Basiamisi 5 - BAEBELE e e BoitshepoSefela sa ga Debora le Barake 1 Foo Debora le Barake morwa Abinoame ba opela ka tsatsi leo, ba re: 2 “E re ka baeteledipele ba ne ba etelela Iseraele pele, ka batho ba ne ba ineela ka peleego, a ko lo bakeng Jehofa. 3 Utlwang, lona dikgosi; sekegang tsebe, lona dikgosana; nna, e bong nna, ke tlaa opelela Jehofa; ke tlaa opelela Jehofa, Modimo wa Iseraele dipako. 4 Jehofa, e rile o bolola kwa Seire, e rile o tsamaela gongwe o tswa nageng ya Etome, lefatshe la roroma, magodimo a rotha, maru a rotha metsi. 5 Dithaba tsa nyera, tsa ela ka sebonalo sa ga Jehofa, e bong Sinai yole, ka sebonalo sa ga Jehofa, Modimo wa Iseraele. 6 E rile mo metlheng ya ga Shamegare morwa Anathe, ya re mo metlheng ya ga Jaele, ditsela tse dikgolo di ne di sa tsamaiwe, baeti ba tsamaya ka ditselana tse di kwa thoko fela. 7 Balaodi ba ne ba khutla mo go Iseraele, ba khutla, ga tsamaya nna Debora ka ema, ka ema ke le mma batho mo Iseraele. 8 Ba ne ba itshenkela medimo e meša; foo go ne go le ntwa mo dikgorong; a go no go ka bonwa thebe, kgotsa lerumo, mo bathong ba le dikete di le masome a le mane mo Iseraele? 9 Pelo ya me e ntlheng ya balaodisiwa ba Iseraele, ba ba ineetseng ka peleego mo gare ga batho; bakang Jehofa. 10 Bolelang, lona ba lo palamang diesela tse ditshweu, ba lo dutseng mo diphateng tse di solegileng, le lona ba lo tsamayang mo tseleng: 11 Ba le kgakala le modumo wa bahudi ka bora, ba le mo mannong kwa go gelelwang gone, ba tlaa kakanya ditiro tse di siameng tsa ga Jehofa teng, e bong ditiro tse di siameng tsa puso ya gagwe mo go Iseraele. Foo batho ba ga Jehofa ba fologela kwa dikgorong. 12 Tsoga, tsoga Debora; tsoga, tsoga, o tlhabe sefela; nanoga, Barake, o gogele ditshwarwa tsa gago botshwarong, wena morwa Abinoame. 13 Foo ga fologa malotsi a magosana a na le batho; Jehofa a mphologela go ntlhabantsha le bathata. 14 Mo go Eferaime ga fologa bone ba motswe wa bone o mo go Amaleke; morago ga gago, Benjamine, mo bathong ba gago; mo go Makire ga fologa balaodisiwa, le mo go Sebulone ga fologa ba ba itseng go tshwara lore lwa morulaganyi. 15 Dikgosana tsa Isakare di ne di na le Debora; jaaka Isakare a ne a ntse, Barake o ne a ntse jalo; ba gorometsegela mo molapong ba tswa fa dinaong tsa gagwe. Mme fa meeding ya metsi ya ga Rubene, go ne go le maikaelelo a magolo a pelo. 16 O ne o dulelang mo marakaneng a dinku go reetsa dinakana di lelediwa matsomane? E ne ya re fa meeding ya metsi ya ga Rubene ga ba ga nna maiphukutso a magolo a pelo. 17 Gileate o ne a nna kwa moseja ga Joretane; Dane le ene, o ne a salelang mo dikepeng? Ašere a dula fela fa losing lwa lewatle; mme a nna fa dinwaneng tsa gagwe. 18 Sebulone e ne e le tšhaba e e itshenoletseng loso, le ba Nafetali, mo mafelong a matshwaraganelo mo tlhabanong. 19 Dikgosi tsa tla tsa tlhabana; foo ga tlhabana dikgosi tsa Kanana mo Taanake, fa metsing a Megito; ga di a ka tsa amogela tuelo ya madi. 20 Ba tlhabana ba le legodimong, dinaledi mo ditseleng tsa tsone tsa tlhabana le Sisera. 21 Noka ya Kišone ya ba kgopholela koo, noka eo ya bogologolo, noka ya Kišone. Wena mowa wa me, tsamaelela gongwe kwa pele ka thata. 22 Foo ditlhako tsa dipitse tsa tiba ka ntlha ya makalemo, ka ntlha ya makalemo a ba ba thata ba bone. 23 ‘Hutsang Merose,’ go bua moengele wa ga Jehofa, ‘lo hutseng banni ba gone mo go botlhoko; ka ba se ka ba tla thusong, go thusa Jehofa, go thusa Jehofa go tlhabana le bathata.’ 24 O tlaa nna sego ene Jaele, bogolo go basadi, e bong mosadi wa ga Hebere wa Mokene, O tlaa nna sego bogolo go basadi mo mogopeng. 25 A lopa metsi, mme a mo naya maši; a mo leretse madila a maši ka sejana sa serena. 26 A isa seatla kwa lomapong le seatla sa gagwe se segolo kwa notong ya modiri, mme a rutha Sisera ka noto, a mo phololetsa tlhogo, ee, a tlhaba, a phololetsa matlhwana a gagwe. 27 A inama fa dinaong tsa gagwe, a wa, a namalala; a inama fa dinaong tsa gagwe, a wa; fa o ne a inama gone a wela gone a sule. 28 A okomela ka fensetere, a opotsa, ene mmaagwe Sisera, a opotsa ka fa marofaneng, a re: ‘Kara ya gagwe e diegelang go tla ka boleele? Maoto a kara ya gagwe a nyafalelang?’ 29 Bahumagadi ba gagwe ba ba botlhale ba mo fetola, ee, o ne a iphetola ka esi. 30 A re: ‘A ga baa bona thopo, a ga baa kgaoganya thopo? Monna mongwe le mongwe a bona mosetsana, gongwe basetsana ba le babedi; Sisera a ga a bone thopo e e mebalabala, thopo e e mebalabala ya tiro ya marorodi, e e mebalabala ya tiro ya marorodi ka ntlha tsoo pedi, mo thamong tsa thopo?’ 31 A baba ba gago botlhe ba swe fela jalo, Jehofa; mme ba ba mo ratang ba nne jaaka letsatsi fa le tswa mo thateng ya lone.” Mme lefatshe la bona boikhutso ka dinyaga di le masome mane. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa