Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ekesodo 11 - BAEBELE e e Boitshepo


Dintsho tsa batsalwapele

1 Jehofa a raya Moše a re: “Ke sa ntse ke tlaa lere petso e nngwe gape mo go Faro, le mo Egepeto; morago ga moo o tlaa lo lesa lo tswa mono; o tlaa re motlhang o lo lesang a lo kgorometse, a lo ntshetse ruri gotlhe fela mono.

2 Bua jaana mo ditsebeng tsa batho, a monna mongwe le mongwe a kope yo o bapileng nae, le mosadi mongwe le mongwe a kope yo o bapileng nae mekgabo ya selefera le mekgabo ya gouta.”

3 Jehofa a naya batho tsalano mo matlhong a Baegepeto. Gape monna yoo, e bong Moše, o ne a le mogolo thata mo lefatsheng la Egepeto, mo matlhong a batlhanka ba ga Faro le mo matlhong a morafe.

4 Moše a re: “Jehofa o bua jaana a re: ‘Ke tlaa re e ka ne e le bosigogare ke tswe ke ye kwa gare ga Egepeto;

5 mme bana ba ntlha botlhe mo lefatsheng la Egepeto ba tlaa swa, go simolola ka ngwana wa ntlha wa ga Faro yo o dutseng mo setulong sa bogosi go ya ngwaneng wa ntlha wa lelata le le fa morago ga lelwala; le maitibolo otlhe a dikgomo.

6 Go tlaa nna segajaja se segolo mo lefatsheng lotlhe la Egepeto, se go iseng go dire le sepe se se tshwanang naso, le gone go se nka go tlhola go nna sepe se se tshwanang naso gope.

7 Ka ga bana ba Iseraele, le fa e le ntša ga go ketla go nna le epe e e tlaa lelenyang, go ba dira sengwe, motho le fa e le kgomo,’ gore lo tle lo itse fa Jehofa a farologanya Baegepeto le Iseraele.

8 Mme batlhanka ba, ba gago ba tlaa tla kwa go nna ba nkhubamela, ba re: ‘Tswa, wena le batho botlhe ba ba go salang morago.’ Morago ga moo ke tlaa tswa.” Mme a tswa mo go Faro a le bogale thata.

9 Jehofa a raya Moše a re: “Faro ga a ketla a lo reetsa, gore dikgakgamatso tsa me di tle di ntsifadiwe mo lefatsheng la Egepeto.”

10 Mme Moše le Arone ba dira dikgakgamatso tsotlhe tse fa pele ga Faro; Jehofa a thatafatsa pelo ya ga Faro a se ka lesa bana ba Iseraele go tswa mo lefatsheng la gagwe.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan