Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Basiamisi 13 - BAEBELE e e Boitshepo


Botsalo jwa ga Samesone

1 Gape bana ba Iseraele ba dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa; Jehofa a ba tsenya mo seatleng sa Bafilisitia ka dinyaga di le 40.

2 Go ne go le monna mongwe wa Sora, wa losika lwa Badane, leina la gagwe e le Manoa; mosadi wa gagwe a bo a le moopa a sa bone bana.

3 Moengele wa ga Jehofa a bonala kwa go mosadi yoo, a mo raya a re: “Bona, o moopa, ga o bone bana; mme o tlaa ithwala, o tlaa bona ngwana wa mosimane.

4 Ke gone jaana, ke a go rapela o itise, o se ka wa nwa bojalwa bope jwa mofine, le fa e le bojalwa jo bo loileng, le gone o se ka wa ja sepe se se itshekologileng,

5 gonne bona, o tlaa ithwala, o tlaa bona ngwana wa mosimane; mme a go se tle logare mo tlhogong ya gagwe; gonne ngwana o tlaa nna Monasirite wa Modimo go tswa mo go tsalweng ga gagwe; o tlaa simolola go golola Iseraele mo seatleng sa Bafilisitia.”

6 Foo mosadi a fitlha a bolelela monna wa gagwe a re: “Monna mongwe wa Modimo o ne a tla kwa go nna, sefatlhogo sa gagwe se tshwana le sefatlhogo sa moengele wa Modimo, se boitshega thata; ga ke a ka ka mmotsa kwa o tswang gone, le gone ga a ka a mpolelela leina la gagwe;

7 mme a nthaya a re: ‘Bona, o tlaa ithwala, o tlaa bona ngwana wa mosimane; jaana o se ka wa nwa bojalwa jwa mofine, le fa e le bojalwa jo bo loileng, o bo o se ka wa ja sepe se se itshekologileng, gonne ngwana o tlaa nna Monasirite Modimong go tswa mo go tsalweng, go ya tsatsing la loso lwa gagwe.’ ”

8 Foo Manoa a rapela Jehofa a re: “Morena ke a go rapela, a monna wa Modimo yo o ne wa mo roma, a tle kwa go rona gape, a re rute se re tlaa se dirang ngwana yo o tlaa bonwang.”

9 Modimo wa reetsa lentswe la ga Manoa; moengele wa Modimo a tla gape kwa mosading a dutse mo nageng; Manoa monna wa gagwe o ne a se na nae.

10 Mosadi a itlhaganela a siana a ya a bolelela monna wa gagwe, a mo raya a re: “Bona, monna yole o mponaletse, yo o ne a tsile kwa go nna maloba.”

11 Manoa a nanoga a sala mosadi wa gagwe morago, a fitlha kwa monneng yoo; a mo raya a re: “A ke wena monna yo o ne a bua le mosadi?” A re: “Ke nna.”

12 Manoa a re: “Jaana a mafoko a gago a dirale; e tlaa nna ngwana yo o ntseng jang, le tiro ya gagwe e tlaa nna eng?”

13 Moengele wa ga Jehofa a raya Manoa a re: “Mo go tsotlhe tse ke di buileng le mosadi, a mosadi a itise.

14 A se ka a ja sepe se se tswang mo mofineng, le gone a se ka a nwa bojalwa jwa mofine, le fa e le bojalwa jo bo loileng, le fa e le go ja sepe se se itshekologileng, gotlhe mo ke go mo laoletseng a go tlhokomele.”

15 Manoa a raya moengele wa ga Jehofa a re: “Ke a go rapela, o mme re go die, gore re go baakanyetse potsane.”

16 Moengele wa ga Jehofa a raya Manoa a re: “Le fa o ntia ga nketla ke ja dijo tsa gago; mme fa o rata go baakanya tshupelo e e fisiwang, o tlaa e isetsa Jehofa.” Gonne Manoa o ne a sa itse fa e le moengele wa ga Jehofa.

17 Manoa a raya moengele wa ga Jehofa a re: “Leina la gago e mang, e tle e re mafoko a gago a dirala re be re itse go go tlotla?”

18 Moengele wa ga Jehofa a mo raya a re: “O boletsang leina la me, e tswa e le le le gakgamatsang?”

19 Jalo Manoa a tsaya potsane le tshupelo ya boupe, a isetsa Jehofa ka tsone mo letlapeng; mme moengele a dira mo go gakgamatsang, Manoa le mogatse ba lebile.

20 Gonne ga dirala, ya re kgabo ya molelo e tlhatlogela legodimong e tswa mo letlapeng, moengele wa ga Jehofa a tlhatloga a le mo kgabong ya sebeso; Manoa le mogatse ba bo ba lebile; mme ba wela ka difatlhogo fa fatshe.

21 Moengele wa ga Jehofa a se ka a tlhola a bonalela Manoa le fa e le mosadi wa gagwe. Foo Manoa a itse fa e le moengele wa ga Jehofa.

22 Manoa a raya mosadi wa gagwe a re: “Ruri re tlaa swa, gonne re bonye Modimo.”

23 Mme mosadi wa gagwe a mo raya a re: “Fa Jehofa a ka bo ne ne a ratile go re bolaya, o ka bo fano a se ka a amogela tshupelo e e fisiwang, le tshupelo ya boupe mo seatleng sa rona, le gone o ka bo a se ka a re supetsa dilo tsotlhe tse, le gone o ka bo a se ka a bolela dilo tse di ntseng jalo mo lobakeng lono.”

24 Mosadi a bona ngwana wa mosimane, a mo raya leina a re, Samesone. Mme ngwana a tutuga, mme Jehofa a mo segofatsa.

25 Mowa wa ga Jehofa wa simolola go mo tlhotlheletsa a le mo Mahanetane, gare ga Sora le Ešetaole.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan