Ditiro 9 - BAEBELE e e BoitshepoTshokologo ya ga Saule ( Ditiro 22:6-16 ; 26:12-18 ) 1 Saulo ka a ntse a ubugela barutwa ba Morena popo le polao, a ya kwa moperesiting yo mogolo, 2 a mo lopa dikwalo tse o tlaa yang ka tsone kwa matlong a thuto a a kwa Damaseko, gore e tle e re fa a ka fitlhela bangwe ba e leng ba yone Tsela, e le banna, kgotsa basadi, a ba golege, a ba tlise Jerusalema. 3 Ya re a etile, ga dirala a atamela Damaseko, mme a tshogana ka lesedi le le tswang legodimong le phatsima mo tikologong ya gagwe. 4 A wela fa fatshe, a ba a utlwa lentswe le mo raya le re: “Saule, Saule, o mpogisetsang?” 5 Mme a re: “O mang Morena?” Mme a re: “Ke nna Jesu yo o mmogisang; 6 mme nanoga o ye o tsene mo motseng, mme o tlaa bolelelwa se o nang le go se dira.” 7 Banna ba o etileng nabo, ba ema ba tuuletse fela, ba utlwa lentswe, mme ba sa bone motho ope. 8 Saule a tsoga fa fatshe; mme ya re a buduloga matlho a bo a sa bone; ba mo goga ka letsogo, ba mo isa mo Damaseko. 9 A tlhola malatsi a le mararo a sa bone, a bile a sa je, le fa e le go nwa. 10 Jaana ga bo go le morutwa mongwe mo Damaseko, yo go tweng Ananiase. Morena a bua nae ka ponatshegelo a re: “Ananiase.” Mme a re: “Bona, ke fano Morena.” 11 Morena a mo raya a re: “Tloga o ye kwa mmileng o go tweng Tolamo, kwa ntlong ya ga Jutase. O botse go re a mongwe o teng yo o bidiwang Saule, monna wa Tareso; gonne bona, o a rapela. 12 O bonye monna yo go tweng Ananiase a tsena, a mmaya diatla gore a foufologe.” 13 Mme Ananiase a fetola a re: “Morena, ke utlwile ka ga monna yo, ka batho ba le bantsi, bosula jo bo kanakana jo o bo diretseng baitshepi ba gago kwa Jerusalema. 14 Le mono o na le taolo e e tswang ditlhogong tsa baperesiti, gore a golege botlhe ba ba bitsang leina la gago.” 15 Mme Morena a mo raya a re: “Tsamaya, gonne ene ke sejana sa me se se tlhaotsweng, gore a rwalele leina la me fa pele ga Baditšhaba, le dikgosi, le bana ba Iseraele; 16 gonne ke tlaa mo supetsa bontsi jwa dilo tse o tlaa di bogelang leina la me.” 17 Ananiase a tsamaya, a ya a tsena mo ntlong; ya re a sena go mmaya diatla a re: “Mokaulengwe Saule, Morena, e bong Jesu, yo o bonetseng go wena mo tseleng e o tsileng ka yone, o nthomile, gore o tle o foufologe, le gore o tladiwe Mowa o o Boitshepo.” 18 Ka bonako ga wa dilo e kete makape mo matlhong a gagwe, mme a foufologa; a nanoga a kolobediwa; 19 a ya a thatafala. A tlhola malatsi mangwe le barutwa ba ba mo Damaseko. Saule o ruta kwa Damaseko 20 A akofa a bolela Jesu mo matlong a thuto a re: “Ke ene Morwa Modimo.” 21 Botlhe ba ba mo utlwang ba gakgamala ba re: “Yo, a ga se ene yo o rileng kwa Jerusalema a senyaka ba ba bitsang leina le? O ne a bile a tsile mono ka gone moo, gore a ba golege a ba ise fa pele ga ditlhogo tsa baperesiti.” 22 Saule a tota bogolo mo nonofong, a silofatsa Bajuta ba ba agileng mo Damaseko, a tlhomamisa fa yo e le Keresete. 23 E rile malatsi a sena go feta a le mantsi, Bajuta ba gakololana gore ba mmolaye. 24 Morero wa bone wa tla wa itsiwe ke Saule. Le gone ba disa dikgoro tsa motse motshegare le bosigo gore ba mmolaye; 25 mme barutwa ba gagwe ba mo tsaya bosigo, ba mo folosa ka fa lorakong, ba mo lepeletsa ka seroto. Saule kwa Jerusalema 26 O rile a fitlha kwa Jerusalema, a leka go ikopanya le barutwa; mme ba mmoifa botlhe, ba sa dumele fa e le morutwa. 27 Barenabase a mo tsaya a mo isa kwa baaposetoleng, a ba bolelela ka fa o bonyeng Morena mo tseleng ka teng, a ba a bua nae, le ka fa o rerileng ka pelokgale ka teng mo ineng la ga Jesu kwa Damaseko. 28 Mme a nna a tsamayatsamaya nabo mo Jerusalema, a rera ka pelokgale mo ineng la Morena, 29 a bua, a ba a ganela le Bajuta ba Segerika. Bone ba tsamayatsamaya ba senka go mmolaya. 30 E rile bakaulengwe ba lemoga, ba mo falosetsa kwa Kaesarea, mme ba mo isa kwa Tareso. 31 Jalo phuthego yotlhe e e mo lefatsheng lotlhe la Jutea, le Galilea, le Samaria, ya bona kagiso, ka go tshosolosiwa; mme e re ka e sepela mo poifong ya Morena, le mo kgomotsong ya Mowa o o Boitshepo, ya kokotlegela. Petere o kwa Lita le Jopa 32 Ga dirala ya re Petere a ntse a ralala ntlheng tsotlhe, a fologela le kwa baitsheping ba ba agileng kwa Lita. 33 Foo a fitlhela monna mongwe yo go tweng, Enease, yo o sa leng a nna mo bolaong ka dinyaga tse di 8; gonne a tshwerwe ke teteselo. 34 Petere a mo raya a re: “Enease, Jesu Keresete o a go fodisa; tsoga o baakanye bolao jwa gago.” Ka bonako a tsoga. 35 Botlhe ba ba agileng mo Lita le mo Sharone ba mmona, mme ba sokologela mo Moreneng. 36 Jaana ga bo go le morutwa mongwe kwa Jopa go twe, Tabitha; ke go re fa go phuthololwa, Dorekase; mosadi yo, o ne a tletse ditiro tse di molemo, le dikatso tse o di dirang. 37 Ga dirala ya re ka malatsi ao, a tsogelwa ke bolwetsi, mme a swa; ba re ba sena go mo tlhapisa, ba mmaya mo ntlonyaneng e e kwa godimo. 38 Mme e re ka Lita o le gaufi le Jopa, ba utlwa fa Petere a leng teng, barutwa ba roma banna ba le babedi, ba ya go mo rapela go re: “O se ka wa re nyafalela go tla.” 39 Petere a nanoga a ya nabo. E rile a fitlhile, ba mo isa mo ntlonyaneng e e kwa godimo. Basadi ba batlholagadi botlhe ba bo ba eme fa go ene, ba lela, ba supa dikobo le diaparo tse Dorekase o di dirileng a sa ntse a na nabo. 40 Petere a ba ntshetsa kwa ntle botlhe, a sala, a khubama, a rapela; mme a retologela kwa setotong, a re: “Tabitha, tsoga.” Mme a budulola matlho; ya re a bona Petere a rapamologa. 41 A mo neela seatla, a mo kakatlolola; ya re a sena go bitsa baitshepi le batlholagadi, a ba mo neela a tshedile. 42 Mme ga itsiwe mo motseng otlhe wa Jopa; mme batho ba le bantsi ba dumela mo Moreneng. 43 Ga dirala a tlhola malatsi a le mantsi mo Jopa, mo go mongwe go twe Simone, mosugi wa matlalo. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa