Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Basiamisi 9 - BAEBELE e e Boitshepo


Abimeleke

1 Abimeleke morwa Jerubaale a ya Shekeme kwa go bomalomaagwe, a bua nabo, le gone a bua le losika lotlhe lwa ntlo ya ga rra mmaagwe, a re:

2 “Ke a lo rapela, lo tlo lo bue mo ditsebeng tsa banna botlhe ba Shekeme, lo re: ‘Se se molemo mo go lona ke eng? A ke bomorwa Jerubaale botlhe e le batho ba le 70, ba lo busa, kgotsa a e ka nna motho a le mongwe fela a lo busa?’ Gape lo gakologelwe fa ke le lesapo la lona, le nama ya lona.”

3 Bomalomaagwe ba bua ka ga gagwe mo ditsebeng tsa banna botlhe ba Shekeme, ba bua mafoko otlhe a; mme dipelo tsa bone tsa rata go ya le Abimeleke; gonne ba re: “Ke ngwana a kgaitsadia rona.”

4 Ba mo naya madi a selefera a le 70, ba a tsaya mo ntlong ya ga Baale-berithe, mme Abimeleke a thapa ka yone banna ba ba difafalele le ba ba dieleele, ba ba tlogileng ba mo sala morago.

5 A ya kwa ntlong ya ga rraagwe kwa Ofera, mme a bolaya bomorwa rraagwe, bomorwa Jerubaale, e le batho ba le 70, a ba bolaela mo letlapeng le le lengwe fela; mme Jothame, morwa Jerubaale yo mmotlana a tlogelwa; gonne o ne a iphitlhile.

6 Banna botlhe ba Shekeme ba phuthega le ba ntlo ya Milo, ba ya ba dira Abimeleke kgosi, fa mookeng wa sefikantswe se se motloutlo se se mo Shekeme.

7 E rile ba go bolelela Jothame, a ya a ema mo godimo ga thaba ya Gerisime, a tsholetsa lentswe la gagwe, a kua, a ba raya a re: “Ntheetsang, lona banna ba Shekeme, gore Modimo o tle o lo reetse.

8 E kile ya re motlha mongwe ditlhare tsa bolola tsa ya go itloletsa kgosi; tsa raya motlhware tsa re: ‘Wena o re buse.’

9 Mme motlhware wa di raya wa re: ‘Ana a ke ka tlogela monono wa me o go tlotlwang Modimo le motho ka one, ka ya go ebaebela mo godimo ga ditlhare?’

10 Ditlhare tsa raya mofeige tsa re: ‘Ntlo wena o re buse.’

11 Mofeige wa di raya wa re: ‘A nka tlogela monate wa me le loungo lwa me lo lo molemo ka ya go ebaebela mo godimo ga ditlhare?’

12 Ditlhare tsa raya mofine tsa re: ‘Ntlo wena o re buse.’

13 Mofine wa di raya wa re: ‘A nka tlogela bojalwa jwa me jo bo itumedisang Modimo le motho, ka ya go ebaebela mo godimo ga ditlhare?’

14 Foo ditlhare tsotlhe tsa raya mokaikai tsa re: ‘Ntlo wena o re buse.’

15 Mokaikai wa raya ditlhare wa re: ‘Fa ruri lo ntloletsa go nna kgosi, foo lo tle lo ikanye moriti wa me; fa go sa nna jalo a go tswe molelo mo mokaikaing, o laile masetara a Lebanone.’

16 “Ke gone jaana a e re fa lo dirile ka boammaaruri le ka thokgamo, ka e le fa lo dirile Abimeleke kgosi, fa lo diretse Jerubaale le ntlo ya gagwe sentle, fa lo mo diretse ka fa tshwanelong ya diatla tsa gagwe –

17 Gonne rre o ne a lo tlhabanela, a ba a latlha botshelo jwa gagwe, a lo golola mo seatleng sa Midiane;

18 lo tsogologetse ntlo ya ga rre gompieno go tlhabana nayo, lo bile lo bolaile bomorwawe, e le batho ba le 70, lo ba bolaetse mo letlapeng le le lengwe fela; lo dirile Abimeleke, morwa lelata la gagwe kgosi ya batho ba Shekeme, ka e le ngwana wa kgaitsadia lona –

19 Fa e bo ne ne jaana lo diretse Jerubaale le ntlo ya gagwe ka boammaaruri le thokgamo gompieno, foo lo nne lo itumele mo go Abimeleke, lo mme le ene a itumele mo go lona.

20 Mme fa go sa nna jalo, a go tswe molelo mo go Abimeleke, o laile banna ba Shekeme, le ntlo ya Milo; le gone a go tswe molelo mo banneng ba Shekeme, le mo ntlong ya Milo, o laile Abimeleke.”

21 Jothame a sia, a tshaba, a ya kwa Beere, a aga gone, ka go tshaba Abimeleke morwa rraagwe.

22 Abimeleke a nna kgosana ya Iseraele ka dinyaga di le tharo.

23 Modimo wa tsosa mowa o o bosula gare ga Abimeleke le banna ba Shekeme; mme banna ba Shekeme ba direla Abimeleke ka boferefere;

24 gore polao e e diretsweng bomorwa Jerubaale ba ba 70 e tle e tle, le gore madi a bone a tle a bewe mo go Abimeleke morwa rraabo, yo o ba bolaileng, le mo banneng ba Shekeme, ba ba thatafaditseng mabogo a gagwe go tla a bolaya bomorwa rraagwe.

25 Banna ba Shekeme ba mmeela balaledi mo godimo ga dithaba, ba thukhutha botlhe ba ba fetang ka bone ka tsela eo; mme ga bolelelwa Abimeleke.

26 Gaale morwa Ebete a tla le bomorwa rraagwe, ba ya kwa Shekeme; banna ba Shekeme ba mo ikanya.

27 Ba tswela mo nageng, ba fula mafine a bone, ba gata loungo lwa mafine, ba ja modiro, ba tsena mo ntlong ya modimo wa bone ba ja, ba nwa, ba hutsa Abimeleke.

28 Gaale morwa Ebete a re: “Abimeleke e bo e le mang, le Shekeme e mang, fa e bo ne ne go twe re mo direle? A ga se ene morwa Jerubaale? Sebule ke kgosana ya gagwe? Lona lo direle banna ba ga Hamore rraagwe Shekeme, mme rona re tlaa bo re mo direla ka ntlha yang?

29 A bo batho ba, Modimo o ka ka wa mma ba nne mo taolong ya me, foo ke ne ke tlaa tlosa Abimeleke.” A raya Abimeleke a re: “Totisa ntwa ya gago, o tswe.”

30 E rile Sebule molaodi wa motse a utlwa mafoko a ga Gaale morwa Ebete, bogale jwa gagwe jwa tuka.

31 A roma batho kwa go Abimeleke ka togamaano, a re: “Bona, Gaale morwa Ebete le bomonnawe ba tsile mo Shekeme; bona ba patelela motse gore o tlhabane nao.

32 Ke gone nanoga bosigo, wena le batho ba o nang nabo, o lalele mo nageng.

33 Go tlaa dirala go re, ka moso letsatsi le sena go tlhaba, o phakele o phagelele motse, mme e tlaa re ene le batho ba ba nang nae ba go thologela, foo o ka ba direla ka fa o bonang ka gone.”

34 Mme Abimeleke le batho botlhe ba o nang nabo ba nanoga bosigo, ba lalela Shekeme ba le 40.

35 Gaale morwa Ebete a tswa, a ema mo botsenong jwa kgoro ya motse; Abimeleke le batho ba o ne a na nabo ba nanoga mo talelong,

36 e rile Gaale a bona batho bao, a raya Sebule a re: “Bona, go fologa batho kwa godimo ga thaba.” Sebule a mo raya a re: “O bona meriti ya dithaba jaaka e kete ke batho.”

37 Gaale a bua gape a re: “Bona, go fologa batho ka bogare jwa lefatshe, lesomo le lengwe le tla ka tsela ya mooka wa Meonenime.”

38 Foo Sebule a mo raya a re: “Ana molomo wa gago o kae jaanong, ka o rile, Abimeleke e bo e le mang fa e bo ne ne re ka mo direla? A ga se bone batho ba o ba nyaditseng? A ko o tswe jaana o ye go tlhabana nabo.”

39 Gaale a tswa a eteletse banna ba Shekeme pele, a tlhabana le Abimeleke.

40 Abimeleke a mo alola, a tshaba fa pele ga gagwe; ga wa ba le bantsi ba ba tlhabilweng, go ya go fitlha kwa botsenong jwa kgoro.

41 Abimeleke a aga kwa Aruma; Sebule a leleka Gaale le ba ga gabo gore ba se ka ba aga mo Shekeme.

42 Ga dirala ya re ka moso batho ba tswela kwa nageng; ba bolelela Abimeleke.

43 Mme a tsaya batho a ba aba masomo a le mararo, a lalela mo nageng; a leba, mme a bona batho ba tswa mo motseng; a nanoga a ya go tlhabana nabo, a ba kgemetha.

44 Abimeleke le masomo a o nang nao a phagelela pele, ba ya ba ema mo botsenong jwa kgoro ya motse; masomo a mabedi a phagelela botlhe ba ba mo nageng, a ba kgemetha.

45 Abimeleke a tlhasela motse ka tsatsi leo lotlhe; a thopa motse, a bolaya batho ba ba mo go one; a rutla motse, a o gasa ka letswai.

46 E rile batho botlhe ba kago e e godileng ya phemelo ya Shekeme ba go utlwela, ba tsena mo kagong ya phemelo ya ntlo ya Ele-berithe.

47 Ga bolelelwa Abimeleke fa batho botlhe ba kago e e godileng ya phemelo ya Shekeme ba phuthegile.

48 Abimeleke a tlhatlogela kwa thabeng ya Salemone, ene le batho botlhe ba o nang nabo; Abimeleke a tsaya selepe, a rema kala mo setlhareng, a e tsaya, a e sikara; a raya batho ba o nang nabo, a re: “Se lo mponyeng ke se dira, lo akofe lo dire jaaka ke dirile.”

49 Batho botlhe le bone mongwe le mongwe a ithemela kala, mme ba sala Abimeleke morago, ba di baya fa kagong ya phemelo, ba tshubela kago ya phemelo mo godimo ga batho; batho botlhe ba swa, banna le basadi, e ka ne e le sekete.

50 Foo Abimeleke a ya kwa Thebese, a thibelela fa pele ga Thebese, a o thopa.

51 Ga bo go le kago ya phemelo e e godileng e e thata mo teng ga motse, mme banna le basadi botlhe ba tshabela gone, le bone botlhe ba motse, ba itswalela mo teng, ba tlhatlogela kwa godimo ga kago e e godileng ya phemelo.

52 Abimeleke a ya kwa kagong eo e e godileng a e tlhasela, a atamela thata kwa mojakong wa kago e e godileng ya phemelo, a ya go e fisa ka molelo.

53 Mosadi mongwe a latlhela lophatlo lwa lolwala mo tlhogong ya ga Abimeleke, a mo thubaganya logata.

54 Foo a bitsa ka potlako lekau le le mo tsholetseng dibolao, a mo raya a re: “Somola tšhaka ya gago o mphofotse, gore batho ba se ka ba bua ka ga me, ba re: ‘O bolailwe ke mosadi.’ ” Lekau la gagwe la mo phololetsa, a swa.

55 E rile banna ba Iseraele ba bona fa Abimeleke a sule, ba bothologa, mongwe le mongwe a ya ga gagwe.

56 Jalo Modimo wa lefetsa boikepo jwa ga Abimeleke jo o kileng a bo direla rraagwe, ka a bolaya bomorwa rraagwe ba ba 70;

57 le boikepo jotlhe jwa batho ba Shekeme, Modimo wa bo lefetsa mo ditlhogong tsa bone; phutso ya ga Jothame morwa Jerubaale ya tla mo go bone.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan