Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Daniele 2 - BAEBELE e e Boitshepo


Toro ya ga Nebukatenesare

1 E rile ka ngwaga wa bobedi wa puso ya ga Nebukatenesare, Nebukatenesare a lora ditoro; mme mowa wa gagwe wa khidiega, le boroko jwa tloga mo go ene.

2 Foo kgosi ya laola gore go bidiwe baitseanape, le dingaka, le baloi, le Bakalatea, gore ba tle go bolelela kgosi ditoro tsa yone. Jalo ba tsena ba ema fa pele ga kgosi.

3 Mme kgosi ya ba raya ya re: “Ke lorile toro, mme mowa wa me o khidiegela go itse toro eo.”

4 Foo Bakalatea ba bua le kgosi ka puo ya Sesiria ba re: “A kgosi e tshele ka bosakhutleng; bolelela batlhanka beno toro, mme re tlaa supa phuthololo.”

5 Kgosi ya fetola Bakalatea ya ba raya ya re: “Selo seo se tlogile mo go nna; fa lo sa nkitsise toro le phuthololo ya yone, lo tlaa remaganngwa, le matlo a lona a tlaa ntshiwa thotobolo fela.

6 Mme fa lo supa toro le phuthololo ya yone, lo tlaa amogela mo go nna dineo, le dituelo, le tlotlo e kgolo; ke gone, ntshupetsang toro le phuthololo ya yone.”

7 Ba fetola lwa bobedi, ba re: “A kgosi e bolelele batlhanka ba yone toro, mme re tlaa supa phuthololo ya yone.”

8 Kgosi ya ba fetola ya re: “Ke a itse sentle fa lo a bo lo rata go inaya lobaka, ka lo bona selo seo se tlogile mo go nna.

9 Fa lo sa nkitsise toro, go na le taolo e le nngwe fela ka ga lona; gonne lo baakantse mafoko a maaka le a a bodileng go a bua fa pele ga me, go tle go tsamaye motlha o fetoge; ke gone mpolelelang toro, mme ke tlaa itse fa lo ka ntshupetsa phuthololo ya yone.”

10 Bakalatea ba fetola fa pele ga kgosi ba re: “Ga go na motho ope mo lefatsheng yo o ka supang selo se sa kgosi; ka go bo ga go na kgosi epe, le fa e le morena, le fa e le molaodi, yo o kileng a lopa sepe se se ntseng jalo mo go moitseanape, le fa e le mo ngakeng le fa e le mo Mokalateeng.

11 Se kgosi e se lopang ke selo se sele fela, mme ga go na ope o sele yo o ka se supang fa pele ga kgosi, fa e se medimo fela, e bonno jwa yone bo seyong mo bathong.”

12 Ka ntlha ya moo kgosi ya nna bogale, ya šakgala thata, ya laola gore go senngwe batlhale botlhe ba Babilone.

13 Jalo taolo ya tswa, mme batlhale ba ne ba na le go bolawa fela; mme ba senka Daniele le bankana ba gagwe gore ba bolawe.


Modimo o bontsha Daniele tlhaloso ya toro

14 Foo Daniele a busetsa karabo ka boikgakololo le botlhale kwa go Arioke mogolwane wa balebedi ba kgosi, yo o tsamaetseng batlhale ba Babilone go ba bolaya.

15 A fetola Arioke, mogolwane wa balebedi ba kgosi, a re: “Ana ke ka ntlha yang taolo e tswa mo kgosing ka potlako jaana?” Foo Arioke a itsise Daniele selo seo.

16 Mme Daniele a tsena, a ya go lopa kgosi gore a mo neye lobaka, mme o tlaa supetsa kgosi phuthololo.

17 Foo Daniele a ya kwa ntlong ya gagwe, mme selo seo a se itsise bankana ba gagwe, Hanania, le Mišaele, le Asaria;

18 gore ba lope mautlwelo botlhoko mo Modimong wa legodimo ka ga bosaitsiweng jo; gore Daniele le bankana ba gagwe ba se ka ba nyelela le batlhale ba bangwe ba Babilone.

19 Foo bosaitsiweng joo jwa senolelwa Daniele ka ponatshegelo ya bosigo. Foo Daniele a baka Modimo wa legodimo.

20 Daniele a bua a re: “A leina la Modimo le bakwe ka bosakhutleng le ka bosaengkae; gonne botlhale ke jwa one le thata.

21 O fetola metlha le dipaka; o tlose dikgosi, o bo o tlhome dikgosi; o neye batlhale botlhale; le kitso o e neye ba ba itseng tlhaloganyo.

22 O senole dilo tse di boteng le tse di sa itsiweng; o itse se se mo lefifing, le lesedi le agile nao.

23 Ke a go leboga, ke a go baka, Modimo wa borraetsho, o o nneileng botlhale le nonofo, gompieno o nkitsisitse se re se go lopileng; gonne o re itsisitse selo se sa kgosi.”


Daniele o bolelela Nebukatenesare toro ya gagwe, a ba a mo e tlhalosetsa

24 Ke gone ka moo Daniele a ya a tsena kwa go Arioke, yo kgosi e mo laotseng go senya batlhale ba Babilone; a ya a mo raya jaana, a re: “O se ka wa senya batlhale ba Babilone; nkisa fa pele ga kgosi, mme ke tlaa supetsa kgosi phuthololo.”

25 Foo Arioke a isa Daniele fa pele ga kgosi ka potlako, mme a e raya jaana, a re: “Ke bonye monna wa bana ba botshwaro jwa Juta, yo o tlaa itsiseng kgosi phuthololo.”

26 Kgosi ya bua, ya raya Daniele yo leina la gagwe e ne e le Beletešasare ya re: “A o nonofile go nkitsise toro e ke e bonyeng le phuthololo ya yone?”

27 Daniele a fetola fa pele ga kgosi a re: “Selo se se sa itsiweng se kgosi e se boditseng, go le batlhale, go le dingaka, go le baitseanape, go le baloi, ga ba kake ba se supetsa kgosi.

28 Mme go na le Modimo kwa legodimong o o senolang tse di sa itsiweng, mme one o itsisitse kgosi Nebukatenesare se se tlaa dirafalang mo metlheng ya kwa bofelong. Toro ya gago, le diponatshegelo tsa tlhogo ya gago mo bolaong jwa gago ke tse:

29 “Ka ga gago, kgosi, megopolo ya gago ya go tlela o le mo bolaong jwa gago, ke go re, dilo tse di tlaa namang di dirafala; mme yo o senolang dilo tse di sa itsiweng o go itsisitse dilo tse di tlaa dirafalang.

30 Ka ga me, bosaitsiweng jo ga ke a bo senolelwa ka ntlha ya botlhale bongwe jo ke nang najo go feta batshedi ba bangwe, fa e se ka boikaelelo jwa gore phuthololo e itsisiwe kgosi, le gore o itse megopolo ya pelo ya gago.

31 “Wena kgosi, o ne wa leba, mme bonang, ga bo go le setshwantsho se segolo. Setshwantsho seo sa ema fa pele ga gago, se nonofile thata, se bile se le phatsimo e e feteletseng; mme ponalo ya sone e ne e boitshega.

32 Ka ga setshwantsho seo, tlhogo ya sone e ne e le gouta e e itshekileng, sehuba sa sone le mabogo a sone e ne e le selefera, mpa ya sone le dirope tsa sone e ne e le kgotlho;

33 memo ya sone e ne e le tshipi, dinao tsa sone, ntlha nngwe e ne e le tshipi ntlha nngwe letsopa.

34 Wa leba, ga tsamaya tshilo ya kabolwa e seng ka diatla, ya itaya setshwantsho mo dinaong tse e leng tsa tshipi le letsopa, mme la di thubaganya.

35 Foo ga thubaganngwa tshipi le letsopa, le kgotlho le selefera, le gouta go le mmogo, mme tsa nna jaaka mmoko wa dibopi tsa pholelo tsa selemo; mme phefo ya di kgophola, mme di se ka tsa bonelwa bonno; tshilo eo e e iteileng setshwantsho, ya tla ya nna lefika le legolo, mme la tlala ka lefatshe lotlhe.

36 “Ke yone toro; mme re tlaa bolela phuthololo ya yone fa pele ga kgosi.

37 Wena kgosi, o kgosi ya dikgosi, yo Modimo wa legodimo o go neileng bogosi, le thata, le nonofo, le kgalalelo.

38 Gongwe le gongwe kwa bana ba batho ba agileng gone, diphologolo tsa naga, le dinonyane tsa loapi, o di tsentse mo seatleng sa gago, mme o go neile taolo mo go tsone tsotlhe; ke wena tlhogo ya gouta.

39 Morago ga gago go tlaa tsoga bogosi jo bongwe jo bobotlana mo go wena; le bogosi jo bongwe jwa boraro e le jwa kgotlho, jo bo tlaa nnang le taolo mo lefatsheng lotlhe.

40 Bogosi jwa bone bo tlaa nna thata jaaka tshipi; ka tshipi e thubaganya, e fenya dilo tsotlhe; le jaaka tshipi e e thugang dilo tse tsotlhe, bo tlaa thubaganya bo thuga jalo.

41 “E re ka o bonye dinao le menwana ya tsone, ntlha nngwe e le letsopa la mmopi, le ntlha e nngwe e le tshipi, e tlaa nna bogosi jo bo kgaoganyeng; mme go tlaa nna mo go jone thata ya tshipi, ka o bonye tshipi e tlhakanye le letsopa le le loraga.

42 E re ka menwana ya dinao e ne e le tshipi ntlha nngwe, le letsopa ntlha nngwe, jalo fela bogosi bo tlaa nna thata ntlha nngwe, le ntlha nngwe bo nne sepha.

43 Mme ereka o bonye tshipi e tlhakanye le letsopa le le loraga, ba tlaa itlhakanya le losika lwa batho; mme ga ba ketla ba ngaparelana, fela jaaka tshipi e se ke e kgomaragana le letsopa.

44 E tlaa re mo metlheng ya dikgosi tseo, Modimo wa legodimo o tlaa tlhoma bogosi jo bo se ketlang bo senngwa gope, mme le mmuso wa lone ga o ketla o tlogelelwa tšhaba e sele, mme bo tlaa thubaganya bo nyeletsa magosi ao otlhe, mme bo tlaa ema ka bosakhutleng.

45 Ereka o bonye fa tshilo e kabotswe mo thabeng e seng ka diatla, le gone ya thubaganya tshipi, le kgotlho, le letsopa, le selefera, le gouta; Modimo o mogolo o itsisitse kgosi se se tlaa namang se dirafala, mme toro e tlhomame, le phuthololo ya yone ke ya mmaanete.”


Daniele o bona tebogo mo go Nebukatenesare

46 Foo kgosi Nebukatenesare a wela fa fatshe ka sefatlhogo, a obamela Daniele, a laola gore ba mo isetse seromololo le tse di lonko lo monate.

47 Kgosi ya fetola Daniele, ya re: “Ammaaruri Modimo wa lona ke Modimo wa medimo, le Morena wa dikgosi, le mosenodi wa tse di sa itsiweng, ka e le fa o ne o nonofile go senola bosaitseweng jo.”

48 Foo kgosi ya baya Daniele mogolo, ya mo naya dineo tse dikgolo di le dintsi, ya mo dira molaodi wa kgaolo yotlhe ya lefatshe la Babilone, le tlhogo ya batlhale botlhe ba Babilone.

49 Mme Daniele a lopa kgosi, mme ya tlhoma Shaterake, le Mešake, le Abetenego balaodi ba ditiro tsa kgaolo ya lefatshe la Babilone. Daniele ene a bo a le mo ntlong ya kgosi.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan