Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Basiamisi 3 - BAEBELE e e Boitshepo


Merafe e sele e e tlogetsweng mo Iseraele

1 Jaana merafe e Jehofa o ne a e tlogela, go leka Baiseraele ka yone ke e, e bong botlhe ba ba se kang ba itse dintwa tsotlhe tsa Kanana;

2 ya bo e le go re, dikokomana tsa bana ba Iseraele, di tle di itse, gore go tle go ba rute ntwa, segolo bone ba ba sa itseng sepe ka ga yone gale;

3 ke go re, barena ba batlhano ba Bafilisitia, le Bakanana botlhe, le Basitone, le Bahife ba ba agileng mo thabeng ya Lebanone, go tswa Baale-heremone go ya botsenong jwa Hamathe.

4 Go ne go twe go tlaa lekwa Iseraele ka bone, gore go lemogwe boo ba tla reetsa ditaolo tsa ga Jehofa tse o di laoletseng borraabo ka Moše.

5 Bana ba Iseraele ba aga mo gare ga Bakanana, le Bahite, le Baamore, le Baperise, le Bahife, le Bajebuse.

6 Ba tsaya bomorwadia bone go nna basadi ba bone, ba tseisa bomorwa bone bomorwadia bone, ba direla medimo ya bone.


Otheniele

7 Bana ba Iseraele ba dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, ba lebala Jehofa Modimo wa bone, ba direla boBaale le Medimako.

8 Ke gone ka moo bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Iseraele, mme a ba rekisetsa mo go Kušane-rišathaime kgosi ya Mesopotamia. Bana ba Iseraele ba direla Kušane-rišathaime ka dinyaga tse di 8.

9 E rile bana ba Iseraele ba goele kwa go Jehofa, Jehofa a tsosetsa bana ba Iseraele mogolodi, yo o ne a ba golola, e bong Otheniele morwa Kenase, monnaa Kalebe.

10 Mowa wa ga Jehofa wa tla mo go ene, mme a atlhola Iseraele; a bolola ntwa, mme Jehofa a tsenya Kušane-risathaime kgosi ya Mesopotamia mo seatleng sa gagwe; mme seatla sa gagwe sa fenya Kušane-rišathaime.

11 Mme lefatshe la bona boikhutso ka dinyaga di le 40. Otheniele morwa Kenase a swa.


Ehute

12 Bana ba Iseraele ba dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa gape; mme Egelone kgosi ya Moabe, Jehofa a mo thatafaletsa Baiseraele, ka ba ne ba dirile se se bosula mo matlhong a ga Jehofa.

13 A iphuthela kwa go ene bana ba ga Amone, le ba ga Amaleke; mme a ya a kgemetha Iseraele, mme ba rua motse wa makolane.

14 Bana ba Iseraele ba direla Egelone kgosi ya Moabe ka dinyaga di le 18.

15 Mme e rile bana ba Iseraele ba goela kwa go Jehofa, Jehofa a ba tsosetsa mogolodi, ebong Ehute morwa Gera, wa Mobenjamine, monna yo o ntsogotlho; bana ba Iseraele ba isa ka ene mpho kwa go Egelone kgosi ya Moabe.

16 Ehute a itirela thipa e e magale mabedi, e e boleele jwa letsogo; a e ikgatlhelela ka fa seropeng sa ka fa tsogong le legolo, ka fa tlase ga diaparo tsa gagwe.

17 A ya go naya Egelone kgosi ya Moabe mpho; jaana Egelone ya bo e le motho yo o nonneng bobe.

18 E rile a sena go wetsa go mo naya mpho, a tsamaisa batho ba ba neng ba rwele mpho.

19 Mme ene a boa kwa metlobong ya maje e e fa Gilegale, a re: “Kgosi, ke na le lefoko le ke le go sebelang.” Kgosi ya re: “Didimalang.” Botlhe ba ba emeng fa go yone ba tswa.

20 Ehute a tla mo go ene; mme a bo a dutse a le esi mo ntlonyaneng ya boiphokiso. Ehute a re: “Ke na le taetso go wena kgosi, e tswa Modimong.” Mme a nanoga mo setulong sa gagwe.

21 Ehute a ntsha letsogo la molema, a tsaya thipa e e ka fa seropeng sa ka fa letsogong le legolo, a e sogotlhetsa mo mpeng ya gagwe.

22 Le yone theko ya tsena le thipa; mme mahura a betologela thipa, gonne ga a ka a somola thipa mo mpeng ya gagwe; ya phunyeletsa ka kwa morago.

23 Foo Ehute a tswela kwa mokatakong, a mo tswalela mo teng ga ntlwana, a kopela ditswalo.

24 Jaana e rile a sena go tswa batlhanka ba gagwe ba tla; ba leba, mme bona, ba fitlhela ditswalo tsa ntlwana di kopetswe, ba ithaya ba re: “Kooteng o ipipile dinao mo ntlwaneng ya gagwe ya boiphokiso.”

25 Ba diega ba ba ba tla ba tlhajwa ke ditlhong; ba fitlhela a sa bule ditswalo tsa ntlwana; ke gone ka moo ba tsaya sekopololo ba bula; ba fitlhela morena wa bone a wetse fa fatshe a sule.

26 E ne ya re ka ba diegile Ehute a falola, a fapaanya metlobo ya maje, a falolela kwa Seire.

27 Ga dirala e rile a sena go fitlha, a letsa lonaka mo lefatsheng la makgabana la Eferaime, mme bana ba Iseraele ba fologa nae mo lefatsheng la makgabana, ene a ba eteletse pele.

28 A ba raya a re: “Ntshalang morago, gonne Jehofa o tsentse baba ba lona, e bong Bamoabe, mo seatleng sa lona.” Ba fologa ba mo setse morago, ba kgabaganya, ba gapela Bamoabe matsibogo a Joretane, mme ba se ka ba leseletsa motho ope go kgabaganya noka.

29 Ba kgemetha Bamoabe ka lobaka loo, e ka ne e le batho ba le 10 000, monna mongwe le mongwe yo o dinama di dikgoka, le monna mongwe le mongwe yo o pelokgale; ga go a ka ga falola monna ope.

30 Jalo Moabe a fenyediwa ka tsatsi leo mo seatleng sa Iseraele, mme lefatshe la bona boikhutso ka dinyaga di le 40.


Shamegare

31 Morago ga gagwe ga nna Shamegare morwa Anathe, yo o ne a bolaya banna ba Bafilisitia ba le 600 ka lore lo lo kgweetsang dikgomo; le ene a boloka Iseraele.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan