Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ekesodo 13 - BAEBELE e e Boitshepo


Tlhomamiso ya maitibolo

1 Jehofa a bua le Moše a re:

2 “Nkgethela bana ba ntlha botlhe, sengwe le sengwe se go itibolwang ka sone mo baneng ba Iseraele, sa motho le sa kgomo; ke sa me.”


Modiro wa senkgwe se se sa bedisiwang

3 Moše a raya batho a re: “Gakologelwang letsatsi leno le lo duleng ka lone mo Egepeto, mo ntlong ya botlhanka; gonne Jehofa o lo ntshitse mo felong fa, ka thata ya letsogo; a go se jewe senkgwe se se bedisitsweng.

4 Lo tswa ka letsatsi leno ka kgwedi ya Abibe.

5 E tlaa re Jehofa a go fitlhisa mo lefatsheng la Mokanana, le la Mohite, le la Moamore, le la Mohife, le la Mojebuse, le o ikanetseng borraeno a re o tlaa le go naya, e le lefatshe le le elang maši le dinotshe, o tlaa tshegetsa tirelo e ka kgwedi eno.

6 O je senkgwe se se sa bedisiwang ka malatsi a supa, mme ka letsatsi la bosupa go nne modiro wa ga Jehofa.

7 Senkgwe se se sa bedisiwang a se jewe ka malatsi ao ka bosupa jwa one; mme go se fitlhelwe senkgwe se se bedisitsweng o na naso, le sebediso a se se bonwe mo go wena, mo lefatsheng la gago lotlhe fela.

8 O tlaa bolelela morwao mo tsatsing leo o re: ‘Ke ka ntlha ya se Jehofa o ne a se ntirela jale ka ke tswa mo Egepeto.’

9 Se e tlaa nna sesupo mo go wena mo seatleng sa gago le segopodiso fa gare ga matlho a gago, gore molao wa ga Jehofa o nne mo molomong wa gago; gonne Jehofa o go ntshitse ka letsogo le le thata mo Egepeto.

10 Ke yone tao e o tlaa e tshegetsang mo lobakeng lwa yone ka ngwaga mangwe le mongwe.”


Batsalwapele

11 “E re Jehofa a go fitlhisa mo lefatsheng la Mokanana, jaaka a ikanetse wena le borraeno, mme a le go naya,

12 o lomololele Jehofa botlhe ba go itibolwang ka bone le ditsalwapele tsotlhe tse o nang natso tsa diruiwa; tse ditonanyana e nne tsa ga Jehofa.

13 Ditsalwapele tsotlhe tsa diesela o di rekolole ka kwanyana; fa o sa se rekolole o se komole thamo; mme bana ba basimane botlhe ba matsalwapele mo baneng ba gago ba basimane, o tlaa ba rekolola.

14 Go tlaa diragala mo metlheng e e tlang gore fa morwao a go botsa a re: ‘Ke eng se?’ o tlaa mo raya o re: ‘Jehofa o re ntshitse ka thata ya letsogo mo Egepeto mo ntlong ya botlhanka.

15 Ga diragala jale, ya re Faro a ntse a gana go re lesa re tsamaya, Jehofa a bolaya bana ba matsalwapele botlhe mo lefatsheng la Egepeto, batsalwapele ba batho, le matsalwapele a dikgomo; ke gone ka moo ke isetsang Jehofa tlhabelo ka gone, ya tsotlhe tse go itibolwang ka tsone, e le tse ditonanyana; mme motsalwapele wa bomorwaake ke a mo rekolola.’

16 Se tlaa nna sesupo mo seatleng sa gago le sebetso sa gare ga matlho a gago, gonne Jehofa o re ntshitse mo Egepeto ka thata ya letsogo.”


Mosepuri wa leru le wa molelo

17 Jaana ga dirala e rile Faro a sena go lesa batho ba tsamaya, Modimo wa se ka wa ba gago ka tsela ya lefatshe la Bafilisitia le fa e ne e le yone e e gaufi; gonne Modimo wa re: “E ka tla ya re fa batho ba bona ntwa ba ikwatlhaye ba boele kwa Egepeto.”

18 Modimo wa potolosa batho ka tsela ya naga fela e e tlang ka Lewatle le Lehibidu: Bana ba Iseraele ba tlhatloga kwa Egepeto ba tlhometse dibolao.

19 Moše a tsaya marapo a ga Josefe a ya nao; gonne o ne a ikanisitse bana ba Iseraele thatathata a re: “Ruri Modimo o tlaa lo lekola; mme lo tlaa tsaya marapo a me mono lo ya nao.”

20 Ba tloga ba tswa mo Sukothe ba ya ba thibelela mo Ethame, fa tshimologong ya sebaka sa naga fela.

21 E re motshegare, Jehofa a ba etelele pele a le mo mosipuring wa leru, go tla a ba goga mo tseleng; bosigo a le mo mosipuring wa molelo go tla a ba naya lesedi, gore ba nne ba tsamaye motshegare le bosigo.

22 Ga se ka ga tloga mosipuri wa leru motshegare, le fa e le mosipuri wa molelo bosigo fa pele ga batho.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan