Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ekesodo 1 - BAEBELE e e Boitshepo


Baiseraele ba bogisiwa kwa Egepeto

1 Jaana a ke one maina a bomorwa Iseraele ba ba tsileng mo Egepeto; monna mongwe le mongwe a tla le ba ntlo ya gagwe, ba tla le Jakobe:

2 Rubene, Simeone, Lefi, le Juta;

3 Isakare, Sebulone, le Benjamine;

4 Dane le Nafetali, Gate le Ašere.

5 Mewa yotlhe e e duleng mo mankopeng a ga Jakobe ke mewa e e masome a supa. Josefe o ne a le mo Egepeto gale.

6 Josefe a swa, le bomorwa rraagwe botlhe, le botlhe ba lobaka loo.

7 Bana ba Iseraele ba ungwa thata, ba ata mo gogolo, ba ntsifala, ba nonofa ka thata e e feteletseng, ba tlala ka lefatshe.

8 Jaana, ga tsoga kgosi e ntšha e busa mo Egepeto e e neng e sa itse Josefe.

9 Ya raya batho ba yone ya re: “Bonang, batho ba bana ba Iseraele ba bantsi, ba bile ba nonofile bogolo go rona.

10 Ntlong, a re direng ka botlhale ka ga bone; ba ka tla ba ntsifala, mme go diragale gore motlha mongwe fa go nna ntwa ba pate baba ba rona, ba tlhabane le rona, mme ba itsamaele fela ba tswe mo lefatsheng la rona.”

11 Ke gone ka moo ba tlogileng ba ba tlhomela badirisi go ba utlwisa botlhoko ka merwalo ya bone. Ba agela Faro metse ya dipolokelo, e bong Pithome le Ramesese.

12 Fela jaaka ba ba utlwisa botlhoko bone ba ntsifala bogolo bogolo, ba anama bogolo. Mme ba nna pelo e botlhoko ka ntlha ya bana ba Iseraele.

13 Baegepeto ba dirisa bana ba Iseraele ka bopeloethata;

14 ba dira gore go tshela ga bone go nne botlhoko ka tiro e e thata ya go duba seretse sa setene, le ka tiro nngwe le nngwe yotlhe ya mo nageng, tiro yotlhe ya bone ba ne ba e ba dirisa ka bopeloethata.

15 Kgosi ya Egepeto ya bua le babelegisi ba Bahebere, mongwe leina la gagwe go twe, Shifera, leina la yo mongwe go twe, Pua.

16 Kgosi ya re: “E re lo belegisa mosadi wa basadi ba Bahebere lo ba bona ba le mo setulong sa pelega: fa e le ngwana wa mosimane foo lo mmolaye; fa e le ngwana wa mosetsana foo a tshele.”

17 Babelegisi ba bo ba boifa Modimo jalo ba se ka ba dira jaaka kgosi ya Egepeto e ba laotse, ba tshedisa bana ba basimane.

18 Kgosi ya Egepeto ya bitsa babelegisi ya ba raya ya re: “Lo dirile selo se ka ntlha yang fa e bo ne ne lo tshedisitse bana ba basimane?”

19 Babelegisi ba raya Faro ba re: “Ke ka gobo basadi ba Bahebere ba sa nna jaaka basadi ba Baegepeto ka gobo ba bofefo, ba tle ba belege babelegisi ba ise ba tle kwa go bone.”

20 Modimo wa direla babelegisi sentle; batho ba ntsifala, ba nonofa segolo thata.

21 Ga diragala ya re ka babelegisi ba boifa Modimo wa ba direla metse.

22 Faro a laola batho ba gagwe botlhe fela a re: “Ngwana mongwe le mongwe wa mosimane yo o belegwang, lo mo latlhele mo nokeng, mme ngwana wa mosetsana mongwe le mongwe ene lo mo tshedise.”

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan