Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Baroma 2 - BAEBELE e e Boitshepo


Katlholo ya Modimo ya tshiamo

1 Ke gone ka re, ga o na seipato motho ke wena, le fa o le mang yo o sekisang; gonne mo o sekisang yo mongwe ka gone, o a bo o itshekisa ka gone gonne wena yo o sekisang, o a bo o ntse o dira tsone dilo tseo fela.

2 Re a itse fa tshekiso ya Modimo mo go ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo e le ka fa boammaaruring.

3 Motho ke wena yo o sekisang ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo, tse le wena o di dirang, a o itlhoma gore o tlaa falola mo tshekisong ya Modimo?

4 Kgotsa a o nyatsa letlotlo la molemo, le la boiphapaanyo, le la bopelotelele jwa one, o sa itse fa molemo wa Modimo o go gogela kwa boikwatlhaong?

5 O re o le logwadi, o le pelo e e sa ikwatlhayeng, o ipeela bogale mo letsatsing la bogale le la tshenolo ya tshekiso e e siameng ya Modimo,

6 o o tlaa nayang mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe:

7 Ke gore, ba ba batlang kgalalelo, le tlotlo, le bosaboleng, ba le pelotelele mo go direng molemo, o ba neye botshelo jo bo sa khutleng.

8 Mo go ba ba ratang kgang, ba sa ineele mo boammaaruring, mme ba ineela mo tshiamololong, go tlaa nna bogale,

9 le tšhakgalo, le pitlagano, le tlalelo e e mahehe, e bong mo mothong mongwe le mongwe yo o dirang bosula; mo Mojuteng pele, le gone mo Mogerikeng.

10 A go nne kgalalelo le tlotlo mo mothong mongwe le mongwe yo o dirang molemo; mo Mojuteng pele, le gone mo Mogerikeng;

11 gonne mo Modimong ga go na go tlhokomela bomangmang jwa batho.

12 Gonne botlhe ba ba leofileng ba se na molao, le gone ba tlaa swa ba se na molao; mme botlhe ba ba leofileng ba le fa tlase ga molao, ba tlaa atlholwa ka molao.

13 Gonne bautlwi ba molao e be e se bone ba ba siameng fa pele ga Modimo, mme ba ba dirang molao ba tlaa siamisiwa.

14 Gonne e re fa Baditšhaba ba ba se nang molao ba dira dilo tsa molao ka temalo ya tlholego, bone bao, e re ka ba se na molao, go bo go le molao bone ka bosi;

15 ka ba supa tiro ya molao o o kwadilweng mo dipelong tsa bone; segakolodi sa bone le sone se supa nao, le megopolo ya bone, mo teng ga bone e ba neye molato, kgotsa e ba golole;

16 e bong mo tsatsing le Modimo o tlaa atlholang masaitsiweng a batho ka lone, ka Jesu Keresete, ka fa thutong ya me.


Bajuta le molao

17 Fa o reilwe leina la Mojuta, mme o ikaega molao, mme o belafala ka Modimo,

18 o itse go rata ga one, mme o leboga dilo tse di molemo, ka o rutilwe mo molaong;

19 o itlhomamisa fa le wena o le mogogi wa difofu, fa o le lesedi la ba ba mo lefifing,

20 le mokaedi wa dieleele, le moruti wa banyana, yo o reng ka o na le molao, o bo o na le setshwano sa kitso le sa boammaaruri;

21 ka re, wena yo o rutang yo mongwe, a o bile ga o ithute? Wena yo o rerang gore motho a se ka a utswa, a o bile o a utswa?

22 Wena yo o reng motho a se ka a dira boaka, a o bile o dira boaka? Wena yo o ferosiwang sebete ke medimo ya disetwa a o bile o thopa ditempele?

23 Wena yo o belafalang ka molao, a o bile o tlotlolola Modimo ka go tlola molao ga gago?

24 “Gonne leina la Modimo le tlhapadiwa ke Baditšhaba ka ntlha ya lona,” fela jaaka go kwadilwe.

25 Gonne le gale go rupa go na le thuso, fa o le modiri wa molao; mme fa o le motlodi wa molao, go rupa ga gago go fetogile bokgola.

26 Ke gone, fa yo o sa rupang a tshegetsa ditiro tsa molao, a bokgola jwa gagwe ga bo ketla bo kaiwa go rupa?

27 Bokgola jo bo leng jwa tlholego, fa bo dirafatsa molao, a ga bo ketla bo go sekisa, wena yo o reng le fa o na le lokwalo o bile o rupile, o bo o ntse o le motlodi wa molao fela?

28 Gonne yo o leng Mojuta ka bokafantle fela, e be e se ene; le go rupa mo go leng ka fa ntle, e bong mo nameng fela, e be e se gone.

29 Mojuta tota ke yo e leng ene mo teng; le go rupa ke ga pelo, mo go emeng mo moweng, e seng mo ditlhakeng tsa lokwalo; yo ke ene paki ya gagwe e sa tsweng mo bathong, mme e tswa mo Modimong.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan