Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Baroma 9 - BAEBELE e e Boitshepo


Modimo le batho ba one

1 Ke bua boammaaruri mo go Keresete, ga ke ake, le segakolodi sa me se supa jaaka nna mo Moweng o o Boitshepo.

2 Ka re, ke na le bohutsana jo bogolo, le botlhoko jo bo sa kokobeleng mo pelong ya me.

3 Gonne ke ne ke ka eletsa gore nna ka nosi ke bo ke lomolotswe le Keresete, ka ntlha ya ba ga etsho, ba e leng ba losika lwa me ka fa nameng;

4 ba e leng Baiseraele; ba bongwana e leng jwa bone, le kgalalelo, le dikgolagano, le go newa ga molao, le tirelo ya Modimo, le dipolelo tsa tsholofetso;

5 ba borara e leng ba bone, le ba Keresete o tswang mo go bone ka fa nameng, yo o leng tlhogo ya tsotlhe, e le Modimo o o bakwang ka bosakhutleng. Amen.

6 E be e se go re go tshwana jaaka e kete lefoko la Modimo le nyeletse. Gonne ga se go re, ba ba tswang mo go Iseraele, ke Baiseraele botlhe.

7 Le gone, ga se go re botlhe ke bana ka gobo e le ba losika lwa ga Aberahame; mme ga twe: “Losika lwa gago lo tlaa bidiwa mo go Isake.”

8 Ke go re, ba e leng bana ba nama, ga se go re ke bone bana ba Modimo; mme bana ba polelo ya tsholofetso ke bone ba ba kaiwang losika.

9 Gonne le ke lefoko la tsholofetso, le le rileng: “Ke tlaa tla ka fa motlheng o, mme Sara o tlaa bona ngwana wa mosimane.”

10 Mme ga se gone gotlhe; gonne bana ba ga Rebeka e ne e le ba monna a le mongwe fela e bong rraetsho Isake;

11 gonne e rile fa ba ise ba bonwe, le gone ba ise ba dire sepe se se molemo, le fa e le se se bosula, mme e le gore boikaelelo jwa Modimo jwa boitshenkelo bo tle bo eme, e seng ka ditiro, mme e le ka ene yo o bitsang,

12 Rebeka a rewa ga twe: “Yo mogolo o tlaa direla yo mmotlana.”

13 Fela jaaka go kwadilwe ga twe: “Ke ratile Jakobe, mme Esau ene ka mo ila.”

14 Jalo re tlaa reng? A go na le tshiamololo mo Modimong? A go ke go se tualo.

15 Gonne o reile Moše wa re: “Ke tlaa utlwela botlhoko yo ke mo utlwelang botlhoko, ke tlaa tlhomogela pelo yo ke mo tlhomogelang pelo.”

16 Jalo ga se ga yo o ikaelelang, le fa e le ga yo o sianang, fa e se ga Modimo o o utlwelang botlhoko.

17 Gonne lokwalo lo raya Faro lo re: “Ke go tsoseditse gone moo fela, gore ke tle ke supe nonofo ya me mo go wena, le gore leina la me le bolelwe mo lefatsheng lotlhe.”

18 Jalo o utlwela botlhoko yo o ratang go mo utlwela botlhoko, o kgwaralatse yo o ratang go mo kgwaralatsa.


Bogale le boitshwarelo jwa Modimo

19 Jalo o a bo o tlaa nthaya o re: “Mme o sa ntse o buelang ka ga molato? Gonne ke mang yo o ganelang le go rata ga one?”

20 Nnyaa, motho ke wena, o mang yo o fetolang Modimo? A selo se se bopilweng se ka raya yo o se bopileng sa re: “O ne o mpopelang jaana?”

21 Kgotsa a mmopi ga a na thata mo letsopeng, go bopa sejana se sengwe sa tlotlo, le se sengwe sa tlotlologo, e le ka letsopa le le lengwe fela?

22 Go ne go ka tweng, fa e rile Modimo o rata go supa bogale jwa one, le go utlwatsa nonofo ya one, wa iphapaanya ka bo pelotelele jo bogolo le dijana tsa kgalefelo, tse di etleegetseng tshenyego;

23 le gore o utlwatse botlalo jwa kgalalelo ya one ka dijana tsa kutlwelobotlhoko, tse o di baakanyeditseng kgalalelo gale,

24 e bong rona, ba o tswang go re bitsa, e seng mo Bajuteng ba le bosi, e leng le mo go Baditšhaba?

25 Jaaka o bua le mo go Hosea o re: “Ke tlaa bitsa bone batho ba me, ba e ne e se batho ba me; le ene moratwi yo e neng e se moratwi.”

26 Go tlaa dirala gore kwa ba reilweng teng ga twe: “Ga lo batho ba me, gone ba tlaa bidiwa bana ba Modimo o o tshedileng.”

27 Isaia o buela godimo ka ga Iseraele a re: “Le fa palo ya bana ba Iseraele e ntse jaaka mošawa wa lewatle, masalela ke one a tlaa bolokwang;

28 gonne Morena o tlaa dirafatsa lefoko la gagwe mo lefatsheng, a le wetsa, a le khutshwafatsa.”

29 Le jaaka Isaia a buile gale a re: “Fa Morena wa masomosomo a ka bo a se ka a re sadisetsa bangwenyana ba losika, re ka bo re tshwana le Sotoma, ra ba ra dirwa jaaka Gomora.”


Paulo o rapelela Iseraele

30 Jalo re tlaa reng? Ka re, Baditšhaba ba ba se kang ba latela tshiamo, ba bile ba fitlhile mo tshiamong, e bong tshiamo e e tswang mo tumelong;

31 Iseraele ene, e rile a latela molao mongwe wa tshiamo, a se ka a fitlha mo molaong oo.

32 Ana e ne e le ka ntlha yang? Ke ka ntlha ya gobo a se ka a go batla ka tumelo, mme ya bo e le e kete ka ditiro. Ba kgopilwe ke lentswe la kgopo;

33 fela jaaka go kwadilwe ga twe: “Bonang, ke baya mo Sione lentswe la kgopo, le lefika la kgopiso; mme yo o dumelang mo go ene ga a ketla a tlhabisiwa ditlhong.”

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan