Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Daniele 1 - BAEBELE e e Boitshepo


Makawana a a tlhophetsweng go direla Nebukatenesare

1 E rile ka ngwaga wa boraro wa puso ya ga Jehoiakime kgosi ya Juta, Nebukatenesare kgosi ya Babilone a tla mo Jerusalema, mme a o tlhasela.

2 Mme Morena a tsenya Jehoiakime kgosi ya Juta mo seatleng sa gagwe, le bontlhanngwe jwa dilwana tsa ntlo ya Modimo; mme a di isa kwa lefatsheng la Shinare kwa ntlong ya modimo wa gagwe; mme a isa dilwana mo ntlong ya dikhumo, ya modimo wa gagwe.

3 Kgosi ya bua le Asepenase mong wa baopafadiwi ba gagwe, gore a lere bangwe ba bana ba Iseraele, e bong ba losika lwa segosi le lwa bagolwane;

4 e le makau a a se nang bokoa, e le ba ba bopegileng sentle, ba le ditswerere mo botlhaleng jotlhe, e le ba ba seleng tlhogo, ba fasitse, ba tlhaloganya kitso yotlhe, ba ba nang le nonofo ya go ema mo ntlong ya kgosi; gore a ba rute thuto le puo ya Sekalatea.

5 Kgosi ya ba laolela kabelo ya malatsi otlhe ya dijo tsa kgosi, le ya bojalwa jwa mofine jo e bo nwang, le gore ba otlwe ka dinyaga di le tharo; gore e tle e re di sena go feta boo ba itse go ema fa pele ga kgosi.

6 Jaana mo go bao ga bo go le Daniele, le Hanania, le Mišaele, le Asaria, e le ba bana ba Juta.

7 Kgosana ya baopafadiwi ya ba raya maina: Daniele a rewa leina la Beletešasare; Hanania la Shaterake; Mišaele, la Mešake; le Asaria la Abetenego.

8 Daniele ene a ikaelela mo pelong ya gagwe fa a se ketla a iitshekolola ka dijo tsa kgosi, le fa e le ka bojalwa jwa mofine jo e bo nwang; ka moo a lopa kgosana ya baopafadiwi gore a mme a se ka a iitshekolola.

9 Jaana Modimo wa naya Daniele botsalano le go tlhomogelwa pelo mo matlhong a kgosana ya baopafadiwi.

10 Kgosana ya baopafadiwi ya raya Daniele ya re: “Ke boifa kgosi morena wa me, yo o lo laoletseng dijo tsa lona le noo ya lona; gonne o tlaa bo a bonelang difatlhogo tsa lona di tlhontse bogolo go tsa makau ba e leng bankana ba lona? Jalo lo tlaa bo lo mpiletsa loso mo kgosing.”

11 Foo Daniele a raya molebedi, yo kgosana ya baopafadiwi e beileng Daniele, le Hanania, le Mišaele, le Asaria, mo taolong ya gagwe,

12 a re: “Ke a go rapela, o tle o leke batlhanka beno ka malatsi a le some; mme ba re jese merogo, ba re nose metsi.

13 Foo a difatlhogo tsa rona di sekasekwe fa pele ga gago le difatlhogo tsa makau a a jang dijo tsa kgosi; mme o tle o itse go direla batlhanka beno ka fa o bonang ka teng.”

14 Jalo a ba reetsa mo selong se, a ba leka ka malatsi a le some.

15 Ya re malatsi a le some a sena go feta difatlhogo tsa bone tsa bonala di le dintle bogolo, mme ba bo ba nonne bogolo go makau otlhe a a jang dijo tsa kgosi.

16 Jalo molebedi a tlosa dijo tsa bone, le bojalwa jwa mofine jo ba tshwanetseng go bo nwa, mme a ba naya merogo.

17 Ka ga makau a mane ao, Modimo wa ba naya kitso le maano mo thutong yotlhe le botlhale; mme Daniele o na a na le tlhaloganyo mo diponatshegelong tsotlhe le mo ditorong.

18 E rile malatsi a sena go feta, a kgosi e ne e laotse gore ba leriwe ka one, kgosana ya baopafadiwi ya ba isa mo teng fa pele ga Nebukatenesare.

19 Kgosi ya bua nabo; mme mo go bone botlhe go se ka ga fitlhelwa bape ba ba tshwanang le Daniele, le Hanania, le Mišaele, le Asaria; ke gone ka moo ba ne ba ema fa pele ga kgosi.

20 Mo dilong tsotlhe tsa botlhale le tlhaloganyo, tse kgosi e ba botsang ka ga tsone, ya ba fitlhela ba gaisa ga some baitseanape botlhe le dingaka tsotlhe tsa lefatshe lotlhe la yone.

21 Mme Daniele a nna a tshela fela a ya go fitlha mo ngwageng wa ntlha wa kgosi Kurose.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan