Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Basiamisi 2 - BAEBELE e e Boitshepo


Moengele wa ga Jehofa kwa Bokime

1 Moengele wa ga Jehofa a tswa kwa Gilegale a tla mo Bokime. A re: “Ke ne ka lo ntsha mo Egepeto, ke lo lerile mo lefatsheng le ke le ikanetseng borraeno; ke rile: ‘Ga nketla ke kgaogana le kgolagano ya me le lona ka gope;’

2 ka ba ka re, ‘lo se ka lwa dira kgolagano epe le banni ba lefatshe leno; lo rutle dibeso tsa bone;’ mme ga lo a ka lwa reetsa lentswe la me; ana lo dirile jalo ka ntlha yang?

3 Ke gone gape ka moo ke buileng ka re: ‘Ga nketla ke ba leleka fa pele ga lona; mme ba tlaa nna jaaka mmitlwa mo ditlhakoreng tsa lona, medimo ya bone le yone e tlaa nna seru go lona.’ ”

4 Mme ga dirala ya re moengele a bua mafoko a le bana botlhe ba Iseraele, batho ba tsholetsa lentswe la bone ba lela.

5 Mme felo foo ba go raya leina ba re, Bokime; ba isetsa Jehofa setlhabelo gone.


Loso lwa ga Jošua

6 E rile Jošua a sena go naya batho tsela, bana ba Iseraele ba ya mongwe le mongwe kwa bosweng jwa gagwe, ba ya go rua lefatshe.

7 Batho ba direla Jehofa ka malatsi otlhe a ga Jošua, le ka malatsi otlhe a bagolwane ba ba tlogetsweng ke Jošua, ba ba bonyeng tiro e kgolo yotlhe ya ga Jehofa, e o ne a e direla Iseraele.

8 Mme Jošua morwa Nune motlhanka wa ga Jehofa a swa, a le botsofe jwa dinyaga di le 110.

9 Ba mo fitlha mo molelwaneng wa boswa jwa gagwe mo Timenathe-herese, mo lefatsheng la makgabana la Eferaime, bopota thaba ya Gaaše ntlheng ya botsheka.

10 Botlhe ba kokomana eo ba phuthelwa kwa go borraabo; mme ga tsoga kokomana e nngwe morago ga bone, e e se kang ya itse Jehofa, le fa e le yone tiro e o e diretseng Iseraele.


Baiseraele ba khutla go obamela Jehofa

11 Bana ba Iseraele ba dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, ba direla Bobaale.

12 Ba latlha Jehofa Modimo wa borraabo, yo o ba ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto, ba latela medimo e sele, ya medimo ya ditšhaba tse di mo tikologong ya bone, ba e ikobela; mme ba gakatsa Jehofa.

13 Ba latlha Jehofa ba direla Baale le Ašetarothe.

14 Bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Iseraele, a ba tsenya mo diatleng tsa bathukhuthi ba ba ba thukhuthang, a ba rekisetsa mo diatleng tsa baba ba bone tikologong, mme ba ne ba sa tlhole ba nonofela go ema fa pele ga baba ba bone.

15 Gongwe le gongwe kwa ba yang gone, letsogo la ga Jehofa le nne le ganele nabo go ba direla bosula, jaaka Jehofa a ne a buile, le jaaka Jehofa a ba ikanetse; mme ba nne mo pitlaganong e e botlhoko.

16 Jehofa o ne a tle a tsose baatlhodi, ba ba ba gololang mo diatleng tsa ba ba ba thukhuthang.

17 Le fa go ntse jalo ba ne ba se ke ba reetsa baatlhodi ba bone, gonne ba ne ba tle ba ye ba akafalele medimo e sele, ba e ikobele; ba fapoge ka bonako tsela e borraabo ba ne ba sepela mo go yone, ka ba ne ba utlwa ditaolo tsa ga Jehofa; mme bao ga ba a ka ba dira jalo.

18 E ne e re Jehofa a ba tsosetsa baatlhodi, foo Jehofa a nne le moatlhodi, a ba golole mo seatleng sa baba ba bone ka malatsi otlhe a moatlhodi yoo; gonne Jehofa o ne a ikwatlhaya ka ntlha ya go ona ga bone, ka ba onisiwa ke ba ba ba patikang ba ba tshwenya.

19 Mme e re moatlhodi a sule, ba boele kwa morago, ba dire boleo bogolo go borraabo, ka go latela medimo e sele go e direla, le go e ikobela; ga ba a ka ba bakela ditiro tsa bone, le fa e le mokgwa wa bone wa botlhogoethata.

20 Mme bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Iseraele; mme a re: “E re ka morafe o, o tlodile kgolagano ya me e ke e laoletseng borraabo, le gone ba se ka ba reetsa lentswe la me;

21 le nna, ga nketla ke tlhola ke leleka fa pele ga bone ope wa merafe e e rileng Jošua a a swa a e tlogela;

22 gore ke tle ke leke Iseraele ka yone, boo ba tlaa tshegetsa tsela ya Jehofa go sepela mo go yone, jaaka borraabo ba ne ba e tshegetsa, kgotsa nnyaa.”

23 Mme Jehofa a tlogela merafe eo jalo, a se ka a e leleka ka bonako; le gone ga a ka a e tsenya mo seatleng sa ga Jošua.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan