Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Daniele 8 - BAEBELE e e Boitshepo


Pono ya ga Daniele ya phelehu le phoko

1 E rile ka ngwaga wa boraro wa puso ya kgosi Belešasare ga bonala ponatshegelo mo go nna, e bong mo go nna Daniele, morago ga se se bonaletseng mo go nna ga ntlha.

2 Ka leba mo ponatshegelong; mme ga nna jaana: ga re e rile ke bona, ka bo ke le mo Shušane motse wa kgosi, o o mo kgaolong ya Elame ya lefatshe; mme ka bona mo ponatshegelong, ka bo ke le fa nokeng ya Ulai.

3 Foo ka tsholetsa matlho, ka leba, mme bonang, ga bo go eme fa pele ga noka phelefu e e dinaka pedi; dinaka tse pedi tsa bo di le ditelele; mme lo longwe lo feta lo longwe, lo lotelele lwa tswa morago ga lo longwe.

4 Ka bona phelefu e segolela ntlheng ya bophirimatsatsi, le ya botsheka, le ya borwa; mme go ne go se na ditshedi dipe tse di ka emang fa pele ga yone, le gone go no go se na ope yo o ka gololang mo go yone; ya dira se e se ratang, mme ya ikgodisa.

5 Ya re ke sa ntse ke akanya, bonang, ga tswa phoko ntlheng ya bophirimatsatsi ya tla godimo ga lefatshe lotlhe, mme e se ka ya ama lefatshe; phoko eo ya bo e na le lonaka longwe lo lo bonalesegang gare ga matlho a yone.

6 Ya tla mo phelefung e e nang le dinaka tse pedi, e ke e bonyeng e eme fa nokeng, ya tabogela mo go yone ka tšararego yotlhe ya nonofo ya yone.

7 Ka e bona e atamela thata fa phelefung, mme ya bo e tlhotlhelediwa ke bogale ka ga yone, ya segola phelefu, ya roba dinaka tsa yone tsoo pedi; mme go ne go se na thata mo phelefung ya go ema fa pele ga yone; mme ya e digela fa fatshe, ya e gataka; mme go ne go se na ope yo o ka gololang phelefu mo go yone.

8 Phoko ya ikgodisa thata; e rile e le thata, lonaka lo logolo lwa robega; mme mo boemong jwa lone ga tlhoga dinaka di le nne tse di bonalesegang di lebanye le diphefo tsoo nne tsa legodimo.

9 Mo go longwe lwa tsone ga tswa lonakana lo lo golelang thata kwa ntlheng ya borwa, le ntlheng ya botlhabatsatsi, le ntlheng ya lefatshe le lentlentle.

10 Mme lwa gola thata, lwa ba lwa fitlha le kwa bontsintsing jwa legodimo; mme dingwe tsa bontsintsi joo le tsa dinaledi ya di latlhela fa fatshe, ya ba ya di gataka.

11 Ee, ya ikgodisa ya ba ya fitlha kwa kgosaneng ya bontsintsi; ya e tlosetsa tshupelo ya phiso ya metlha yotlhe, le bonno jwa felo ga yone ga boitshepo jwa digelwa fa fatshe.

12 Ya neelwa bontsintsi, le yone tshupelo ya phiso ya metlha yotlhe ya e neelwa ka ntlha ya tlolo; ya digela boammaaruri fa fatshe, ya dira se e se ratang, mme ya tlhogonolofala.

13 Foo ka utlwa moitshepi mongwe a bua; moitshepi yo mongwe a raya moitshepi yo o buang, a re: “Ana ponatshegelo ka ga tshupelo ya phiso ya metlha yotlhe, le tlolo e e swafatsang, e tlaa nna ka lobaka lo lo kae, ya felo ga boitshepo le bontsintsi go gatakwa?”

14 A nthaya a re: “Ke go ya go fetisa maitsebowa le meso e le 2 300; foo felo ga boitshepo go tlaa ntlafadiwa.”


Moengele Gaberiele o tlhalosa pono

15 Ga dirala, e rile nna Daniele ke sena go bona ponatshegelo, ka leka go se tlhaloganya; mme bonang, ga bo ga eme fa pele ga me e kete ponalo ya monna.

16 Ka utlwa lentswe la motho gare ga dimota tsa Ulai le goa, le re: “Gaberiele, tlhaloganyetsa monna yo ponatshegelo.”

17 Jalo a atamela fa ke emeng teng; mme ya re a tla, ka boifa, ka wela ka sefatlhogo fa fatshe; mme a nthaya a re: “Morwa motho tlhaloganya; gonne ponatshegelo ke ya lobaka lwa kwa bokhutlong.”

18 Jaana ya re a sa ntse a bua le nna, ka thulamela, sefatlhogo sa me se le fa fatshe; mme a nkama, a nkemisa.

19 A re: “Bona, ke tlaa go itsise se se tlaa nnang mo lobakeng lwa morago lwa tšhakgalo, gonne ke sa lobaka lo lo laotsweng lwa bokhutlo.

20 “Phelefu e o e bonyeng e e dinaka tse pedi, ke dikgosi tsa Media le Peresia.

21 Phoko e e maodi, ke kgosi ya Gerika; mme lonaka lo logolo lo lo fa gare ga matlho a yone ke kgosi ya ntlha.

22 Ka ga lo lo robegileng, lo dinaka di le nne tse di emeng mo boemong jwa lone, magosi a le mane a tlaa ema a tswa mo morafeng o le mongwe fela, mme e seng ka thata ya yone kgosi eo.

23 “E tlaa re mo motlheng wa morago wa bogosi jwa tsone, mogang batlodi ba sena go tlatsa ditlolo, kgosi nngwe e e sefatlhogo se se bogale, e e lepololang dinyoba tse di lefifi, e tlaa ema.

24 Nonofo ya yone e tlaa nna kgolo, mme e seng ka nonofo ya yone tota; e tlaa senya kgakgamatso, mme e tlaa tlhogonolofala, e ba e dira se e se ratang; mme e tlaa senya banonofi le batho ba ba itshepileng.

25 Boferefere bo tlaa tlhogonolofala mo seatleng sa yone ka botlhale jwa yone; e tlaa ikgodisa mo pelong, e tlaa senya batho ba le bantsi mo go iketleng ga bone, le gone e tlaa tsogela e emalana le kgosana ya dikgosana; mme e tlaa thujwa e seng ka letsogo.

26 Ponatshegelo ya maitseboeng le meso e e boletsweng e ammaaruri; mme wena tswalela ponatshegelo, gonne ke ya metlha e le mentsi e e tlang.”

27 Mme nna Daniele ka idibala, mme ka bobola malatsi mangwe. Foo ka nanoga, ka dira tiro ya kgosi; mme ka gakgamalela ponatshegelo, mme ga bo go se na ope yo o e tlhaloganyang.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan