Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Basiamisi 17 - BAEBELE e e Boitshepo


Disetwa tsa ga Mika

1 Go ne go le monna mongwe wa lefatshe la makgabana la Eferaime, leina la gagwe e le Mika.

2 A raya mmaagwe a re: “Diselefera tse di 1 100 tse o di thukhuthilweng, tse o buileng phutso ka ga tsone, wa ba wa e buela mo ditsebeng tsa me, bona, selefera seo se mo go nna; ke nna ke se tsereng.” Mmaagwe a re: “A morwaake a segofadiwe ke Jehofa.”

3 Diselefera tse di 1 100 a di rebolela mmaagwe, mme mmaagwe a re: “Ruri selefera se, ke se kgethela Jehofa, se tswa mo seatleng sa me, ka ga morwaake, go dira setshwantsho se se setilweng, le setshwantsho se se thetsweng; ke gone jaana ke tlaa se busetsa mo go wena.”

4 Ya re a busetsa madi kwa go mmaagwe, mmaagwe a tsaya diselefera di le 200, a di neela mothudi, mme ene a dira ka tsone setshwantsho se se setilweng, le setshwantsho se se thetsweng; mme sa nna mo ntlong ya ga Mika.

5 Monna yoo Mika o ne a na le ntlo ya medimo, mme a dira sekhutlana, le mereo. A tshwaya mongwe wa bomorwawe, ene a nna moperesiti wa gagwe.

6 Mo metlheng eo go ne go se na kgosi mo Iseraele; motho mongwe le mongwe a dira se se siameng mo matlhong a gagwe fela.

7 Go ne go le lekau lengwe le le tswang Bethelehema wa Juta, la losika lwa Juta, yo e ne e le Molefi, a bo a jakile gone.

8 Monna yoo a huduga mo motseng, mo Bethelehema wa Juta, a ya go jaka kwa o ka bonang bonno gone; mme a re a eta a tla mo lefatsheng la makgabana la Eferaime, kwa ntlong ya ga Mika.

9 Mme Mika a mo raya a re: “O tswa kae?” A mo raya a re: “Ke Molefi wa Bethelehema wa Juta, ke ya go jaka kwa ke ka bonang bonno teng.”

10 Mika a mo raya a re: “Aga le nna, o bo o nne rre le moperesiti mo go nna, ke tlaa go naya diselefera di le some ka ngwaga le ngwaga, le diaparo le dijo tsa gago.” Jalo Molefi a tsena.

11 Molefi a itumela go aga le monna yoo; lekau leo la nna mo go ene jaaka mongwe wa bomorwawe.

12 Mika a tshwaya motho wa Molefi, mme lekau leo la nna moperesiti wa gagwe a ba a nna mo ntlong ya ga Mika.

13 Foo Mika a re: “Jaanong ke a itse fa Jehofa a tlaa ntirela molemo, ka ke na le Molefi go nna moperesiti wa me.”

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan