Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Basiamisi 15 - BAEBELE e e Boitshepo

1 Ga dirala ya re motlha mongwe, go le ka lobaka lwa thobo ya mabele, Samesone a ya go bona mosadi wa gagwe ka potsane; a ithaya a re: “Ke tlaa tsena kwa go mosadi wa me mo ntlwaneng.” Mme rraagwe mosadi a gana go mo letla go tsena.

2 Rraagwe mosadi a re: “Ka bo ke rile o mo ileditse ruri; ke gone ke mo neileng monkana wa gago; a monnawe ga a montle bogolo go ene? Ke a go rapela, tsaya ene mo boemong jwa gagwe.”

3 Samesone a ba raya a re: “Monomotlha ke tlaa bo ke se na molato ka ga Bafilisitia, fa ke ba direla bosula bongwe.”

4 Samesone a ya a tshwara diphokoje di le 300, a tsaya ditime a di gokaganya megatla, a tsenya ditime mo gare ga megatla, ka bobedi le bobedi jwa yone.

5 E rile a sena go tshuba ditime a lesa diphokoje tsa ya mo mabeleng a a emeng a Bafilisitia, a fisa mabele a a tlhomilweng dingata le one a a emeng, le one masimo a mafine le matlhware.

6 Foo Bafilisitia ba re: “E mang yo o dirileng seo se?” Ba re: “Samesone, mogwaagwe Motimena yoo, ka a mo tloseditse mosadi wa gagwe, a mo neile monkana wa gagwe.” Bafilisitia ba ya ba fisa mosadi le rraagwe ka molelo.

7 Samesone a ba raya a re: “Fa lo dira ka mokgwa o o ntseng jaana, ruri ke tlaa lo ipusolosetsa, mme morago ga moo ke tlaa khutla.”

8 A ba šašaanya ka polao e kgolo; a fologa a aga mo lofarong lwa lefika la Etame.


Samesone o fenya Bafilisitia

9 Foo Bafilisitia ba ya ba thibelela mo Juta, ba ikanamisetsa mo Lehi.

10 Banna ba Juta ba re: “Ana lo re tlhaselelang?” Ba re: “Re tsile go golega Samesone, le go mo direla jaaka a re diretse.”

11 Foo banna ba Juta ba le 3 000 ba ya kwa lofarong lwa lefika la Etame, ba raya Samesone ba re: “A ga o itse fa Bafilisitia e le bone balaodi ba rona? Selo se o se re diretseng ke eng?” A ba raya a re: “Jaaka ba ntiretse, ke ba diretse jalo.”

12 Ba mo raya ba re: “Re tsile go go golega, gore re go tsenye mo seatleng sa Bafilisitia.” Samesone a ba raya a re: “Inkaneleng fa lo se ketla lo nkwela ka losi.”

13 Ba bua nae ba re: “Nnyaa; re tlaa go golega thata, re go tsenya mo seatleng sa bone; ruri rona ga re ketla re go bolaya.” Ba mo golega ka megala e meša e le mebedi, ba mo ntsha mo lefikeng.

14 E rile a tla mo Lehi, Bafilisitia ba re ba kgatlhana nae ba thela lošalaba; mme mowa wa ga Jehofa wa tla mo go ene ka thata, megala e e mo mabogong a gagwe ya nna jaaka lodi lo lo fisitsweng ke molelo, le dithapo tsa gagwe tsa wa mo mabogong a gagwe.

15 A bona lotlhaa lo loša lwa esela, a otlolola letsogo a lo tsaya, a bolaya banna ba le 1 000 ka lone.

16 Samesone a re: “Ka lotlhaa lwa esela, go mekoakoa fela; ke bolaile banna ba le sekete ka lotlhaa lwa esela.”

17 Ga dirala ya re a sena go swetsa go bua, a latlha lotlhaa; mme felo foo ga bidiwa Ramathalehi.

18 A bolawa ke lenyora thata, a biletsa kwa go Jehofa a re: “O dirile kgololo e kgolo ka seatla sa motlhanka wa gago; jaana ke tlaa swa ka lenyora, ke tlaa wela mo seatleng sa ba ba sa rupang.”

19 Modimo wa fatola khuti e e mo Lehi, mme ga tswa metsi gone. E rile a sena go nwa, mowa wa gagwe wa bowa, a rulwa. Ke gone ka moo leina la gone la bidiwa ga twe, Enehakore, o mo Lehi nako e sa le eno.

20 A atlhola Iseraele mo metlheng ya Bafilisitia ka dinyaga di le 20.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan