Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Basiamisi 10 - BAEBELE e e Boitshepo


Tola

1 Morago ga Abimeleke ga ema Tola morwa Pua, morwa Doto, monna wa Isakare, go boloka Iseraele; mme a aga mo Shamire mo lefatsheng la makgabana la Eferaime.

2 A atlhola Iseraele ka dinyaga di le 23, a swa, a fitlhwa mo Shamire.


Jaire

3 Morago ga gagwe ga ema Jaire wa Mogileate; a atlhola Iseraele ka dinyaga di le 22.

4 O ne a na le bana ba basimane ba le 30 ba ba palamang dieselana di le 30, ba na le metse e e 30, e e bidiwang Hafothe-jaire le gompieno, e e mo lefatsheng la Gileate.

5 Mme Jaire a swa, a fitlhwa mo Kamone.


Jefetha

6 Bana ba Iseraele ba dira se se bosula gape mo matlhong a ga Jehofa, ba direla boBaale, le boAšetarothe, le medimo ya Siria, le medimo ya Sitone, le medimo ya Moabe, le medimo ya bana ba Amone, le medimo ya Bafilisitia; ba latlha Jehofa, ba se ka ba mo direla.

7 Bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Iseraele, mme a ba rekisetsa mo seatleng sa Bafilisitia, le mo seatleng sa bana ba Amone.

8 Ba tshwenya ba patika bana ba Iseraele ka ngwaga oo; ba patika bana ba Iseraele botlhe ba ba kwa moseja ga Joretane mo lefatsheng la Baamore le le leng mo Gileate, ka dinyaga di le 18.

9 Bana ba Amone ba kgabaganya Joretane ba ya go tlhabana le Juta, le Benjamine, le ntlo ya ga Eferaime; mme Iseraele a pitlagana thata.

10 Bana ba Iseraele ba goela kwa go Jehofa ba re: “Re go leofetse, fela ka ntlha ya gonne re latlhile Modimo wa rona, re diretse boBaale.”

11 Jehofa a raya bana ba Iseraele a re: “A ga ke a lo golola mo go Baegepeto, mo go Baamore, mo baneng ba Amone, le mo go Bafilisitia?

12 Le bone Basitone, le Baamaleke, le Baamone ba ne ba lo patika; lwa goela kwa go nna, mme ka lo golola mo seatleng sa bone.

13 Le fa go ntse jalo lo ntatlhile, lo diretse medimo e sele; ke gone ga nketla ke tlhola ke lo golola.

14 Yang lo goele medimo e lo e itshenketseng; a e lo golole mo motlheng wa pitlagano ya lona.”

15 Bana ba Iseraele ba raya Jehofa ba re: “Re leofile; re direle ka fa o bonang go le molemo ka gone; fela, re a go rapela, re golole kajeno.”

16 Mme ba tlosa medimo e e leng e sele ya seeng mo go bone, ba direla Jehofa; mme mowa wa gagwe wa tlhokofala ka ntlha ya matladika a Iseraele o ne a le mo go one.

17 Foo bana ba Amone ba phuthega, ba thibelela mo Gileate. Bana ba Iseraele ba iphutha ba thibelela mo Misepa.

18 Batho, e bong dikgosana tsa Gileate, ba raana ba re: “E mang monna yo o tlaa simololang go tlhabana le bana ba Amone? E tlaa nna ene tlhogo ya banni botlhe ba Gileate.”

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan