Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Basiamisi 12 - BAEBELE e e Boitshepo


Jefetha le Baeferaime

1 Banna ba Eferaime ba ne ba phuthegile, mme ba kgabaganyetsa ntlheng ya botsheka; ba raya Jefetha ba re: “O ne o kgabaganyetsang o ya go tlhabana le bana ba Amone, mme wa se ka wa re bitsa ra tsamaya nao? Re tlaa fisetsa ntlo ya gago ka molelo mo godimo ga gago.”

2 Jefetha a ba raya a re: “Nna le batho ba me re ne re le kgang e tona le bana ba Amone; e rile ke lo bitsa lo se ka lwa nkgolola mo seatleng sa bone.

3 Ke rile ke bona lo sa nkgolole, ka baya botshelo jwa me seatleng sa me, ka kgabaganya ka ya go tlhabana le bana ba Amone; ke rile ke lo bitsa ga lo a ka lwa nkgolola mo seatleng sa bone; ke gone, lo tlelang mo go nna gompieno, go tla go tlhabana le nna?”

4 Foo Jefetha a phutha banna botlhe ba Gileate, mme ba tlhabana le Baeferaime; banna ba Gileate ba kgemetha Baeferaime, ka ba re: “Lona Bagileate, lo bafaladi fela ba Eferaime, mo gare ga Eferaime, le mo gare ga Manase.”

5 Bagileate ba gapela Baeferaime matsibogo a Joretane. E ne e tle e re fa mongwe wa bafaladi ba Eferaime a bua a re: “Mmang ke kgabaganye,” foo banna ba Gileate ba mo reye ba re: “A o Moeferaime?”

6 Mme fa a re: “Nnyaa;” foo ba mo reye ba re: “A o ko o re: Shibolethe;” a re: “Sibolethe,” ka a retelelwa ke go le bua sentle; foo ba mo tshware ba mmolaele fa matsibogong a Joretane; ya re ka lobaka loo ga wa Baeferaime ba le 42 000.

7 Jefetha a atlhola Iseraele ka dinyaga di le thataro; foo Jefetha wa Mogileate a swa, mme a fitlhwa mo go mongwe wa metse ya Gileate.


Ibesane, Elone le Abetone

8 Morago ga gagwe Ibesane wa Bethelehema a atlhola Iseraele.

9 O ne a na le bana ba basimane ba le 30, le bana ba basetsana ba le 30, a ba isa ba ya go nyalelwa kwa ditšhabeng; a tseisa bomorwawe bana ba basetsana ba le 30 kwa ditšhabeng. A atlhola Iseraele ka dinyaga di supa.

10 Ibesane a swa, a fitlhwa mo Bethelehema.

11 Morago ga gagwe Elone wa Mosebulone a atlhola Iseraele; a atlhola Iseraele ka dinyaga di le some.

12 Elone wa Mosebulone a swa, a fitlhwa mo Aijalone mo lefatsheng la Sebulone.

13 Morago ga gagwe Abetone morwa Hilele wa Mopirathone a atlhola Iseraele.

14 O ne a na le bana ba basimane ba le 40 le ditlogolo di le 30 tsa basimane, ba ba neng ba palama dieselana di le 70; mme a atlhola Iseraele ka dinyaga tse di 8.

15 Abetone morwa Hilele wa Mopirathone a swa, a fitlhwa mo Pirathone mo lefatsheng la Eferaime, mo lefatsheng la makgabana la Baamaleke.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan