Basiamisi 8 - BAEBELE e e BoitshepoGo fenngwa ga bofelo ga Midiane 1 Banna ba Eferaime ba mo raya ba re: “O ne o re direlang jaana, ka o se ka wa re bitsa, fa o ya go tlhabana le Midiane?” Ba galefalana nae thata. 2 A ba raya a re: “Ana ke dirileng fa go ka tshwantshiwa le se se dirilweng ke lona? A maronopo a mofine wa ga Eferaime ga a a gaisa thobo ya mofine wa ga Abiesere? 3 Modimo o neetse dikgosana tsa Midiane mo seatleng sa lona, e bong Orebe le Seebe; mme nna ke ne ka dira eng se se ka tshwantshiwang le se se dirilweng ke lona?” Foo bogale jwa bone jwa mo kokobelela a sena go bua jalo. 4 Giteone a tla mo Joretane, a kgabaganya, ene le banna ba ba 300 ba o nang nabo, ba lapile, mme le fa go ntse jalo ba ntse ba konateletse fela. 5 A raya banna ba Sukothe, a re: “A ko lo fe batho ba ba ntshetseng morago dijo; gonne ba lapile, mme ke konateletse Seba le Salemuna, dikgosi tsa Midiane.” 6 Dikgosana tsa Sukothe tsa re: “A mabogo a boSeba le Salemuna a mo seatleng sa gago gompieno, fa e bo ne ne o re, re fe ntwa ya gago dijo?” 7 Giteone a re: “Ee, e tlaa re Jehofa a sena go neela boSeba le Salemuna mo seatleng sa me, foo ke tlaa gagola nama ya lona ka mmitlwa ya naga le ka mangana.” 8 Mme a tlhatloga gone a ya Penuele, a ya a bua nabo ka mokgwa o o ntseng jalo; mme banna ba Penuele ba mo fetola jaaka banna ba Sukothe ba mo fetotse. 9 Le gone a bua le banna ba Penuele a re: “E tlaa re ke tla gape ka kagiso, ke rutle kago e, e e godileng ya phemelo.” 10 Jaana Seba le Salemuna ba bo ba le mo Karekore, ba na le dintwa tsa bone, e ka ne e le batho ba le 15 000, e le bone botlhe ba ba setseng ba lesomo lotlhe la bana ba botlhabatsatsi; gonne go ne go ole batho ba le 120 000, ba tlhomile ka ditšhaka. 11 Mme Giteone a tlhatloga le tsela ya batho ba ba agileng mo megopeng ba potile Noba le Jogebeha ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi, a kgemetha ntwa; gonne ntwa e ne e iketlile fela. 12 BoSeba le Salemuna ba tshaba; a ba konatelela; a tshwara dikgosi tse pedi tsa Midiane, Seba le Salemuna, le ntwa yotlhe a e alola. 13 Mme Giteone morwa Joaše, a boa kwa tlhabanong fa botlhatlogong jwa Herese. 14 A tshwara lekau la banna ba Sukothe, a botsa mo go ene; mme a mo kaela dikgosana tsa Sukothe le bagolwane ba gone, banna ba le 77. 15 A tla mo banneng ba Sukothe, a re: “Bonang, Seba le Salemuna, ba lo nkgobileng ka ga bone lwa re: ‘A mabogo a boSeba le Salemuna a mo seatleng sa gago gompieno, fa go twe: Re fe batho ba gago ba ba lapileng dijo?’ ” 16 A tsaya bagolwane ba motse le mmitlwa ya naga le mengana, a ruta banna ba Sukothe ka yone. 17 A rutla kago e e godileng ya phemelo ya Penuele, a bolaya banna ba motse. 18 Foo a raya boSeba le Salemuna a re: “Ana banna ba lo ba bolaetseng kwa Tabore e ne e le ba ba ntseng jang?” Ba mo fetola ba re: “Jaaka o ntse le bone ba ne ba ntse jalo; mongwe le mongwe o ne a tshwana le bana ba kgosi.” 19 A re: “E ne e le bana ba ga rre, bomorwa mme; jaaka Jehofa a tshedile fa lo ka bo lo ne lo tshedisitse bone, nka bo ke sa lo bolaye.” 20 A raya Jethere ngwana wa gagwe wa ntlha, a re: “Nanoga o ba bolaye.” Mme lekau ga le a ka la somola tšhaka, gonne a boifa ka a ne a sa ntse a le lekau. 21 Foo Seba le Salemuna ba re: “A go nanoge wena, o re wele; gonne jaaka monna a ntse, nonofo ya gagwe e ntse fela jalo.” Giteone a nanoga a bolaya Seba le Salemuna; a tsaya mekgabo ya sekangwedi e e mo dithamong tsa dikamela tsa bone. 22 Foo banna ba Iseraele ba raya Giteone ba re: “O re buse, wena le morwao le ene morwa morwao; gonne o re golotse mo seatleng sa Bamidiane.” 23 Giteone a ba raya a re: “Ga nketla ke lo busa, le morwaake ga a ketla a lo busa; Jehofa o tlaa lo busa.” 24 Giteone a ba raya a re: “Ke rata go lo lopa sengwe, ke go re, mongwe le mongwe a nneye manyena a tsebe, a tse o di thopileng.” Gonne ba ne ba na le manyena a gouta, ka e le Baišemaele. 25 Ba mo fetola ba re: “Re tlaa di ntsha ka pelo yotlhe.” Ba ala kobo, mme motho mongwe le mongwe a latlhela mo go yone manyena a tse o di thopileng. 26 Bokete jwa manyena a gouta a o ne a a lopa e ne e le dikilokerama tsa gouta di le 20, kwa ntle ga mekgabo ya sekangwedi ya thamo, le mekgabo e e lepelelang, le diaparo tsa bohibidu jo bo mokgona tse di ne di aperwe ke dikgosi tsa Midiane, le kwa ntle ga bompolokwane ba ba neng ba le mo dithamong tsa dikamela. 27 Giteone a dira ka tsone sekhutlana, a se baya mo motseng wa gagwe e bong mo Ofera; mme Baiseraele botlhe ba se akafalela se le teng; mme ya nna seru mo go Giteone le ntlo ya gagwe. 28 Jalo Bamidiane ba fenngwa fa pele ga bana ba Iseraele, ba se ka ba tlhola ba tsholetsa tlhogo. Lefatshe la bona boikhutso ka dinyaga di le 40 mo metlheng ya ga Giteone. Loso lwa ga Giteone 29 Jerubaale morwa Joaše a ya a aga mo ntlong e e leng ya gagwe. 30 Giteone o ne a na le bana ba basimane ba le 70 ba ba tsetsweng ke ene, gonne o ne a na le basadi ba le bantsi. 31 Mogadingwana wa gagwe yo o ne a le mo Shekeme le ene a bona nae ngwana wa mosimane, a mo raya leina a re, Abimeleke. 32 Giteone morwa Joaše a swa a tsofetse thata, a fitlhwa mo phupung ya ga Joaše rraagwe, mo Ofera wa Baabiesere. 33 Ga dirala e rile Giteone fela a sena go swa, bana ba Iseraele ba retologa gape ba akafelela boBaale, ba dira Baale-berithe modimo wa bone. 34 Bana ba Iseraele ba se ka ba gakologelwa Jehofa Modimo wa bone, yo o ba golotseng mo seatleng sa baba botlhe ba bone ka ntlha tsotlhe; 35 le gone ntlo ya ga Jerubaale, yo e leng ene Giteone, ga baa ka ba e direla bopelonomi, ka fa molemong otlhe o ene o ne a diretse Iseraele ka one. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa