Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Basiamisi 18 - BAEBELE e e Boitshepo


Mika le morafe wa Badane

1 Ya re mo metlheng eo go ne go se na kgosi mo Iseraele; mo metlheng eo, lotso lwa Badane lwa ipatlela boswa kwa ba ka agang gone; gonne e sa le go fitlha mo lobakeng loo, ba ne ba ise ba amogele boswa jwa bone mo ditsong tsa Iseraele.

2 Bana ba Dane ba roma banna ba le batlhano ba losika lwa bone, ba rongwa ke lotso lotlhe fela, e le banna ba ba pelokgale, ba tswa mo Sora, le mo Ešetaole, ba ya go tlhola lefatshe, le go le keleka; mme ba ba raya ba re: “Yang lo keleke lefatshe.” Ba fitlha mo lefatsheng la makgabana la Eferaime, mo ntlong ya ga Mika, ba lala teng.

3 E rile ba le fa ntlong ya ga Mika, ba lemoga lentswe la lekau la Molefi; mme ba fapogela gone, ba mo raya ba re: “E mang yo o go lerileng mono? O dirang mo felong fano? O na le eng mono?”

4 A ba raya a re: “Mika o ntiretse jaana le jaana, o nthapile ka tuelo, ke moperesiti wa gagwe.”

5 Ba mo raya ba re: “Re a go rapela, a ko o lope kgakololo mo Modimong, gore re tle re itse gore a tsela e re e tsamayang e tlaa nna le letlhogonolo?”

6 Moperesiti a ba raya a re: “Tsamayang ka kagiso; tsela e lo tsamayang mo go yone e fa pele ga Jehofa.”

7 Foo banna ba batlhano ba tsamaya, ba tla mo Laiše, mme ba bona batho ba ba teng, jaaka ba agile ba iketlile, ka fa mokgweng wa Basitone, ba iketlile, ba le mo thagamong; gonne go ne go se na ope mo lefatsheng yo o nang le taolo, yo o ka ba utlwisang botlhoko ka gope, mme ba bo ba le kgakala le Basitone, ba sa etelane le ope.

8 Ba fitlha kwa go ba ga bone kwa Sora le Ešetaole; ba ga gabo ba ba raya ba re: “Lo a reng?”

9 Ba re: “Nanogang, a re ba bololeleng; gonne re bonye lefatshe, ra fitlhela le le molemo thata; mme a lo ntse fela? Lo se ka lwa nna bobodu go ya go tsena mo lefatsheng go le rua.

10 Lo tlaa re lo tsamaya, lo tlaa fitlha mo bathong ba ba mo thagamong; lefatshe le atlhame; gonne Modimo o le tsentse mo seatleng sa lona; ke felo kwa go sa tlhokafaleng sepe se se mo lefatsheng gone.”

11 Ga bolola teng ba losika lwa Badane, mo Sora le mo Ešetaole, banna ba le 600 ba ba tlhometseng dibolao tsa ntwa.

12 Ba ya ba thibelela mo Kiriathe-jearime, mo Juta; ke gone ka moo ba bitsa felo foo ka leina ba re: Mahanetane, nako e sa le eno; bona, go kwa morago mo Kiriathe-jearime.

13 Ba tswa gone ba fetela kwa lefatsheng la makgabana la Eferaime, mme ba fitlha kwa ntlong ya ga Mika.

14 Foo ga bua banna ba batlhano ba ba kileng ba ya go tlhola lefatshe la Laiše, ba raya ba ga gabo ba re: “A lo a itse fa go na le sekhutlana mo matlong a, le mereo, le setshwantsho se se setilweng, le setshwantsho se se thetsweng? Ke gone jaana, lo gopoleng se lo tshwanetseng go se dira.”

15 Ba fapogela teng, ba fitlha kwa ntlong ya lekau la Molefi, e bong kwa ntlong ya ga Mika, ba mmotsa ka fa o tshedileng ka gone.

16 Banna ba ba 600 ba ba tlhometseng dibolao tsa bone tsa ntwa, e ne e le bana ba ga Dane, ba ema fa botsenong jwa mojako.

17 Banna ba batlhano ba ba kileng ba ya go tlhola lefatshe ba ya, ba tsena teng, ba tsaya setshwantsho se se setilweng, le sekhutlana, le mereo, le setshwantsho se se thetsweng, mme moperesiti a ema fa botsenong jwa mojako a na le banna ba ba 600 ba ba tlhometseng dibolao tsa ntwa.

18 E rile bao ba tsena mo ntlong ya ga Mika, ba tsaya setshwantsho se se setilweng, le sekhutlana, le mereo, le setshwantsho se se thetsweng, moperesiti a ba raya a re: “Ana lo dirang?”

19 Ba mo raya ba re: “Didimala, o ipeye seatla mo molomong, o tsamaye le rona, o nne rraa rona le moperesiti wa rona; a go molemo bogolo go wena go nna moperesiti wa ntlo ya motho a le mongwe fela, gongwe go nna moperesiti wa lotso le wa losika mo Iseraele?”

20 Pelo ya moperesiti ya itumela, mme a tsaya sekhutlana, le mereo, le setshwantsho se se setilweng, a ya mo gare ga batho bao.

21 Ba menoga ba tsamaya, mme ba baya banyana, le dikgomo le dithoto kwa pele ga bone.

22 E rile ba setse ba le kgakala le ntlo ya ga Mika, batho ba ba mo matlong a a bapileng le ntlo ya ga Mika ba phuthega, ba ya ba fitlha kwa go bana ba ga Dane.

23 Ba tlhaeletsa bana ba ga Dane. Ba retologa, ba raya Mika ba re: “O bolawa ke eng fa e bo ne ne o tla le lesomo le le kana?”

24 A re: “Lo tshotse medimo ya me e ke e dirileng, le moperesiti, lo tsamaile, mme ke sa na le eng? Lo nthaya jang lo re: ‘O bolawa ke eng?’ ”

25 Bana ba ga Dane ba mo raya ba re: “A lentswe la gago le se utlwale mo go rona, banna ba ba bogale ba ka tla ba go wela, mme wa swa, le bone ba ntlo ya gago.”

26 Mme bana ba ga Dane ba itsamaela kwa pele. E rile Mika a bona fa ba le thata bogolo go ene, a retologa a boela kwa ntlong ya gagwe.

27 Ba tsaya se Mika o ne a se dirile, le moperesiti yo o ne a na nae, mme ba tla mo Laiše, mo bathong ba ba iketlileng, le ba ba ikayang tlhomamo, ba ba kgemetha ka bogale jwa tšhaka; ba fisa motse ka molelo.

28 Go ne go se na mogolodi, ka go ne go le kgakala le Sitone, mme ba ne ba sa etelane le motho ope; mme ya bo e le mo molapong o o namaletseng fa Betherehobe. Ba aga motse, ba nna mo go one.

29 Ba raya motse leina ba re: Dane; ba o reelela rraabo Dane, yo o tsetsweng ke Iseraele. Mme le fa go ntse jalo gale leina la motse e ne e le Laiše.

30 Bana ba ga Dane ba itlhomela setshwantsho se se setilweng. Jonathane morwa Gerešome, morwa Moše, ene le bomorwawe e ne e le bone baperesiti ba lotso lwa Badane go ya go fitlha mo motlheng wa botshwaro jwa lefatshe.

31 Jalo ba itlhomela setshwantsho se se setilweng sa ga Mika, se o ne a se dirile, sa nna ka lobaka lotlhe lo ntlo ya Modimo e ne e ntse mo Shilo ka lone.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan