Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Basiamisi 1 - BAEBELE e e Boitshepo


Atoni-beseke o a tshwarwa

1 Ga dirala e rile morago ga loso lwa ga Jošua, bana ba Iseraele ba botsa Jehofa ba re: “E mang yo o tlaa re etelelang pele go ya go tlhabana le Bakanana?”

2 Mme Jehofa a re: “A go bolole Juta; bonang ke tsentse lefatshe mo seatleng sa gagwe.”

3 Juta a raya Simeone morwa rraagwe, a re: “Bolola le nna re ye kabelong ya taolelo ya me, re ye go tlhabana le Bakanana; le nna ke tlaa bolola nao re ya kabelong ya taolelo ya gago.” Mme Simeone a ya nae.

4 Juta a bolola; mme Jehofa a tsenya Bakanana le Baperise mo seatleng sa bone; ba kgemetha banna ba le 10 000 mo go bone mo Beseke.

5 Ba fitlhela Atoni-beseke mo Beseke; ba tlhabana nae, ba kgemetha Bakanana le Baperise.

6 Atoni-beseke a tshaba; mme ba mo konatelela, ba mo tshwara, ba mo kgaola menwana ya kgonotswe, le menwana e megolo ya dinao.

7 Atoni-beseke, a re: “Dikgosi di le 70 tse di kgaotsweng menwana ya kgonotswe, le menwana e megolo ya dinao, di kile tsa sela dijo tsa tsone fa tlase ga lomati lwa me lwa bojelo; jaaka ke dirile, Modimo o ntefeditse.” Mme ba mo isa Jerusalema, a ya a swela gone.


Juta o fenya Jerusalema le Heberone

8 Bana ba Juta ba tlhasela Jerusalema, ba o thopa, ba o kgemetha ka bojetla jwa tšhaka, ba tshubela motse.

9 Morago ga moo bana ba Juta ba ya go tlhabana le Bakanana ba ba neng ba agile mo lefatsheng la makgabana, le kwa Borwa, le kwa lefatsheng le le kwa sehuting.

10 Mme Juta a bololela Bakanana ba ba agileng mo Heberone; (gale leina la Heberone e ne e le Kiriathe-areba); ba kgemetha Shešai le Ahimane le Talemai.


Otheniele o fenya Debire
( Još 15:13-19 )

11 A tswa gone a bololela banni ba Debire; (gale leine la Debire e ne e le Kiriathe-sefere).

12 Kalebe a re: “Yo o kgemethang Kiriathe-sefere, a o thopa, ke tlaa mo naya morwadiake Akesa go nna mosadi wa gagwe.”

13 Mme Otheniele morwa Kenase, monnaa Kalebe, a o thopa; mme a mo naya Akesa morwadie go nna mosadi wa gagwe.

14 Ga dirala ya re mosadi a tla kwa go ene, a mo tlhotlheletsa gore a lope rraagwe naga; mme a pagologa esela ya gagwe; mme Kalebe a mo raya, a re: “O batlang?”

15 A mo raya, a re: “Nnaya lesego; e re ka o mpeile mo lefatsheng la Borwa, a ko o nneye metswedi ya metsi.” Mme Kalebe a mo naya metswedi ya godimo le metswedi ya tlase.


Phenyo ya Juta le Benjamine

16 Bana ba Mokene, mogwagadia Moše, ba tswa mo motseng wa makolane, ba na le bana ba Juta, ba tlhatlogela kwa nageng ya Juta, bopota Arate ntlheng ya Borwa; ba ya ba aga le batho bao.

17 Juta a ya le Simeone morwa rraagwe, ba ya ba kgemetha Bakanana ba ba agileng mo Sefathe, ba o senyetsa ruri. Leina la motse le ne le bidiwa Horema.

18 Gape Juta a thopa Gasa le tikologo ya teng, le Ašekelone le tikologo ya teng, le Ekerone le tikologo ya teng.

19 Jehofa a bo a na le Juta; mme a leleka banni ba lefatshe la makgabana; gonne o na a retelelwa ke go leleka banni ba molapo, ka gonne ba na le dikara tsa tlhabano tsa tshipi.

20 Motse wa Heberone ba o naya Kalebe, jaaka Moše a ne a buile; mme a leleka gone bomorwa Anake ba bararo.

21 Mme bana ba Benjamine ba se ka ba leleka Bajebuse ba ba ntseng mo Jerusalema; Bajebuse ba sa le ba aga le bana ba Benjamine mo Jerusalema, nako e sa le eno.


Eferaime le Manase ba fenya Bethele

22 Ba kgotla ya ga Josefe le bone ba bololela Bethele; Jehofa a bo a na nabo.

23 Ba kgotla ya ga Josefe ba roma batho ba ya go tlhola Bethele. (Gale leina la motse e ne e le Luse.)

24 Balebedi ba bona motho a tswa mo motseng, ba mo raya, ba re: “A ko o re kaele ka fa go tsenwang mo motseng ka gone, mme re tlaa go direla ka bopelonomi.”

25 A ba supetsa fa go tsenwang motse gone, mme ba kgemetha motse ka bojetla jwa tšhaka; mme ba lesa monna yoo le botlhe ba losika lwa gagwe.

26 Monna yoo a ya lefatsheng la Bahite, a aga motse a o raya leina a re, Luse; le e leng lone leina la one le gompieno.


Merafe e e sa lelekwang ke Iseraele

27 Manase a se ka a leleka banni ba Bethešeane le metse ya gone, le fa e le ba Taanake le metse ya teng, le fa e le banni ba Dore le metse ya gone, le fa e le banni ba Ibeleame le metse ya teng, le fa e le banni ba Megito le metse ya gone; mme Bakanana ba ganelela go aga mo lefatsheng leo.

28 Ga dirala e rile Iseraele a sena go nonofa a dirisa Bakanana tiro, a se ka a ba lelekela ruri.

29 Eferaime ga a ka a leleka Bakanana ba ba agileng mo Gesere; mme Bakanana ba aga mo Gesere mo gare ga bone.

30 Sebulone ga a ka a leleka banni ba Kiterone, le fa e le banni ba Nahalole; mme Bakanana ba aga mo gare ga bone, ba nna bakgethi.

31 Ašere ga a ka a leleka banni ba Ako, le fa e le banni ba Sitone, le fa e le ba Ahelabe, le fa e le ba Akesibe, le fa e le ba Heleba, le fa e le ba Afike, le fa e le ba Rehobe;

32 mme Baašere ba aga mo gare ga Bakanana, banni ba lefatshe; gonne ba se ka ba ba leleka.

33 Nafetali ga a ka a leleka banni ba Bethešemeše, le fa e le banni ba Bethanathe; mme ba aga mo gare ga Bakanana, banni ba lefatshe; le fa go ntse jalo banni ba Bethešemeše le banni ba Bethanathe ba nna bakgethedi ba bone.

34 Baamore ba patikelela bana ba Dane mo lefatsheng la makgabana, gonne ba se ka ba ba leseletsa go fologela mo molapong.

35 Baamore ba ganelela go aga mo thabeng ya Herese, mo Aijalone, le mo Shaalebime; mme le fa go ntse jalo letsogo la ba kgotla ya ga Josefe la fenya, mme ba nna bakgethi.

36 Molelwane wa Baamore wa simolola fa botlhatlogong jwa Akerabime, go tswa letlapeng go ya kwa godimo.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan