ba tlhophegileng ba nwetse mo Lewatleng le Lehibidu;

5 Madiba a a boteng a ba khurumeditse; ba thabuegetse mo ditsibeng jaaka lentswe.

6 Jehofa, letsogo la gago le le siameng le tlotlometse mo thateng, Jehofa, letsogo la gago le legolo le tle le rabanye mmaba.

7 Mo bogolong jwa borena jwa gago o ribegetsa ba ba go tsogelang; o tle o ntshetse bogale jwa gago kwa ntle, bo ba laile jaaka dirite.

8 Metsi a nna a tlhatlaganngwa ke pudulo ya dinko tsa gago, merwalela ya ema e tsepaletse e le mekoakoa fela; madiba a a boteng a gatsela mo pelong ya lewatle.

9 Mmaba a re: ‘Ke tlaa ba konatelela ke ba tshwara, ke tlaa aba thopo: thato ya me e tlaa kgora mo go bone; ke tlaa somola tšhaka ya me, seatla sa me se tlaa ba senya.’

10 Wa budula ka phefo ya gago lewatle la ba khurumetsa; ba nwela jaaka lotwe mo metsing a a thata e kgolo.

11 Jehofa, e mang yo o tshwanang nao mo medimong? E mang yo o tshwanang nao, o le kgalalelo mo boitshepong, o le poitshego mo dipakong, o dira dikgakgamatso?

12 O otlolotse letsogo la gago le legolo lefatshe la ba kometsa.

13 Ka boutlwelo botlhoko jwa gago o gogile tšhaba e o e rekolotseng; o e gogetse kwa bonnong jwa gago jo bo itshepileng ka thata ya gago.

14 Ditšhaba di utlwile di a roroma; metlotsedi e tshwere banni ba Filisitia.

15 Foo dikgosana tsa Etome tsa tseanngwa, banna ba ba thata ba Moabe thoromo e ba tshwere; banni botlhe ba Kanana ba kaologile.

16 Therego ya ba wela le tlakaselo; ka bogolo jwa letsogo la gago ba tuuletse fela jaaka lentswe; go tsamaye tšhaba ya gago Jehofa, e kgabaganye, go tsamaye tšhaba e o e rekileng e kgabaganye.

17 O tlaa ba fitlhisa o ba tlhoma mo thabeng ya boswa jwa gago, e bong mo felong fa o go itiretseng go tla o a ga gone Jehofa, felo ga boitshepo fa diatla tsa gago di go tlhomamisitseng, wena Jehofa.

18 Jehofa o tlaa busa ka bosakhutleng le ka bosaengkae.”


Sefela sa ga Miriame

19 Ya re dipitse tsa ga Faro di tsena mo lewatleng le dikara tsa gagwe, di na le bapagami ba dipitse ba gagwe, Jehofa a busetsa metsi a lewatle mo go bone; bana ba Iseraele ba tsamaya lefatshe le le omeletseng fela mo gare ga lewatle.

20 Miriame moperofeti wa sesadi, kgaitsadia Arone, a tsaya moropana, le basadi botlhe ba mo sala morago ka meropana le ka dipina.

21 Miriame a ba fetola a re: “Opelelang Jehofa gonne o fentse ka mo go gakgamatsang; o konopetse pitse le mopagami wa yone mo lewatleng.”


Metsi a a botlhoko

22 Jalo Moše a gogela Iseraele kwa pele, ba tswa Lewatleng le Lehibidu, ba tswela kwa nageng ya Shure; ba tsamaya malatsi a le mararo mo nageng, ba sa bone metsi.

23 E rile ba tla mo Mara, ba retelelwa ke go nwa metsi a Mara ka a ne a le botlhoko; leina la gone la bidiwa Mara ka ntlha ya gone moo.

24 Batho ba ngongoregela Moše ba re: “Re tlaa nwa eng?”

25 A tlhaeleletsa kwa go Jehofa; Jehofa a mo supetsa setlhare, e rile a se latlhela mo metsing, metsi a nna monate fela. A ba tlhomela molao le tao gone foo, a ba leka,

26 a re: “Fa o reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago ka tlhoafalo, o ba o dira se se siameng mo matlhong a gagwe, o sekegela ditaolo tsa gagwe tsebe, ga nketla ke go baya bolwetse bope jwa malwetse a ke a beetseng Baegepeto; gonne ke nna Jehofa yo ke go fodisang.”

27 Ba fitlha mo Elime kwa go neng go le metswedi e le 12 ya metsi, le ditlhare tsa makolane di le 70 gone; ba thibelela gone fa metsing.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan